Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlang lo Kopane le Di-chimpanzee mo Sekgweng

Tlang lo Kopane le Di-chimpanzee mo Sekgweng

Tlang lo Kopane le Di-chimpanzee mo Sekgweng

FA RE ntse re tsamaya mo tselaneng e tshesane mo sekgweng sa boboatsatsi kwa Afrika gaufi le ekhweitha, ka bonya matlho a rona a ne a tlwaela go benyabenya ga lesedi le le tsenang mo sekgweng se se kitlaneng sa matlhare le makala. Modumo o o sa utlwaleng sentle wa dinyetse tse di lelang le ditlhare tse dikgolo tse di nang le morara—dingwe tsa tsone di le bogodimo jwa dimetara tse di fetang 55—di a re gakgamatsa e bile di dira gore re solofele mo gontsi. Re ikutlwa re tshwanetse go tsamaya ka tshisibalo mo lefelong le le didimetseng leno mme re nne re ntshitse matlho dinameng. Re sa lebelela, re utlwa modumo o o kwa godimo wa hoo, le go hemela ka bonako kwa godimo. Medumo eno e a oketsega go fitlhela e fitlha mo setlhoeng se se kwa godimo thata se se re thibanyang ditsebe pele ga o fela ka tshoganyetso. Mosepele wa rona o o lapisang o ne wa dira gore re fitlhe mo nakong e e itumedisang e re neng re e lebeletse—re bone setlhopha sa di-chimpanzee.

Kgaruru e e tshwanang le eno—e e ka akaretsang go poroma, go goa mme ka dinako tse dingwe go itayakaka dikutu tsa ditlhare—ke ditsela tse di-chimpanzee di buisanang ka teng, kgotsa di tsibosang tse dingwe go ikgolaganya le tsone ka teng. Go bonala difeiye tse dintsi tse di monate tse di buduleng e le tsone tse di dirang gore di-chimpanzee tseno di batle go ikgolaganya le tse dingwe. Fa re lebelela kwa godimo mo setlhareng sa difeiye, re kgona go bona setlhopha se segolo sa diphologolo tseno, di ka tswa di le 20 kgotsa 30, di ijela difeiye ka kagiso. Boboa jwa tsone jo bontsho bo phatsima bontle mo leseding la letsatsi. Nngwe ya di-chimpanzee tseno e simolola go re ngata ka dikalana, mme go ise go ye kae, di re tlhasela ka dikalana tse dintsi—ke tsela e di supang sentle gore ga di batle go ja dijo tsa tsone le rona.

Nako e e siameng sentle ya go bona di-chimpanzee ke fa maungo ano a le mantsi. Ka dinako tse dingwe, go boima thata, ka gonne di ka nna tsa bo di phatlaletse fa tlase mo ditlhareng ka ditlhopha tse dinnye di le mmalwa fela. Di-chimpanzee tse di mo sekgweng gantsi di rata go ja letsatsi lotlhe fa di ntse di ralala dikgala tse dikgolo tsa disekweremetara. Kwantle ga maungo, dijo tsa tsone di akaretsa matlhare, dipeo le dikutu tsa ditlhare. Di ja gape le ditshoswane, mae a dinonyane le motlhwa. Ka sewelo di ka nna tsa tsoma le go bolaya diphologolo tse dinnye go akaretsa le dikgabo.

E re ka nako ya sethoboloko e setse e atamela, di-chimpanzee di utlwa ditlamorago tsa go tlhatloga ga dithemperetšha. Nngwe ya tsone e simolola go fologa mo setlhareng, mme go ise go ye kae tse dingwe le tsone di a e latela. Go tswa foo, ka bongwe ka bongwe di tsena mo sekgweng se se kitlaneng. Chimpanzee e nnye e tonanyana e e tshwenyang e a fapoga ka go nna e akgega go tswa mo kaleng e nngwe go ya go e nngwe gore e tle e re bone sentle. Fa re ntse re lebile sebopiwa se sennye seno se se ratang go tshameka e bile se ntse se re okomela, go ne ga dira gore re nne le monyenyo o mogolo mo difatlhegong tsa rona.

Mekgwa ya Tsone e e Kgatlhang

Fa re ntse re boela morago ka tselana e re tlileng ka yone, mongwe mo setlhopheng sa rona a re: “Lebang kafa morago ga lona.” Fa re leba kwa morago, re bona chimpanzee e re okometse ka kelotlhoko go tswa mo morago ga kutu ya setlhare. E ema ka maoto a mabedi mme e bogodimo jwa mo e ka nnang metara. Fa re e leba, tlhogo ya yone e boela kafa morago ga setlhare mme e bo e boa e re okomela gape morago ga nakwana. A bo e le go batla go itse go go kgatlhang jang ne! Ebu, di-chimpanzee di kgona go ema ka maoto a le mabedi mme e bile di kgona go tsamaya jalo sekgala se sekhutshwane. Le fa go ntse jalo, gantsi di dirisa maoto a tsone a le manè go tshegetsa boima jwa mmele wa tsone. Mokokotlo wa chimpanzee ga o obege kwa tlase jaaka wa rona batho o o re thusang go nna re tlhamaletse. Gape, mesifa ya kwa morago e e bokoa, mmogo le matsogo a yone a maleele thata le a a nonofileng go feta maoto, a dira gore go tsamaya ka maoto a le manè, kgotsa go palama le go akgega mo ditlhareng, go tsamaisane le kafa chimpanzee e bopegileng ka teng.

Fa di-chimpanzee di batla go fitlhelela maungo a a tlhogang mo dikaleng tse di tshesane tse di sa kgoneng go emelana le boima jwa mmele wa tsone, matsogo a tsone a a maleele a di thusa thata. Matsogo le maoto a tsone a bopegile sentle gore di kgone go tlamparela le go itshwarelela mo dikaleng. Menwana e megolo ya maoto e lebile kwa matlhakoreng mme e dira jaaka kgonojwe go thusa phologolo eno gore e palame ditlhare kgotsa le e leng go tshwara le go rwala dilwana motlhofo ka maoto jaaka e kete e dirisa matsogo. Bokgoni jono bo a thusa fa e le nako ya go dira lefelo le di ka robalang mo go lone maitseboa. Morago ga metsotso e sekaenyana ya go oba le go pitikolola matlhare le dikala, di-chimpanzee di tla bo di na le lefelo le le matobetobe la go robala bosigo.

Go lebelela le go ithuta ka di-chimpanzee mo sekgweng, le go ithuta ka mekgwa ya tsone e e kgatlhang le kafa di tshwanang le batho ka teng ka popego le boitshwaro, ruri go dira gore di kgatlhe. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba kgatlhegela di-chimpanzee fela ka ntlha ya mabaka a ditekeletso tsa go tshegetsa kgopolo e ba nang le yone ya gore di amana le batho go ya ka thuto ya gore ditshedi di iphetogela go nna tse dingwe. Ka jalo, go ka tsoga dipotso tse di jaaka tseno: Ke eng se tota se dirang gore batho le di-chimpanzee ba farologane thata jaana? Ke ka tsela efe e batho ba ba dirilweng mo “setshwanong sa Modimo” ba farologaneng le diphologolo ka yone?—Genesise 1:27.

Boitemogelo Jo bo Sa Lebalesegeng

Kwa sekgweng, go thata go bona di-chimpanzee, mme gantsi di nyelela ka tidimalo ka bonako fela fa di bona batho. Le fa go ntse jalo, go di sireletsa le go di tlhokomela, ditlhopha dingwe tsa di-chimpanzee di ile tsa tlwaediwa go bona batho.

Loeto lwa rona lo lo khutshwane mo legaeng la kwa sekgweng la di-chimpanzee, e nnile boitemogelo jo bo sa lebalesegeng. Lo ile lwa re thusa gore bobotlana re tlhaloganye gore tota di-chimpanzee di ntse jang—di farologane thata le tse di kwa dizuu kgotsa tse di kwa dilaboratoring. Ke diphologolo tse di kgatlhang tota mme di akarediwa gare ga ‘diphologolo tse di tsamayang le dibatana tsa naga tsa lefatshe’ tse Modimo a boneng fa di bopilwe sentle—ka tsela e e molemo go nna mo tikologong e di diretsweng go nna mo go yone.—Genesise 1:24, 25.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

DI-CHIMPANZEE LE BATHO

Mo bukeng ya gagwe ya In the Shadow of Man moithutadiphologolo e bong Dr. Jane Goodall o kwala gore go ya ka se a se etseng tlhoko ka bo1960 malebana le go “dira dithulusu” ga di-chimpanzee “go ile ga tlhatswa baitsesaense ba le mmalwa pelo gore go botlhokwa go tlhalosa motho ka tsela e e botoka go na le ka fa ba neng ba dirile ka teng mo nakong e e fetileng.” Go bona di-chimpanzee di dirisa matlhare e le sepontšhe, di dirisa maje kgotsa dikala go thuba manoko le go tlosa matlhare mo dikaleng pele ga di tsenya dikala tseo mo seolong go batla motlhwa, go ne go gakgamatsa tota. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana go setse go itsege thata gore diphologolo di le dintsi di supa bokgoni jo bo gakgamatsang jwa go dira dithulusu. Dr. T. X. Barber, mokwadi wa buka ya The Human Nature of Birds—A Scientific Discovery With Startling Implications o bolela jaana: “Diphologolo tsotlhe tse go ileng ga dirwa dipatlisiso thata ka tsone, e seng dikgabo le didolofine fela mme gape le ditshoswane le dinotshe, di bontshitse temogo le botlhale jo bo sa lebelelwang.”

Seno ga se fetole ka gope kgang ya gore batho ba tlhomologile. Jaaka porofesa David Premack a bolela, “thutapuo kgotsa popego ya mafoko a puo ya batho e tlhomologile tota.” Ee ruri, tsela e puo ya batho e raraaneng ka teng le kafa setso sa batho se nang le dilo tse di kgatlhang thata ka teng, mme e bile puo e le selo se se botlhokwa thata, go dira gore re farologane tota le diphologolo.

Morago ga dingwaga di le dintsi tsa go ithuta ka di-chimpanzee kwa sekgweng, Jane Goodall o ne a kwala jaana: “Ga ke kgone go akanya ka di-chimpanzee di bontshana maikutlo a a jaaka lorato, go sireletsana, go itshokelana le go kgotsofala, ka tsela e batho ba kgonang go bontsha dinonofo tsa lorato ka yone.” Mme gape o ne a kwala jaana: “Tsela e batho ba itlhaloganyang ka yone ga se kgang fela ya go lemoga mebele ya bone fela jaaka diphologolo di dira. Batho ba batla ditlhaloso tsa masaitseweng a go nna gone ga bone le dilo tse di gakgamatsang tse di mo lefatsheng le le ba dikologileng le ka legodimo le le kwa godimo ga bone.”

Baebele e tlhalosa pharologano e e fa gare ga diphologolo le batho ka go bolela gore motho o dirilwe mo “setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27) Ka jalo, go farologana le diphologolo, batho ba kgona go bontsha dinonofo tsa Mmopi wa bone, tse gareng ga tsone lorato e leng nngwe ya dinonofo tse di botlhokwa thata. Gape batho ba kgona go amogela kitso e ntsi le go dirisa botlhale ka tsela e e fetang phologolo le fa e le epe fela. Mo godimo ga moo, motho o dirilwe ka tsela ya gore a kgone go itlhophela, a sa laolwe fela ke boikutlo jwa tlholego.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Di-chimpanzee di rata go tshameka mme e bile ke dibopiwa tse di batlang go itse tse di bopilweng ka tsela e e tshwanelang tikologo ya tsone sentle

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Chimpanzees, top right: Corbis/​Punchstock/​Getty Images; lower left and right: SuperStock RF/​SuperStock; Jane Goodall: © Martin Engelmann/​age fotostock

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

© Photononstop/SuperStock