Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baindia ba Kwa Brazil—A ba Tla Nyelediwa?

Baindia ba Kwa Brazil—A ba Tla Nyelediwa?

Baindia ba Kwa Brazil—A ba Tla Nyelediwa?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BRAZIL

XINGU NATIONAL PARK e mo toropong ya Mato Grosso mo Brazil. E bogolo jwa disekwerekilometara tse di ka nnang 27 000—e leng kgaolo e e lekanang le naga ya Belgium. Go nna Baindia ba ba ka nnang 3 600 ba ba tswang mo ditsong tse 14 mme paraka eno e tshwana le setlhaketlhake se se talafetseng ka dimela se e reng o se leba mo ditshwantshong tsa satalaete se bo se lebega jaaka “tafole e kgolo e go tshamekelwang snooker mo go yone.” Dikgwa tse di dikologileng paraka eno di ka tswa di tshubilwe ka molelo gore bagwebi ba logong ba tle ba kgone go tsweletsa pele kgwebo ya bone kgotsa go ka direga gore tse dingwe tsone di dirilwe lefelo le motlhape o mogolo wa dikgomo o fulang mo go lone.

Ka 1960, puso ya Brazil e ne ya simolola go beela Baindia dikarolo tse di rileng tsa lefatshe. Bontsi jwa bone ba ne ba isiwa kwa kgaolong ya Amazon, mme dikarolo tse ba di abetsweng di dira diperesente tse 12 tsa naga ya Brazil. Go abelwa gono dikarolo go bakile diphetogo tse dikgolo tse di neng di sa lebelelwa: Palo ya Baindia kwa Brazil e a gola—e le lekgetlho la ntlha mo dingwageng tse 500 tse di fetileng! Go akanngwa gore e fitlha go baagi ba le dikete di le makgolo a mararo. Le fa go ntse jalo, eo ke karolo e nnye fela ya Baindia ba ba neng ba le teng ka 1500, palo e go fopholediwang gore e ne e le fa gare ga dimilione di le pedi le di le thataro.

Mo dingwageng tse 500 tse di fetileng, mokwadi mongwe o ne a kwala jaana: “Go nnile le masetlapelo a magolo malebana le go fokotsega ka lobelo lo lo boitshegang ga palo ya baagi.” Ke eng se se bakileng go fokotsega go gogolo jaana mo setšhabeng sa Baindia? A kgolo e e nnileng teng mo dingwageng tsa bosheng jaana e bontsha gore Baindia ga ba tlhole ba le mo kotsing ya go ka nyelela?

Kafa Bokolone bo Simologileng ka Teng

Mo dingwageng tsa ntlha tse 30 morago ga gore Portugal e gape Brazil ka 1500, ba ne ba kgatlhegela go e dira kolone ya bone ka ntlha ya logong lwa brazil—logong lo lo thata lo go neng go dirwa sefetolammala se sehibidu ka lone. Brazil e reeletswe ka logong lono. Logong lono lo ne lo tsewa e le lwa maemo a a kwa godimo kwa Yuropa, mme Bayuropa ba ne ba ananya dilwana tsa bone tsa boleng jo bo kwa tlase gore ba newe logong lono.

Le fa go ntse jalo, go ne ga lemogiwa ka bonako gore lotlhaka lwa sukiri lo gola sentle mo tlelaemeteng ya Brazil. Mme go ne go na le bothata bongwe. Go lengwa ga sukiri go ne go tlhoka badiri ba bantsi. Tiro ya bokgoba e ne ya simolola go oketsega. Mme masetlelara a Bapotokisi ga a ka a batlela badiri kgakala! Ba ne ba dirisa Baindia ba lefelo leo go dira tiro eno.

Bokgoba bo Simologile Jang?

Baindia ba ne ba tlwaetse go ijalela fela dijo tse di tla ba lekanang. Banna ba ne ba tsoma le go tshwara ditlhapi. Ba ne gape ba dira le tiro e e boima ya go bula sekgwa ka go rema ditlhare. Basadi bone ba ne ba jala, ba roba dijalo le go apaya dijo. Barutegi ba Bayuropa ba ne ba akgola Baindia ka go bo ba lebega e le batho ba ba sa kgathaleleng khumo e bile ba se bogagaru. Ka fa letlhakoreng le lengwe, masetlelara a mantsi a ne a tsaya Baindia e le batho ba ba ditshwakga tota.

Baindia ba ba botsalano ba ne ba kopiwa gore ba atamele gaufi le bothibelelo jwa Bapotokisi gore ba thuse Bapotokisi ka tiro le gore ba ba sireletse. Ba-Jesuit le ditlhopha dingwe tsa bodumedi ba ne ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo goreng Baindia ba atamele gaufi le Bapotokisi. Ba ne ba sa lemoge gore go kopana jalo go tla nna le diphelelo tse di sa itumediseng mo Baindieng. Le fa Baindia ba ne ba tlhomamiseditswe ka molao gore lefatshe la bone ga le ne le tsewa le gore ba tla nna le kgololesego, boammaaruri ke gore Baindia ba ne ba patelediwa go nna makgoba a masetlelara ano a Bapotokisi. E ne e le ka sewelo ba duelwang le go letliwa gore ba itemele lefatshe la bone.

Maiteko a puso ya bobusaesi jwa Portugal a go fedisa bokgoba ga a ka a atlega thata. Gantsi masetlelara ano a ne a kgona go tila melao e e thibelang bokgoba. Gantsi tota, Baindia ba ba neng ba tsewa e le baba, go ne go tsewa go siame fela go ba dira makgoba kgotsa go ba rekisa jaaka makgoba a a thopilweng mo go se go tweng ke “ntwa ya tshiamo.” Baindia ba ba gapilweng ke merafe e mengwe ba ne gape ba ka rekiwa, kgotsa “ba rekololwa,” ba bo ba dirwa makgoba.

Kwa bofelong, madirelo a sukiri e ne e le one a dirang gore kolone eno e nne lefelo le le ratiwang thata. Mme madirelo ano a sukiri a dinako tseo a ne a ikaegile ka tiro ya makgoba. Ka gone, Puso ya Portugal gangwe le gape e ne e patelesega go amogela bokgoba ka ntlha ya lotseno le le neng le le gone mo kgwebong eno.

Ntwa ya Dikolone—Portugal Kgatlhanong le Fora le Holland

Baindia e ne e le bone batswasetlhabelo ba bagolo mo ntweng eno ya dinaga tse di nang le dikolone. Bafora le Ba-Dutch ba ne ba batla go tsaya Brazil mo go Portugal. Ba ne ba gaisana le Bapotokisi gore Baindia ba ba tshegetse. Baindia ba ne ba sa lemoge gore tota maikaelelo a dikgotlhang tseno tsa mebuso ya dinaga di sele e ne e le go gapa lefatshe la bone. Go na le moo, ba ne ba tsaya seno e le tshono ya go ipusolosetsa mo babeng ba bone—e leng merafe e mengwe ya Baindia—ka jalo ba ne ba tsenelela dikgotlhang tseno tsa mebuso ya dinaga di sele.

Ka sekai, ka November 10, 1555, Nicholas de Villegaignon monna wa motlotlegi wa kwa Fora, o ne a goroga mo Guanabara Bay (e jaanong e bidiwang Rio de Janeiro) mme a aga kago ya boiphemelo. O ne a ikgolaganya le morafe wa lefelo leo wa Baindia wa Ba-Tamoio. Bapotokisi bone ba ne ba tla le Baindia ba Ba-Tupinamba go tswa kwa Bahia ka March 1560 mme kgabagare ba ne ba tlhasela kago e go neng go bonala e nonofile gore e ka fenngwa. Bafora ba ne ba tshaba mme ba ne ba tswelela ba gweba ka Ba-Tamoio le go ba rotloetsa gore ba tlhasele Bapotokisi. Morago ga dintwa di le mmalwa Ba-Tamoio ba ne ba fenngwa. Go begwa gore mo ntweng e le nngwe fela go ne ga swa ba le 10 000 mme ba le 20 000 ba ne ba gapiwa mme ba dirwa makgoba.

Malwetse a a Maswe a a Tswang kwa Yuropa

Baindia ba ba tlholegileng mo lefelong leno ba ba neng ba kopana lekgetlho la ntlha le Bapotokisi, ba ne ba itekanetse ka tsela e e gakgamatsang. Babatlisisi ba bogologolo ba ne ba dumela gore bontsi jwa Baindia ba ne ba kgona go tshela go fitlha go dingwaga di le lekgolo le go feta. Mme go ne go sa reye gore Baindia ba ne ba ka se tshwaediwe ke malwetse a kwa Yuropa le Afrika. Go ka direga gore lebaka leno go feta a mangwe le dirile gore Baindia ba batle ba nyelela.

Direkoto tsa Bapotokisi di tletse ka dipego tsa malwetse a a maswe a a ileng a fokotsa thata palo ya Baindia. Ka 1561, leroborobo la bolwetse jwa sekgwaripana le ne la tlhasela Portugal mme la ralala go kgabaganya Atlantic. Diphelelo e ne ya nna tse di maswe. Ka May 12, 1563 Mo-Jesuit e bong Leonardo do Vale o ne a kwala lekwalo le le neng le tlhalosa masetlapelo a a bakilweng ke leroborobo leno kwa Brazil: “Seno e ne e le sekgwaripana se se neng se le kotsi mo e leng gore [yo se mo tshwereng] o nna le monko o o maswe thata jaana mo e leng gore ga go ope yo o ka itshokelang monko oo. Ka lebaka leno batho ba le bantsi ba ne ba swa ka go bo ba tlhokomologilwe, ba ne ba jewa ke diboko tse di neng di gola mo dinthong tsa bone ka bontsi e bile di le dikgolo thata jaana mo e leng gore ba ne ba tshosa mongwe le mongwe yo o neng a ba bona.”

Go Nyalana ga Merafe go Gakgamatsa Ba-Jesuit

Go tswakana ga merafe e e farologaneng le gone go ne ga baka gore merafe e mentsi e nyelele. Buka ya Red Gold—The Conquest of the Brazilian Indians ya re: “Bapotokisi le fa e le batho ba ba nnang kwa Brazil ga ba a ka ba thibelwa ke go tswakana ga merafe.” Baindia ba ne ba go tsaya e le mokgwa o montle wa go amogela batho ba ba sa ba itseng, ka go ba naya basadi, gantsi e le bana ba bone ba basetsana. Fa Ba-Jesuit ba ntlha ba goroga kwa Brazil ka 1549, ba ne ba gakgamadiwa ke se ba neng ba se bona. Monna wa Mo-Jesuit e bong Manoel da Nóbrega o ne a ngongorega jaana: “[Baruti] ba bolelela banna bano ba Baindia gore ga ba a tshwanela go tshelela mo boleong le basadi ba bone ba Baindia,” mme o ne a oketsa jaana: “Masetlelara a Bapotokisi a ne a dira basadi botlhe ba bone ba Baindia dinyatsi.” Kgosi ya kwa Portugal e ne ya bolelelwa gore mongwe wa masetlelara ano ‘o ne a na le bana, ditlogolwana le dikokomana tse dintsi jaana mo e leng gore [sebui se ne sa re], ke tshaba go bolelela Motlotlegi gore ke bana ba bakae.’

Mo magareng a lekgolo la bo17 la dingwaga, Baindia ba ba neng ba tletse mo dipoeng tsa lotshitshi lwa Brazil, ba ka tswa ba nyeletse ka ntlha ya go bolaiwa, ba fokoditswe ke go dirwa makgoba, kgotsa ka ntlha ya go nyalana ga bone le merafe e mengwe. Go ka buiwa se se tshwanang le ka merafe e e neng e nna mo kgaolong ya Amazon.

Go goroga ga Bapotokisi kwa Amazon go ne ga latelwa ke go tsomiwa ka tsela e e feteletseng ga baagi ba ba nnang mo kgaolong e e kwa tlase ya Amazon. Go ya ka mothusa bishopo wa Maranhão, e bong Manoel Teixeira, mo e ka nnang mo sebakeng sa masomesome a dingwaga a le mmalwa, Bapotokisi ba ne ba batla ba bolaile Baindia ba ka nna dimilione tse pedi kwa Maranhão le Pará! Le fa dipalo tseno di ka tswa di feteleditswe, gone tshenyo le pogo tse di neng di le gone ke tsa boammaaruri. Kgaolo e e kwa godimo ya Amazon le yone e ne ya welwa ke bothata jo bo tshwanang. Mo magareng a lekgolo la bo18 la dingwaga, kgaolo ya Amazon, kwantle ga mafelo a a leng kgakala, e ne e setse e batla e latlhegetswe ke baagi ba yone botlhe ba Baindia.

Go tlhabololwa ga mafelo a a kgakala a a mo kgaolong ya Amazon mo bofelong jwa lekgolo la bo19 le la bo20 la dingwaga go ile ga dira gore ka iketlo makgoa a kopane le merafe ya Baindia e e neng e setse. Go lemoga ga ga Charles Goodyear mokgwa wa go dirisa rabara e e tlhakantsweng le sulefera ka 1839 le go tlhamiwa ga dithaere go ne ga dira gore rabara e batliwe ka bontsi. Bagwebi ba le bantsi ba ne ba thologela kwa kgaolong ya Amazon, eo e neng e le yone fela e nang le rabara e e sa tswakanngwang. Nako eo e ne ya gakologelwa e le nako e baagi ba kgaolo eo ba neng ba tsiediwa mo go maswe ka yone, e leng selo se se neng sa dira gore palo ya bone e fokotsege thata.

Lekgolo la bo20 la Dingwaga le Amile Jang Baindia?

Ka 1970 puso ya Brazil e ne ya tla ka leano la go tswakanya ditšhaba, e leng leano le le neng le akaretsa go agiwa ga ditsela tse dikgolo tse di golaganyang dikarolo tse di kwa kgakala tsa Amazon. Bontsi jwa ditsela tseno tse di neng di kgabaganya mo lefelong la Baindia di ne tsa se ka tsa dira fela Baindia ba tlhaselwe motlhofo ke batho ba ba neng ba batla diminerale mme gape di ne tsa dira gore ba tlhaselwe ke malwetse a a kotsi.

Ka sekai, akanya ka se se neng sa diragalela batho ba Ba-Panarás. Morafe ono o ne wa gailwa ke ntwa le ke bokgoba mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga. Masalela a mannye a ne a tshabela go ela kwa bokone bophirima, kwa garegare ga sekgwa se se kwa bokone jwa Mato Grosso. Mme go ne ga agiwa tselakgolo ya Cuiabá-Santarém go ralala naga ya bone.

Go kopana ga bone le makgoa go ne ga bakela ba le bantsi masetlapelo. Ka 1975, go ne go setse maloko a le 80 fela a morafe ono o o kileng wa bo o le mogolo. Ba-Panarás ba ne ba isiwa kwa Xingu National Park. Ba ne ba dira matsapa a bophiri go bona lefelo le le tshwanang le sekgwa se ba tswang kwa go sone mo parakeng eno. Mme Ba-Panarás ba ne ba swetsa ka go boela kwa nagagaeng ya bone. Ka November 1, 1996, tona ya tshiamiso kwa Brazil e ne ya kaya lefelo la diheketara tse 495 000 gore e nne “lefelo la leruri la batho ba ba tsholetsweng mo go lone.” Ka jalo Ba-Panarás ba ne ba sireletsega gore ba se ke ba nyelela.

A Isagwe ya Bone e Tla Nna Botoka?

A go sirelediwa ga lefatshe la bone go tla thusa gore Baindia ba ba setseng ba se ka ba nyelediwa? Gone jaanong go bonala Baindia ba kwa Brazil ba ka se nyelediwe gotlhelele ka namana. Le fa go ntse jalo, gantsi dinaga tsa bone di na le matlotlo a tlholego a a botlhokwa. Go fopholediwa gore go na le diminerale, tsa boleng jwa dibilione tse supa tsa diranta—tse di akaretsang gouta, polatinamo, ditaemane, tshipi le lloto—tse di kafa tlase ga mmu o o kwa tlasetlase mo go se se bidiwang Legal Amazonia, e e akaretsang ditoropo tse robongwe tse di kwa bokone le mo bogarebophirima jwa Brazil. Mo e ka nnang diperesente tse 98 tsa dinaga tsa Baindia di ikadile mo kgaolong eno. Batho ba ba batlang diminerale ka tsela e e seng kafa molaong ba setse ba tsenetsene mo dinageng tseno tsa Baindia.

Hisitori e bontsha gore Baindia ga ba a ka ba solegelwa molemo ke dikgolagano tse ba neng ba na le tsone le makgoa. Ba ne ba ananya gouta ya bone ka diipone gape ba ananya logong lwa brazil ka dilwana tsa boleng jo bo kwa tlase, mme ba ne ba tshwanelwa ke go tshaba gore ba se ke ba dirwa makgoba. A ditiragalo di tla boa di ipoeletsa gape?

Baindia ba le bantsi ba ithutile go dirisa dilo tsa thekenoloji ya segompieno tse di jaaka—difofane, dikepe tsa enjene, le difouno tsa selula. Mme gone go tla bonala fa nako e ntse e tsamaya gore a ba tla kgona go lepalepana le dikgwetlho tsa lekgolo leno la bo21 la dingwaga.

[Mmapa mo go tsebe la 15]

(Go bona mokwalo o o feletseng bona kgatiso

■ Xingu National Park

□ Dikgaolo tsa Baindia

BRAZIL

BRASÍLIA

Rio de Janeiro

FRENCH GUIANA

SURINAME

GUYANA

VENEZUELA

COLOMBIA

ECUADOR

PERU

BOLIVIA

PARAGUAY

URUGUAY

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bagwebi ba ne ba tsietsa Baindia ka go ba berekisa jaaka makgoba mo dipolantasing tsa bone tsa rabara

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Jacques Jangoux/Peter Arnold, Inc.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mola o o thadilweng le mekgabiso: Di tswa mo bukeng ya Brazil and the Brazilians, 1857