Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
“Batho ba ba sa gogeng motsoko, ba matlhagatlhaga, ba nwa bojalwa ka tekatekano, mme ba ja bobotlana maungo kgotsa merogo e le metlhano ka letsatsi, ba tshela palogare ya dingwaga di le 14 tse di oketsegileng, go na le batho ba ba sa direng dilo tseno.” Tshwetso eno e theilwe mo patlisisong ya dingwaga di le 11 e e dirilweng mo bathong ba le 20 000.—UC BERKELEY WELLNESS LETTER, U.S.A.
“Go bala ke tsela e e molemolemo ya go iketla . . . . Tota le metsotso e le merataro e lekane go fokotsa go ngomoga pelo ka diperesente tse di fetang peditharong.”—INDIA TODAY INTERNATIONAL, INDIA.
“Ditshamekisi” Tse di Latlhilweng
Lokwalodikgang lwa The New York Times lo bolela jaana ka seemo se se kwa United States: “Maemo a a sa itumediseng a ikonomi a dirile gore go nne le mekoa ya mekoro e e latlhilweng.” Beng ba yone ba ntsha maina mo go yone ka go e gotlha, ba ntsha dinomoro tse e kwadisitsweng ka tsone mme morago ga foo, ba bo ba latlha mekoro ya bone kgotsa ba e nwetsa, ka dinako tse dingwe ba dira jalo ka maikaelelo a go bona madi a inshorense. Ke ka ntlha yang fa seno se direga? Lokwalodikgang lwa Times lo lo bitsang mekoro eno e re ke ditshamekisi tse go leng thata go di tlhokomela tse di sa tlholeng di kgatlha lwa re: “Bangwe . . . ba na le mathata a a tshwanang le a beng ba matlo: ba tshwanetse go duela madi a mantsi mo dilong tse di felelwang ke boleng, mme ba bo ba swetsa gore ba ka se tswelele pele ka go duela.” Lokwalodikgang lono lo tlhalosa jaana: “Beng ba yone ba ka se kgone go e rekisa, ka gonne mebaraka e e rekang dilo tse di setseng di dirisitswe e tletse. Ba ka se kgone go senya didolara tse dintsintsi ka kgwedi ba duelela madi a rente ya yone le go e tlhokomela. Mme ga ba na didolara tse dintsi tse di tlhokegang gore ba e rekise ka tsela e e siameng.”
Tebego ya Bana ba ba Iseng ba ye Sekolong
Lokwalodikgang lwa Sunday Telegraph lwa kwa Sydney lo bega gore, bana ba babotlana ba ba ka nnang dingwaga di le nnè ba “leka go fetola kafa ba lebegang ka teng gore ba nne le mmele e setšhaba se tsayang gore ke e e tshwanelang.” Patlisiso nngwe e e neng e dirwa malebana le mekgwa ya go ja le ya go ikatisa e fitlhetse gore basetsana mmogo le basimane ba tshwenyegile ka bogolo jwa mebele ya bone—basetsana ka gore ba fokotse mmele mme basimane bone gore ba nne le mesifa e e nonofileng. Basimolodi ba patlisiso eno ba ne ba bolela jaana: “Go bonala bana ba akanya ka mebele ya bone ka tsela e bommaabone ba akanyang ka yone, [ba] gantsi ba sa kgotsofaleleng mebele ya bone.”
Bana ba ba Rekang ka Internet
Lokwalodikgang lwa kwa Lontone lwa The Daily Telegraph lo bega jaana: “Nngwetlhanong ya bana ba [kwa United Kingdom] ba reka ka Internet kwantle ga tetla ya batsadi ba bone mme halofo ya bone e dirisa dikarata tsa sekoloto tsa batsadi ba bone.” Bana ba le bantsi ba itse mafelo a a mo Internet le dikhoute tse batsadi ba bone ba di dirisang fa ba reka ka Internet—e leng selo se se dirang gore ba kgone go dirisa dinomoro tsa batsadi ba bone tsa dikarata tsa sekoloto. Batsadi ba le bantsi ga ba akanye gore bana ba bone ba ka reka ba dirisa Internet kwantle ga tetla ya bone. Pego eo e bolela gore, go na le pharologanyo “e kgolo thata” fa gare ga se batsadi ba akanyang gore bana ba bone ba a se itse le se bana ba se itseng tota. Gareng ga dilo tse dingwe, boitshwaro jono bo tsenya batsadi mo kotsing ya gore ba direlwe boferefere. Kgakololo mo batsading ba ba rekang ka Internet ke eno: “Tilang go boloka tshedimosetso ya dikarata tsa lona tsa sekoloto le tsa diakhaonto mo Internet,” dirisang fela mafelo a a mo Internet a a ka ikanngwang mme “tswala lefelo leo mo Internet fa o sena go le dirisa.”