Ditlhaketlhake Tsa Faeroe—Di Golagantswe ka Tsela e e Tlhomologileng
Ditlhaketlhake Tsa Faeroe—Di Golagantswe ka Tsela e e Tlhomologileng
DITLHAKETLHAKE tsa Faeroe, ke setlhotswana se sennye sa ditlhaketlhake di le 18 mo metsing a a sa iketlang a North Atlantic, mme mo go tsona go na le batho ba ba buang Se-Faeroe. Mo ditlhaketlhakeng tseno tse dintle, dithaba tse di kwa godimo tse di makgawekgawe di wela ka tsela e e gakgamatsang go ela kwa lewatleng. Gaufi le lewatle, go na le metsana e e nang le matlo a a pentilweng ka mebala e mentsi. Fa go le selemo, ditlhoa tsa dithaba tse di apesitsweng ka bojang di nna botala jo bontle thata.
Le fa gone baagi ba ditlhaketlhake tseno ba le 48 000, go nna mmogo jaaka setšhaba go ne go se motlhofo jalo ka metlha. Pele, mekoro e ne e dirisediwa go rwala batho le dilwana go tswa mo setlhaketlhakeng se sengwe go ya go se sengwe. Batho ba ne ba tsamaya ka maoto ba ya kwa metsaneng e mengwe ba ralala dithaba tse di kwa godimo le megogoro e e boteng. E ne e le kgwetlho tota go aga ntlo e re ka dilo tsotlhe tsa go aga di ne di tshwanetse go tla ka mekoro. Dilo tsa go aga di ne di tshwanetse go rwalwa go tswa kwa boemakepeng jo bonnye go ya kwa motsaneng mongwe pele ga tiro ya go aga e ka simolola.
Baagi ba Ntlhantlha
Dipego tsa bogologolo tsa kwa ditlhaketlhakeng tsa Faeroe di ne tsa kwalwa ke moitlami mongwe wa kwa Ireland mo e ka nnang ka 825 C.E. O ne a anela gore go ne go na le baitlami ba kwa Ireland ba ba neng ba nna ba le nosi kwa ditlhaketlhakeng tseno ka dingwaga di le makgolo pele ga gagwe. Le fa go ntse jalo, go begiwa gore metse e ne ya simolola go nna teng mo ditlhaketlhakeng tseno mo masimologong a lekgolo la borobongwe la dingwaga fa Grímur Kamban a ne a goroga a tswa kwa Norway.
Le fa gone baagi ba ntlhantlha ba ne ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi, batswakwa bone ba ne ba simolola go rua dinku. Ka Se-Faeroe leina Føroyar (Ditlhaketlhake tsa Faeroe) le raya “Ditlhaketlhake Tsa Dinku,” mme go rua dinku go sa ntse go le botlhokwa. Boboa bo ne bo thusa go sireletsa batho mo diphefong, mo puleng le mo serameng. Tota e bile, go ne go a tle go twe ‘boboa ke gauta ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Faeroe.’
Tota le gompieno, go na le dinku tse dintsi tse di nnang kwa ditlhaketlhakeng tseno go feta batho. Dinku di tlhabiwa ka tsela ya setso mme nama e pegiwa gore e ome mo teng ga mathuding a phefo e kgonang go feta sentle mo maboteng. Seno se dira gore nama e nne le moutlwalo o o monate, o o dirang gore e nne sengwe se se ratiwang thata.
Jaaka go ka lebelelwa ka setlhopha sa batho se sennye se se nnang mmogo, Ba-Faeroe ba ikutlwa ba na le kamano e e nonofileng e e nang teng fa gare ga batho ba ba ikaegileng ka ba bangwe go tshela. Mme boikutlo joo bo sa ntse bo le teng gompieno, e re ka mekgwa ya go eta le ya go buisana e dirile gore go ikgolaganya le batho ba bangwe ba ba nnang mo ditlhaketlhakeng go nne motlhofo.
Go Golaganngwa ka Dithanele
Thanele ya ntlha kwa ditlhaketlhakeng tsa Faeroe e ne ya bulwa ka 1963. E ne ya epiwa mo thabeng kwa setlhaketlhakeng se se kwa borwa jo bo kgakala jwa Suðuroy, kwa e golaganang le metsana e mebedi gone. Go dirwa ga thanele go go neng go akaretsa go epa thata, go bora le go thuntsha ka taenamaete, go ne ga dirwa ka nako e e tshwanang go tswa mo matlhakoreng oomabedi a thaba.
Thanele e e dirilweng bosheng jaana e fetisa dipalangwa dimetara tse di ka nnang 150 go ya kwa tlase ga lewatle mme e golagana le ditlhaketlhake di le pedi tse dikgolo. Go e epa, go ne ga dirisiwa boro ya boleele jwa dimetara di le tlhano go bora lefika. Go tswa foo go ne ga tsenngwa taenamaete kwa bofelong jwa khuti mme ya bo e tshubiwa. Fa taenamaete e sena go thunya, go ne ga ntshiwa mafika le matlapa a magolo, go bula karolo ya thanele e e boleele jwa dimetara di le tlhano. Seno se ne sa boelediwa go fitlha thanele e fitlhelela boleele jwa dikilometara tse di ka nnang thataro. E ne ya bulwa gore go fetiwe mo go yone ka April 29, 2006.
Gone jaanong ditlhaketlhake tsa Faeroe di na le dithanele di le 18, mme tse pedi tsa tsone di kafa tlase ga lewatle mme di golaganya ditlhaketlhake. Ga go na naga epe e nngwe mo lefatsheng e e nang le dithanele tse di nang le dikilometara tse di fetang palo ya baagi. Le fa go ntse jalo, go rulaganngwa gore go dirwe dithanele tse dingwe. Palamente e sweditse gore go agiwe tse dingwe tse pedi fa gare ga ditlhaketlhake tse dikgolo. Nngwe ya tsone, e go lebeletsweng gore e wediwe ka 2012, e tla bo e le boleele jwa dikilometara di le 11,9 mme e tla nna thanele e telele go gaisa mo lefatsheng e e kafa tlase ga metsi.
Kamano e Nngwe e e Tlhomologileng
Ditlhaketlhake tsa Faeroe di na le setlhopha sengwe sa batho ba ba seoposengwe ka ntlha ya kamano ya mofuta o mongwe—kamano ya semoya e e nonofileng e e leng fa gare ga Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba ntlha ba ba ileng ba etela ditlhaketlhake tseno—basadi ba babedi ba ba neng ba goroga go tswa kwa Denmark ka 1935—ka paka ya selemo, ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba tsamaisa molaetsa wa Baebele ka ga Bogosi jwa Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, baagi bangwe ba ditlhaketlhake ba ne ba amogela molaetsa o o kgothatsang mme le bone ba nna le seabe mo go o rereng.—Mathaio 24:14.
Gompieno, go na le Basupi ba ba ka nnang lekgolo ba ba kopanelang mmogo mo dipokanong tsa bone mo Diholong tsa Bogosi tse nnè tse di leng mo ditlhaketlhakeng tseno. Ba dira bodiredi jwa bone ka tlhoafalo mme ba thusiwa ke ditsela tse di siameng le dithanele tse di golaganyang ditlhaketlhake tseno tse dintle tse di mo metsing a a sa iketlang a North Atlantic.
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Thanele eno e fetisa dipalangwa dimetara tse di ka nnang 150 kafa tlase ga lewatle mme e golaganya ditlhaketlhake tse pedi tse dikgolo