Basha Ba ba Mo Mathateng
Basha Ba ba Mo Mathateng
▪ Kwa United States, moithuti wa dingwaga di le 15 o thuntshakaka baithutimmogo le ene, a bolaya ba le 2 ba bone a bo a gobatsa ba le 13.
▪ Kwa Russia, setlhopha sa basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba tagilweng ba bolaya mosetsana wa dingwaga di le nnè setlhogo ba bo ba itaya rragwe le ngwana wa ga rangwanagwe.
▪ Kwa Boritane, mosimane wa dingwaga di le 17 o itaya ngwana yo mongwe yo monnye mo go ene a bo a mo tlhabakaka. O bolelela mapodise jaana: “Ke ne ke sa ikaelela go mmolaya, mme e rile ke bona madi ka bona gore bogolo ke mo feleletse.”
GA GO tlhole go gakgamatsa go utlwela ka ditiragalo tse di tshwanang le tseno. Mme gone di ka se tsewe e le ditiragalo fela tse di sa tlwaelegang. Setlhogo sengwe mo go Professional School Counseling sa re: “Re lebane le bothata jo bogolo jwa basha ba ba ratang thubakanyo.” Dipalopalo di supa seno.
Le fa gone Setheo sa Naga sa United States se se Malebana le Dipalopalo Tsa Thutego (The U.S. National Center for Education Statistics) se bolela gore thubakanyo e e diregang mo dikolong kwa nageng eo e fokotsegile, “ka 2001 go ile ga nna le ditiragalo di ka nna dimilione di le 2 tsa thubakanyo le bogodu kwa sekolong moo go neng ga tlhaselwa thata baithuti ba dingwaga tse 12-18 mme ga go ope wa bone yo o bolailweng mo go tsone.” Go kgerisiwa kwa sekolong le gone go ile ga oketsega.
Fa basha ba dira thubakanyo kwa United States ba a bo ba sa tlhasele baithuti fela. One motswedi o o umakilweng fa godimo o bega gore ‘mo dingwageng di le 5 fela, e leng go tloga ka 1997 go ya go 2001, go ile ga nna le ditiragalo di ka nna dimilione di le 1,3 tsa bokebekwa kwa sekolong, tse mo go tsone di le 817 000 e neng e le tsa bogodu mme di le 473 000 e le tsa thubakanyo, mme batho ba ba neng ba tlhaselwa e ne e le barutabana, mme ga go ope wa bone yo o bolailweng mo go tsone.’ Mo godimo ga moo, ‘diperesente di le 9 tsa barutabana botlhe ba sekolo se sepotlana le se se mo magareng di ile tsa tshosediwa ke baithuti ka gore ba tla ba gobatsa, mme diperesente di le 4 tsa bone di ile tsa tlhaselwa ke baithuti.’
Maemo a ntse jang mo dinageng tse dingwe? Setheo sengwe sa bobegadikgang se ile sa re: “Go tshwerwe basha ba diganana ba le 69 780 kwa China ka 2003, e leng palo e e fetang ya ba ba neng ba tshwarwa ka 2002 ka diperesente di le 12,7.” Pego nngwe ya dikgang e bolela gore “mo ditiragalong tsotlhe tsa bokebekwa jwa digongwana, diperesente di le 70 tsa tsone e ne e le bokebekwa jwa thaka e tshesane.” Pego e e neng ya tswa kwa Japane ka 2003 le yone e ne ya bolela gore halofo ya bokebekwa jo bo nnileng teng mo dingwageng di le lesome tse di fetileng e ne e le jo bo bakwang ke basha.
Diokobatsi di Senya Mebele ya Basha
Bothata jo bongwe gape jo bo tlhasetseng basha ba le bantsi ke tsela e ba senyang mebele ya bone ka yone. Pego e e neng ya ntshiwa ke Setheo sa Naga sa United States sa Tiriso E e Sa Siamang ya Diokobatsi (U.S. National Institute on Drug Abuse) e
bolela gore mo e ka nnang halofo ya basha botlhe ba dingwaga tsa bolesome mo nageng eo ba ile ba lekeletsa diokobatsi tse di seng kafa molaong pele ga ba fetsa sekolo se segolo. Pego eno e oketsa jaana: “Ga go tlhole go gakgamatsa go bona basha ba nwa bojalwa gompieno. Mo e ka nnang basha ba le banè mo go bangwe le bangwe ba le batlhano (77%), ba setse ba kile ba nwa bojalwa (e seng go bo hupanyana go se kae fela) ka nako ya fa ba fetsa sekolo se segolo; mme mo e ka nnang halofo ya bone (46%) ba simolotse go bo nwa ba le mo mophatong wa borobedi.”Boitsholo Jo bo Sa Siamang Jwa Tlhakanelodikobo
Ga go pelaelo gore go tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe fela yo o kopanang le ene go kotsi mo motlheng ono o AIDS e tlhasetseng ka one. Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba tsaya tlhakanelodikobo e le go ijesa monate fela go go sa reng sepe. Ka sekai, basha bangwe ba ipuela fela ka go ‘ithobalela fela le motho’—e leng mafokonyana a phefofatso a a kayang go tlhakanela dikobo le motho fela yo o thulaneng le ene golo gongwe. Ba bua ka go nna le ‘tsala e o sa ikgolegeng ka yone’—e leng motho yo o tlhakanelang dikobo le ene fela e se gore lo a ratana.
Mokwadi mongwe e bong Scott Walter o tlhalosa ka diphathi tse basha ba metsesetoropo ba di dirang fa batsadi ba bone ba ile tirong, mme ba tlhakanela dikobo mo go tsone. Mo go nngwe ya diphathi tse di ntseng jalo, mosetsana mongwe yo mosha o ne a bua puo phaa fela gore “o tlile go robala le basimane botlhe ba ba neng ba le teng mo phathing eo. . . . Bananyana ba dingwaga di le 12 ba ne ba le teng mo diphathing tseo.”
A seno se a tshosa? Ga go tshose mo go bomankge ba ba ithutileng ka go tlhakanela dikobo ga basha. Dr. Andrea Pennington o ne a kwala jaana: “Mo dingwageng di le 20 tse di fetileng re bone basha ba ba sa leng bannye thata ka dingwaga ba tlhakanela dikobo. Ga go tlhole go gakgamatsa go bona basimanyana le basetsanyana fela ba dingwaga di le 12 ba tlhakanela dikobo.”
Pego e e neng ya tshwenya segolobogolo ke e e neng ya ntshiwa ke lekwalodikgang la USA Today e e reng: “Basha ba le bantsi ba bannye mo nageng eno . . . ba tlhakanela dikobo ba dirisa molomo. . . . Bana bano ba akanya gore ‘seno ga se go tlhakanela dikobo ka tsela ya mmatota.’” Go ya ka patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo basetsaneng ba le 10 000, “diperesente di le somerobedi tsa bone di ne di bolela gore ga di ise di tlhakanele dikobo le ope, mme gone diperesente di le 25 tsa bone di kile tsa tlhakanela dikobo di dirisa molomo. Mme diperesente di le 27 tsa bone di tlhalosa gore go tlhakanela dikobo ka tsela eno ‘ke sengwe se o se dirang fela le mosimane go ijesa monate.’”
Dikgopolo tse di ntseng jalo ka tlhakanelodikobo di fetetse le mo mafelong a mangwe. UNESCO e bega jaana: “Basha ba kwa Asia ba mo kotsing ya gore ba ka tsenwa ke HIV ka ntlha ya go tlhakanela dikobo le batho ba bong bo sele ka gonne ba le bantsi ba bone ba tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le bannye thata.” E oketsa jaana: “Basha ba le bantsi ga ba tlhole ba tlotla ‘melao ya boitshwaro ya Se-Asia’ e ba e rutilweng ke batsadi ba bone, ka gonne ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, mme gantsi ba dira jalo le batho ba ba farologaneng.”
A go na le dilo tse dingwe tse di bontshang gore basha ba mo mathateng? Makasine wa Canada wa Women’s Health Weekly o bega jaana: “Diperesente di le 25 tsa basetsana ba ba fa gare ga dingwaga tse 16 le 19 ba tlile go nna le dinako tse ka tsone ba tlileng go tshwenyega fela thata mo maikutlong.” Le fa go ntse jalo, ga se basetsana fela ba ba tshwenyegang mo maikutlong. Go ya ka U.S.News & World Report, ngwaga le ngwaga basha ba le dikete di le tlhano ba a ipolaya. Ka ntlha ya mabaka mangwe, pego eno ya re “makgetlo a go diregang ka one gore basimane ba ipolaye a menagane garataro go feta a basetsana ba ipolayang ka one.”
Ga go pelaelo gore basha ba segompieno ba mo mathateng tota. Ke eng se se dirang gore ba nne mo mathateng jaana?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
STR/AFP/Getty Images