Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Toledo Tsela e e Kgatlhang ya go Kopakopana ga Ditso Tsa Metlha ya Bogologolo

Toledo Tsela e e Kgatlhang ya go Kopakopana ga Ditso Tsa Metlha ya Bogologolo

Toledo Tsela e e Kgatlhang ya go Kopakopana ga Ditso Tsa Metlha ya Bogologolo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SPAIN

KWA bogareng jwa Pheninsula ya Iberia go na le thaba ya keranaete e e dikologilweng ke dintlha tse tharo tsa Noka ya Tagus. Go ralala makgolo a dingwaga noka eno e ile ya epa mapawa a a sireletsang matlhakore a thaba eno. Mo setlhoeng se se botlhokwa seno go ne ga tlhomiwa Toledo, e leng motse o o ileng wa feleletsa o amanngwa le Spain le setso sa teng.

Gompieno, ditsela tse ditshesane tse di motsopodia di gopotsa moeti Metlha ya Bogare. Dikgoro tsa motse, dikago tsa one tsa phemelo le marogo, tsotlhe di sa ntse di na le popego ya metlha ya bogologolo mme di gopotsa batho nako ya fa Toledo e ne e le mongwe wa metse e e botlhokwa thata kwa Yuropa.

Le fa go ntse jalo, Toledo ga se motse o o tlwaelegileng wa Yuropa. Tota le seteishene sa yone sa terena se na le popego ya kwa Botlhaba. Fa o sekaseka difikantswe le ditiro tsa diatla tsa motse wa Toledo sentle, o tla lemoga gore ke motse o o ileng wa amogela botswerere jwa ditso tse di farologaneng tse di ileng tsa atlega mono go ralala makgolo a dingwaga. Ka motlha ono wa katlego kwa Toledo, dingwaga di ka nna 700 tse di fetileng, motse ono e ne ya nna motse wa ditso tse di farologaneng tsa bogologolo.

Ditso Tse di Farologaneng

Pele ga Baroma ba tla kwa Spain, Ba-Celtic le Ba-Iberia ba ne ba setse ba agile toropo mo lefelong leno le le botlhokwa. Baroma ba ne ba taya lefelo leno leina le lesha ba re ke motse wa Toletum (e leng leina le le tswang mo lefokong tollitum le le kayang “go tsholelediwa kwa godimo”) mme ba o dira mongwe wa metsemegolo ya porofense ya bone. Mokwalahisitori wa Moroma e bong Livy o ne a tlhalosa Toledo e le “motse o monnye mme o babalesegile ka ntlha ya lefelo la tlholego le o leng mo go lone.” Fa Ba-Visigoth ba gapa Spain morago ga gore Mmusomogolo wa Roma o we, ba ne ba tlhopha Toledo go nna motsemogolo wa bone. E nnile mo lefelong leno mo lekgolong la borataro la dingwaga, fa Kgosi Reccared a ne a gana Bo-Arius, selo se se neng sa dira gore Spain e nne lefelo la konokono la thuto ya motheo ya Bokatoliki mme Toledo ya nna lefelo la konokono la bishopomogolo wa ntlha.

Seemo sa bodumedi se ile sa fetoga fa Toledo e ne e nna karolo ya lefelo le moeteledipele wa Momoseleme a nnang mo go lone. Ditsela tse di tshesane tsa motse ono wa bogologolo di nnile gone ka yone nako eno, nako e e ileng ya tswelela go tloga ka lekgolo la bo8 la dingwaga go fitlha ka lekgolo la bo11 la dingwaga. Go amogela ga Bomoseleme ditumelo tse dingwe go ile ga dira gore ditso tsa Bokeresete, Sejuda le Bo-Moor di nne mmogo kwa Toledo. Kgabagare, ka 1085, Kgosi Alfonso VI (kgosi ya Mokatoliki) o ne a gapa motse oo. Le fa mmuso o ne o fetogile, ditso tseno di ile tsa tswelela di tshela mmogo ka makgolo a dingwaga a le mmalwa.

Bontsi jwa difikantswe tse di kgatlhang thata tsa kwa Toledo ke tsa metlha ya bogologolo. Babusi ba Bakatoliki ba ile ba fetola motse ono go nna motsemogolo wa bone, baagi ba Bajuda ba ile ba dirisa bokgoni jwa bone mo ditirong tsa diatla le mo kgwebong, mme Bamoseleme ba ba itseng tiro ya diatla bone ba ile ba dirisa bokgoni jwa bone mo tirong ya boagi. Bakanoki ba ditumelo tseno tse di farologaneng ba ile ba dira mmogo mo Sekolong sa Baranodi. Mo lekgolong la bo12 le la bo13 la dingwaga, ba ile ba ranolela mekwalo e le mentsi ya bogologolo mo Selatineng le mo puong ya Se-Spain. Batho ba Bophirima le bone ba ile ba kgona go bona kitso e ntsintsi ya saense ya Baarabia ka ntlha ya thuso ya baranodi bano.

Mokgwa ono wa go amogela madumedi a mangwe o ile wa fela mo lekgolong la bo14 la dingwaga fa diketekete tsa baagi ba ne ba bolawa mo kgailong ya bodumedi. Ka nako ya fa Columbus a ribolola Amerika, Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi ya kwa Spain e ile ya tlhoma kgotlatshekelo kwa Toledo mme Bajuda le Bamoseleme ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tlhophe gore a ba batla go sokologa ka dikgoka kgotsa go nna batshabi.

Difikantswe Tsa Dilo Tse Dintle Tse di Dirilweng mo Nakong e e Fetileng

Gompieno karolo e e fa gare ya motse wa Toledo e tletse ka difikantswe di feta lekgolo. Letlotlo leo la hisitori le ile la dira gore mokgatlho wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization o tlhome motse ono go nna Motse o o Tlhaolwang ka Bontle mo Lefatsheng. Dikago tse pedi tsa bogologolo tse di kgatlhang go gaisa tsotlhe ke marogo a a ralalang Noka ya Tagus, jo bongwe jwa one bo thusa batho go tsena mo motseng kafa botlhaba mme jo bongwe kafa bophirima. Bontsi jwa baeti ba ka kgona go bona kgoro e kgolo ya Puerta Nueva de Bisagra, e e thibang batho go tsena mo motseng ono wa bogologolo o o ageletsweng ka mabota.

Fa o lebile o le kgakala, o kgona go bona difikantswe tse pedi tse di okameng loapi lwa motse wa Toledo. Kago e kgolo ya phemelo e e sekwere e e bidiwang Alcázar e kafa ntlheng ya botlhaba. Go ralala makgolo a dingwaga e ne e le praetorium ya Baroma (lefelo le mmusi a nnang mo go lone), ya nna ntlo ya segosi ya dikgosi tsa Visigoth, ya nna ntlo ya phemelo ya Baarabia ya ba ya nna bonno jwa dikgosi tsa Spain. Gone jaanong go dirilwe Musiamo wa Sesole le laeborari e kgolo mo go yone. Mme e re ka Toledo totatota e le motse wa bodumedi, kereke e kgolo ya Se-Goth ke yone kago e kgolo go gaisa mo gare ga motse—Bona lebokoso le le mo tsebeng ya 17.

Kereke e kgolo le dikereke tse dingwe kwa Toledo di na le bontsi jwa ditshwantsho tse di takilweng ke motaki yo o tumileng yo o ileng a ya go nna kwa Toledo. O itsege e le El Greco, leina le le rayang “Mogerika.” Leina la gagwe le le feletseng e ne e le Doménikos Theotokópoulos. Mo lefelong le a neng a nna mo go lone pele, mo kgaolong ya bogologolo ya Bajuda, jaanong go na le musiamo o o nang le ditshwantsho tse dintsi tse a di takileng.

Gongwe Toledo e bonala e le ntle thata fa o e leba o le kwa thoteng e e okameng motse go tswa kwa ntlheng ya borwa. Le fa go ntse jalo, bontle jwa Toledo bo bonala sentle thata fa o ralala mebila ya teng e mesesane. Moeng a ka gakgamala go se kae mme go ise go ye kae o tla bo a kgatlhwa ke ditsela tse di sa tlwaelegang, meago ya bogologolo, mathudi a a kgabisitsweng le mabenkele a a ngokang a a rekisang dilwana tsa bojanala.

Le fa go bonala dilo tse dintle tsa motse ono wa bogologolo di sa fele, kgabagare bajanala ba tshwanelwa ke go tswa kwa Toledo. Tsela e e molemo ya go dira jalo ke go tswela kafa ntlheng ya borwa jwa losi lwa Noka ya Tagus. Fa letsatsi le fitlha mo bokhutlong jwa lone, marang a a mogote a letsatsi le le phirimang a okama motse ono o difikantswe tsa one di bonalang di bontsha katlego e kgolo e o kileng wa nna le yone.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

DITSO TSE THARO TSA TOLEDO

Mo Metlheng ya Bogare, Toledo e ne e kgaogantswe ka dikgaolo di le tharo, mo Bakatoliki, Bajuda le Bamoseleme ba neng ba nna teng go ya ka melao le dingwao tsa bone. Mangwe a mafelo a bone a kobamelo a bogologolo a setse jaanong e le mafelo a konokono a a ngokang bajanala.

➤ Kago ya kobamelo ya Bamoseleme ya lekgolo la bo10 la dingwaga, e gone jaanong e itsegeng e le Cristo de la Luz, e bontsha ditena tse di dirilweng ka botswerere e leng tiro e Bamoseleme ba ba dirang tiro ya diatla ba itsegeng ka yone. E eme kwa kgaolong e Medina e leng mo go yone, mo go neng go nna Bamoseleme ba ba humileng gone.

➤ Le fa moragonyana di ile tsa fetolwa go nna dikereke tsa Katoliki, go sa ntse go na le disinagoge di le pedi tsa bogologolo teng tse di supang gore Toledo e na le setšhaba se segolo sa Bajuda, se ka nako nngwe se neng se bopa nngwetharo ya baagi ba motse ono. Santa María la Blanca, ke sinagoge e kgologolo go di gaisa tsotlhe mme kafa teng ga yone, jaaka kago ya kobamelo ya Bamoseleme e e fa godimo, e na le dipilara tse dintsi tse di kgabisitsweng. Sinagoge e nngwe e kgolwane ke ya El Tránsito (kafa mojeng), e gone jaanong e nang le musiamo wa Se-Sephardi ya setso sa Sejuda.

➤ Kereke e kgolo ya kwa Spain ya Se-Goth e simolotse go agiwa ka lekgolo la bo13 la dingwaga, le fa gone go ile ga tsaya dingwaga di feta 200 gore e wediwe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

DITŠHAKA TSE DI KGETHEGILENG LE MARZIPAN E E BOTSHE

Go feta dingwaga di ka nna dikete di le pedi, bathudi ba tshipi ba motse ono ba ile ba dira ditšhaka, mme leina Toledo le amanngwa thata le tshipi ya maemo a a kwa godimo. Mephato ya sesole ya ga Hannibal le ya Baroma e ne e dirisa ditšhaka tseno tse di thuletsweng gaufi le Noka ya Tagus. Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, badiri ba tiro ya diatla ba Bamoseleme ba ile ba simolola mokgwa wa go seta wa go dirisa gouta kgotsa selefera go kgabisa ditšhaka tsa bone le diaparo tsa bone tsa sesole tsa tshipi tsa Se-Toledo. Go na le sekai sa setshwantsho sa tšhaka ya Toledo se se supilweng kafa molemeng. (Bona setlhogo se se reng “Patterns of Gold on Steel” [Mekgabisa ya Gouta mo Tshiping] mo makasineng wa Tsogang! ya January 22, 2005, ka Seesemane). Sesheng jaana, bontsi jwa mabenkele a a rekisang dilwana tsa bojanala a na le mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditšhaka le diaparo tsa sesole tsa tshipi. Mo godimo ga gore e nne dilo tse di rekwang ke bajanala, ditšhaka tseno go ka direga gore di bonwe mo dibaesekopong e seng mo ntweng.

Ngwao e nngwe ya Toledo ke go dira marzipan e e simologileng ka nako ya fa Baarabia ba gapa motse ono. Spain e ne e setse e na le masimo a magolo a almond fa Bamoseleme ba fitlha koo, mme sukiri—selo se sengwe se se botlhokwa se se dirisiwang—e ne e seyo. Mo dingwageng di le 50 morago ga gore Bamoseleme ba gape motse ono, go ile ga lengwa masimo a mantsi a lotlhaka lwa sukiri. Mo e ka nnang ka lekgolo la bo11 la dingwaga, marzipan e ne e setse e le sejo se se kgethegileng kwa Toledo mme e nnile sedirisiwa se se monate sa baitse ba dijo fa e sa le ka nako eo. Jaanong go na le mabenkele kwa Toledo a a rekisang fela marzipan, e gantsi e dirilweng go nna difikantswe tse dinnye. O tla bo o ise o wetse loeto lwa gago kwa Toledo fa o ise o latswe manatwana ao a a rokotsang mathe.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Agustín Sancho

[Mmapa mo go tsebe 16]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

PORTUGAL

SPAIN

Madrid

Toledo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Borogo jwa San Martin