Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke setse ke siametse go tswa mo gae?

A ke setse ke siametse go tswa mo gae?

Basha ba Botsa Jaana

A ke setse ke siametse go tswa mo gae?

“Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa e kete batho ba ntseela kwa tlase ka gonne ke na le dingwaga di le 19 mme ke sa ntse ke nna kwa gae, jaaka e kete ga nkitla ke nna mogolo go fitlha ke nna ke le nosi.”—Katie. *

“Ke tloga ke tshwara dingwaga tse 20 mme ga ke rate kgang ya go bo ke sa ntse ke nna mo gae ka gonne ga ke kgone go dira se ke se batlang. Ke akanya go tswa mo gae ka gonne ke lapisitswe ke go bo batsadi ba me ba itlhokomolosa dikeletso tsa me e bile ba nna ba mpolelela gore ba itse botoka.”—Fiona

LE E leng pele ga o ka siamela go tswa mo gae, o ka nna wa simolola go nna le keletso ya go batla go itirela dilo. Keletso eo e tlwaelegile. Gone mme, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e le gore basha ba gole mme kgabagare ba tlogele borraabone le bommaabone mme ba nne le malapa a bone. (Genesise 2:23, 24; Mareko 10:7, 8) Mme gone, a lebaka la go bo o eletsa go nna le kgololesego e e oketsegileng le bontsha gore ke nako ya gore o tswe mo gae? Gongwe. Mme o ka itse jang gore a o setse o siametse go tswa mo gae? Ela tlhoko dipotso tse tharo tsa botlhokwa tse o tlhokang go di araba. Ya ntlha ke . . .

Maitlhomo A me Ke Eng?

Go go thusa go tlhaloganya maitlhomo a go bo o batla go tswa mo gae, lebelela lenaane le le latelang. Rulaganya mabaka ano a go bo o batla go tsamaya go ya ka botlhokwa jwa one.

․․․ Go tshaba mathata kwa gae

․․․ Go batla kgololesego e e oketsegileng

․․․ Go batla gore ditsala tsa me di ntlotle

․․․ Go batla go thusa tsala e e tlhokang mongwe yo a ka nnang le ene

․․․ Go batla go ithaopela go direla kwa lefelong le sele

․․․ Go batla go nna le maitemogelo

․․․ Go batla go fokoletsa batsadi ba me mokgweleo wa tsa madi

․․․ A Mangwe ․․․․․

Tota ga se gore mabaka a a fa godimo fano ga a siama. Le fa go ntse jalo, maitlhomo a gago a go tswa mo gae a ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo goreng o tla itumela go le kana kang fa o setse o dule kwa gae. Ka sekai, fa e le gore o tswa mo gae ka gonne o tshaba mathata kgotsa o batla kgololesego e e oketsegileng, ruri o tla gakgamala!

Danielle, yo o neng a tswa mo gae ka lobakanyana fa a ne a le dingwaga di le 20, o ithutile go le gontsi mo go se se mo diragaletseng. O bolela jaana: “Rotlhe re tlhoka go tshela ka dithibelo tsa mofuta mongwe. Fa o nna o le nosi, thulaganyo ya gago ya tiro kgotsa go tlhoka madi go tla kgoreletsa se o ka kgonang go se dira.” Carmen, yo o neng a fudugela kwa moseja ka dikgwedi di le thataro, a re: “Ke ne ke itumelela se ke neng ke se itemogela mme gantsi ke ne ke se na nako ya go nna ke sa dire sepe! Ke ne ke tshwanetse go dira tiro e e tlwaelegileng ya mo gae—go phepafatsa folete, go baakanya dilo tse di senyegileng, go tlhagola mo tshingwaneng, go tlhatswa diaparo, go gotlha fa fatshe, jalo le jalo.”

Gone ke boammaaruri gore go tswa mo gae go ka nna ga go naya kgololesego e e oketsegileng e bile gongwe go ka dira gore ditsala tsa gago di go tlotle. Mme ke wena yo o tla bong o duela dikoloto, o apaya, o phepafatsa ntlo le go itlosa bodutu fa ditsala tsa gago le ba lelapa ba seyo. Ka jalo, o se ka wa letla ba bangwe ba go tlhotlheletsa go dira tshwetso ya lepotlapotla. (Diane 29:20) Tota le fa o na le mabaka a a utlwalang a go tswa mo gae, o tlhoka se se fetang go nna le maitlhomo a a molemo. O tlhoka go nna le bokgoni jwa go itlhokomela—seno se re tlisa mo potsong eno ya bobedi . . .

A ke Go Ipaakanyeditse?

Go tswa mo gae go tshwana le go haeka. A o ka ya go haeka o sa itse go tlhoma tente, go gotsa molelo, go apaya kgotsa go bala mmapa? Go ka se direge! Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba tswa mo gae ba na le bokgoni jo bonnye fela jo bo tlhokegang go ka tlhokomela lelapa.

Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Go go thusa go sekaseka gore a o siametse go tswa mo gae, sekaseka ditlhogo tse di latelang. Tshwaya ka go bapa le bokgoni jo o setseng o na le jone mme ka X go bapa le jo o tshwanetseng go lwela go nna le jone.

◯ Go dirisa madi sentle Serena wa dingwaga tse 19 a re: “Ga ke ise ke ko ke tlhoke go ituelela sepe ka bonna. Ke tshaba go tswa mo gae le go itirela lenaane la go dirisa madi.” O ka ithuta jang go dirisa madi sentle?

Seane sa Baebele sa re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.” (Diane 1:5) Ka jalo, ke eng fa o sa botse batsadi ba gago gore go ka tlhoka motho madi a a kana kang kgwedi le kgwedi go duela madi a ntlo kgotsa madi a o neng o a adimile go reka ntlo, go reka dijo le go tlhokomela koloi kgotsa go duela ditshenyegelo dingwe tsa sepalangwa? Go tswa foo, dira gore batsadi ba gago ba go thuse go ithuta gore o ka dira jang lenaane la go dirisa madi le go duela dikoloto. Ke eng fa go le botlhokwa go dira lenaane la go dirisa madi? Kevin wa dingwaga tse 20 o bolela jaana: “Fa o ya go nna o le nosi, go na le dilo tse dintsi tse o tshwanetseng go di duelela tse o neng o sa di rulaganyetsa. Fa o se kelotlhoko, o ka nna wa bereka o sa kgaotse e le gore o tle o duele dikoloto tseo.”

A o batla go lekeletsa gore seno se boammaaruri go le kana kang pele ga o fuduga? Fa e le gore o a bereka, ka lobakanyana, neela batsadi ba gago madi otlhe a ditshenyegelo tsa kgwedi le kgwedi a a ka rekang dijo, go duelela boroko le ditshenyegelo tse dingwe. Fa e le gore ga o kgone kgotsa ga o batle go ituelela ditshenyegelo o sa ntse o le mo gae, o tla bo o ise o ipaakanyetse sentle go ka nna o le nosi.—2 Bathesalonika 3:10, 12.

◯ Bokgoni jwa ditiro tsa lelapa Brian wa dingwaga tse 17 o bolela gore se a se tshabang thata ka go tswa mo gae ke gore o tla tshwanelwa ke go itlhatswetsa diaparo. O ka itse jang gore a o siametse go ka itlhokomela? Aron wa dingwaga tse 20 o akantsha jaana: “Leka go tshela jaaka e kete o nna o le nosi mo lobakeng lwa beke. Ja fela dijo tse o di apeileng, tse o di itheketseng le tse o di dueletseng ka madi a gago. Apara diaparo tse o di itlhatsweditseng le tse o di ikaenetseng. Iphepafaletse kamore ya gago. Mme leka go ya kwa o tlhokang go ya teng ka bowena kwantle ga gore batsadi ba gago ba go thuse ka sepalangwa.” Go latela kakantsho eo go tla go thusa ka dilo di le pedi: Go tla (1) dira gore o nne le bokgoni jo bo botlhokwa e bile (2) go tla oketsa kanaanelo ya gago ka se batsadi ba gago ba se go direlang.

◯ Go dirisana le ba bangwe sentle A o kgona go dirisana sentle le batsadi ba gago le bomogoloo le bomonnao? Fa go sa nna jalo, o ka nna wa akanya gore botshelo bo ka nna botoka fa o ka ya go nna le tsala ya gago. Go ka tswa go ntse jalo. Mme ela tlhoko se Eve wa dingwaga tse 18 a se bolelang: “Ditsala tsa me tse pedi di ne tsa ya go nna mmogo. E ne e le ditsala tse dikgolo pele ga ba nna mmogo mo foleteng mme ba ne ba sa kgone go tshedisana sentle. Yo mongwe o ne a le bothakga fa yo mongwe ene a le botlhaswa. Yo mongwe o ne a rata dilo tsa semoya mme yo mongwe o ne a sa di rate go le kalo. Ba ne ba sa utlwane gotlhelele!”

Erin wa dingwaga tse 18 o batla go tswa mo gae. Mme o sa ntse a re: “O ka kgona go ithuta mo gontsi ka go dirisana sentle le batho fa o sa ntse o nna mo gae. O ithuta kafa o ka rarabololang mathata ka teng le go ineela. Ke lemogile gore batho ba ba tswang mo gae go tila dikgotlhang le batsadi ba bone, ba ithuta go tshabela dikgotlhang go na le go di rarabolola.”

◯ Thulaganyo ya botho ya dilo tsa semoya Ba bangwe ba tswa mo gae ka ntlha ya go tshaba thulaganyo ya ka metlha ya bodumedi ya batsadi ba bone. Ba bangwe ba ikaelela go tswelela ba tshegeditse sentle thulaganyo ya botho ya thuto ya Baebele le ya kobamelo mme go ise go ye kae ba wela mo mekgweng e e sa siamang. O ka tila jang go “senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe”?—1 Timotheo 1:19.

O se ka wa amogela fela bodumedi jwa batsadi ba gago kwantle ga go akanya. Jehofa Modimo o batla gore rotlhe re iponele ka borona bosupi jwa dilo tse re di dumelang. (Baroma 12:1,  2) Ka jalo, itirele thulaganyo e e molemo ya thuto ya botho ya Baebele le ya kobamelo mme o e ngaparele. Ke eng fa o sa kwale thulaganyo ya gago ya dilo tsa semoya mo khalentareng mme o bone gore a o tla kgona go e latela mo lobakeng lwa kgwedi, batsadi ba gago ba sa go sale morago?

Sa bofelo, potso ya boraro e o tlhokang go e ela tlhoko ke . . .

Ke ya Kae?

Bangwe ba ba tswang mo gae, ba tshaba mathata, kgotsa ba batla go tswa kafa tlase ga taolo ya batsadi ba bone. Ba tlhoma mogopolo mo goreng ke eng fa ba tswa mo gae, e seng mo goreng ba ya kae. Mme mokgwa oo o tshwana fela le fa motho a leka go kgweetsa koloi a lebile kwa morago. Fa mokgweetsi a nna a lebile kwa a tswang teng, ga a kitla a bona se se kwa pele ga gagwe. Re ithuta eng mo go seno? Gore o atlege, o se ka wa tlhoma mogopolo fela mo goreng o batla go tswa mo gae—tlhoma matlho a gago mo mokgeleng o o botlhokwa.

Basha bangwe ba ba setseng ba godile sentle ba Basupi ba ga Jehofa, ba ile ba fuduga mo gae e le gore ba ye go rera kwa mafelong a a kwa thoko mo nageng ya bone kgotsa le e leng kwa moseja. Ba bangwe ba fudugile e le gore ba ye go thusa go aga mafelo a kobamelo kgotsa go ya go bereka kwa diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa. Mme ba bangwe bone ba sa ntse ba akanya gore ba tshwanetse go nna ba le nosi ka nakwana pele ga ba tsena mo lenyalong. *

Fa tlase fano, kwala mokgele o o ka ratang go o fitlhelela ka go tswa mo gae. ․․․․․

Go a kgonega, mo maemong mangwe, gore o nne kwa gae nako e telele mme o bo o sa gole sentle mo tlhaloganyong le go nna le bokgoni jo bo tlhokegang gore o nne o le nosi. Le fa go ntse jalo, o se ka wa itlhaganelela go dira tshwetso. Akanyetsa tshwetso ya gago ka kelotlhoko. Seane sa Baebele se bolela jaana: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo, mme mongwe le mongwe yo o mafega ruri o leba kwa letlhokong.” (Diane 21:5) Reetsa kgakololo ya batsadi ba gago. (Diane 23:22) Rapela ka kgang eo. Fa o ntse o akanyetsa kgang ya gago, ela tlhoko melaometheo ya Baebele e go sa tswang go tlotliwa ka yone.

Potso ya botlhokwa ga se gore A ke siametse go tswa mo gae? mme ke gore A ke siametse go ka tlhokomela lelapa la me? Fa e le gore o arabile potso ya bofelo ka ee, seo se ka raya gore o siametse go ka nna o le nosi.

O ka bona ditlhogo tse di oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 33 Mo ditsong tse dingwe, ke tlwaelo gore ngwana, segolobogolo wa mosetsana, a nne mo gae go fitlha a nyalwa. Baebele ga e na kgakololo e e tlhamaletseng malebana le kgang eno.

TSE O KA AKANYANG KA TSONE

● Le fa botshelo jwa lelapa la gaeno bo ka tswa bo le thata, go nna kwa gae ka lobakanyana go ka go solegela molemo jang?

● Fa o sa ntse o le kwa gae, ke eng se o ka se dirang se se ka solegelang ba lelapa la gaeno molemo mme sa go thusa go ipaakanyetsa go tlhokomela lelapa la gago?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 11]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Fa batsadi ba gago ba go naya maikarabelo—a a tshwanang le a o neng o ka nna le one fa o nna o le nosi—go nna mo gae e nna tsela e e molemo ya go ithuta go ka tshela o le nosi moragonyana.”

“Go tlwaelegile go batla go ikemela. Mme fa maitlhomo a gago a go tswa mo gae e le fela gore o tshaba go beelwa melao, seno tota se bontsha gore ga o ise o siamele go ka tswa mo gae.”

[Ditshwantsho]

Sarah

Aron

[Lebokoso mo go tsebe 13]

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

Serena, yo o umakilweng pelenyana, o tshaba go tswa mo gae. Lengwe la mabaka ke lefe? O bolela jaana: “Tota le fa ke batla go reka sengwe ka madi a me, Rre ga a ntetle go dira jalo. A re eo ke tiro ya gagwe. Ka jalo, kgang ya gore ke tshwanetse go ituelela dikoloto e a ntshosa.” Kwantle ga pelaelo, rraagwe Serena o batla go dira se se siameng mme gone, a o akanya gore o thusa ngwana wa gagwe go ipaakanyetsa go tlhokomela lelapa la gagwe?—Diane 31:10, 18, 27.

A o sireletsa bana ba gago ka tsela e e feteletseng mo e leng gore ga ba ise ba siamele go lebana le botshelo ba le nosi? O ka itse jang? Ela tlhoko dikarolo tse nnè tsa bokgoni tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong seno mme o di lebe go tswa mo letlhakoreng la motsadi.

Go dirisa madi sentle. A bana ba gago ba ba setseng ba godile ba itse go tlatsa dipampiri tsa lekgetho kgotsa ba itse gore ke eng se ba tshwanetseng go se dira go dumalana le melao ya lekgetho ya lefelo la lona? (Baroma 13:7) A ba itse go dirisa dikarata tsa sekoloto ka tsela e e bontshang gore ba na le maikarabelo? (Diane 22:7) A ba kgona go dira lenaane la kafa ba tla dirisang lotseno lwa bone sentle ka teng e bile ba kgotsofalela go tshela ka se ba nang le sone? (Luke 14:28-30) A ba kile ba utlwa boipelo jo bo nnang teng ka ntlha ya go nna le sengwe se ba se rekileng ka madi a ba a bereketseng? A ba nnile le boipelo jo bogolo le go feta ka ntlha ya go dirisa nako ya bone le dithoto tsa bone go direla ba bangwe?—Ditiro 20:35.

Bokgoni jwa ditiro tsa lelapa. A bana ba gago ba basetsana le ba basimane ba itse go apaya? A o ba rutile go tlhatswa le go aena diaparo? Fa e le gore ba kgona go kgweetsa koloi, a ba kgona go baakanya dilo dingwe tse di motlhofo mo go yone, tse di jaaka go tsenya fiuse e ntšha, go tshela oli e ntšha kgotsa go fetola leotwana fa le fedile mowa?

Go dirisana le ba bangwe sentle. Fa bana ba gago ba ba setseng ba godile ba nna le dikgotlhang, a ka metlha o nna motsereganyi wa bone, o leka go ba patelela go rarabolola bothata ka tsela ya gago? Kgotsa a o ba rutile go buisana le go rarabolola bothata ka kagiso mme morago ba go begele gore ba bo rarabolotse jang?—Mathaio 5:23-25.

Thulaganyo ya botho ya dilo tsa semoya. A o bolelela bana ba gago gore ba tshwanetse go dumela eng kgotsa a o dira gore ba tlhatswege pelo? (2 Timotheo 3:14, 15) Go na le gore ka metlha o arabe dipotso tse ba di botsang ka ga bodumedi le boitshwaro, a o ba ruta gore ba nne le “bokgoni jwa go akanya” le go ‘thapisa bokgoni jwa bone jwa go lemoga gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang’? (Diane 1:4; Bahebera 5:14) A o ka rata gore ba latele sekao sa gago sa thuto ya botho ya Baebele kgotsa a o ka rata gore ba dire sengwe se se botoka?

Kwantle ga pelaelo, go thapisa bana ba gago mo dikarolong tse di fa godimo go tlhoka nako le maiteko a magolo. Mme go tla nna le matswela a a molemo fa go goroga letsatsi le le itumedisang e bile e le le le utlwisang botlhoko la gore ba tswe mo gae.

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Go tswa mo gae go tshwana le go haeka—o tshwanetse go ithuta ditsela tsa go kgona go itirela dilo pele ga o tsaya loeto