Motlotlo wa Lelapa
Motlotlo wa Lelapa
Ke Eng se se Tlhaelang mo Setshwantshong Seno?
Bala Mareko 1:9-11. Jaanong leba setshwantsho. Ke dilo dife tse di tlhaelang? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e kafa tlase mme o bo o feleletsa setshwantsho ka go tsenya mebala le ka go torowa dilo tse di tlhaelang.
1. ․․․․․
2. ․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
Mabaka mangwe a a dirang gore Bakeresete ba kolobediwe ke afe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Mareko 8:34; 1 Petere 2:21; 3:21.
O akanya gore o tshwanetse go nna le dingwaga tse kae pele ga o kolobediwa? Ke eng fa o araba jalo?
O ITSE ENG KA MOAPOSETOLOI JUDASE ISEKARIOTA?
3. Judase o ne a na le tshiamelo efe e e kgethegileng e go sa tlhalosiweng fa ope wa baaposetoloi ba bangwe a ne a na le yone?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 13:29.
․․․․․
4. Judase o ne a ineela mo thaelong efe?
NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 12:6.
․․․․․
TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:
O akanya gore ke eng se se neng sa dira gore Judase a dire bokebekwa jwa gagwe? Ke leng mo o ka nnang wa lebana le thaelo e e tshwanang? Go akanya ka sekao sa ga Judase go ka go thusa jang gore o dire ditshwetso tse di siameng?
BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO
A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.
TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO
Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.
TSEBE 4 Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke eng? Mathaio 6:․․․
TSEBE 9 Rraarona yo o kwa legodimong o solofetsa gore ruri a ka se ka a dira eng ka gope? Bahebera 13:․․․
TSEBE 10 Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e le gore monna a dire eng? Mareko 10:․․․
TSEBE 29 Basadi ba ba godileng ba ka thusa basadi ba basha go dira eng? Tito 2:․․․
● Dikarabo di mo tsebeng ya 17
DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBENG YA 31
1. Johane Mokolobetsi.
2. Leeba.
3. O ne a tlhokometse letlole la madi.
4. O ne a batla madi mme o ne a a utswa.