Bontle jo bo Botlhokwa Thata
Bontle jo bo Botlhokwa Thata
BATHO ba ngokiwa ke batho ba go ya ka bone ba ba tsayang ba le bantle. Mme gone ke eng se tota se go dirang montle? Gakologelwa gore ga go na sepe se se kalo se o ka se dirang ka dilo dingwe tse o tsetsweng o na le tsone. Mo godimo ga moo, bontle jwa ka fa ntle ke jwa nakwana fela, e re ka go se na ope gompieno yo o ka reng ga a tsofale e bile ga a lwale. A go na le bontle jo bongwe jwa botlhokwa le go feta, jo bo nnelang ruri le jo bo kgonang go fitlhelelwa?
Se se Botlhokwa ka Bontle Jwa Kafa Teng
Baebele e re tlhomamisetsa gore Mmopi, e bong Jehofa Modimo, o tsaya bontle jwa ka fa teng e le jwa botlhokwa thata. Akanya ka dikai dingwe.
Fa Jehofa a ne a bolelela moporofeti Samuele gore a tlhophe kgosi ya Iseraele go tswa mo go bomorwa Jese, moporofeti yono o ne a ngokiwa ke Eliabe yo montle. Samuele o ne a re: “E tshwanetse ya bo e le ene yo Morena a mo tlhophileng.” Mme Jehofa o ne a raya Samuele a re: “O se ka wa akanya gore Eliabe ke ene ka gonne fela a le moleele e bile a le montle. Ga se ene yo ke mo tlhophileng. Batho ba atlhola ba bangwe go ya ka gore ba lebega jang, mme nna ke atlhola batho go ya ka se se mo dipelong tsa bone.”—1 Samuele 16:6, 7, Contemporary English Version.
Motho yo o neng a tlhophilwe go nna kgosi e ne e le morwa yo mmotlana thata, e bong Dafide. Le fa gone go bolelwa gore o ne a na le “matlho a mantle” e bile a na le “ponalo e ntle,” Dafide a ka tswa a ne a se montle go le kalo fa a bapisiwa le bomogolowe ba ba neng ba setse ba godile. Mme gone “moya wa ga Jehofa wa simolola go dira mo go Dafide go tloga ka letsatsi leo go ya pele.” Le fa gone a ne a sa itekanela e bile a ile a dira maleo a a masisi, o ne a itsege e le motho yo o nang le pelo e e molemo le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo go fitlha a bo a swa. (1 Samuele 16:12, 13) Ga go pelaelo gore selo sa konokono se se neng sa dira gore a kgatlhe Modimo e ne e le bontle jwa gagwe jwa kafa teng.
Kafa letlhakoreng le lengwe, akanya ka mongwe wa bomorwa Dafide, e bong Abesalome. E ne ya nna monna yo o sa rategeng le fa gone a ne a lebega a le montle thata. Baebele e bolela jaana ka ene: “Jaanong fa go bapisiwa le Abesalome go ne go se na monna ope yo montle jalo mo Iseraele yotlhe gore a ka bakwa thata jaana. Go tloga kwa patong ya lonao lwa gagwe go ya kwa phogong ya tlhogo ya gagwe o ne a se na bogole bope.” (2 Samuele 14:25) Le fa go ntse jalo, boikgodiso jwa ga Abesalome bo ne jwa dira gore a tsuologele rraagwe le go ikgapela setulo sa bogosi. O ne a ba a robala le bagadingwana ba ga rraagwe. Ka ntlha ya seno, Modimo o ne a galefela Abesalome mme o ne a swa loso lo lo botlhoko.—2 Samuele 15:10-14; 16:13-22; 17:14; 18:9, 15.
A o ikutlwa o rata Abesalome? Le e seng. Fa o akanyetsa ditiro tsa gagwe, e ne e ka se nne motho yo o rategang. Bontle jwa gagwe jo bo tlhomologileng ga bo a ka jwa mo thusa go tlogela boikgodiso le go se ikanyege, e bile ga bo a dira gore a se ka a bolawa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e na le dikai tse dintsi tsa batho ba ba botlhale le ba ba rategang ba go sa buiweng sepe ka tsela e ba neng ba lebega ka yone. Ga go pelaelo gore selo sa botlhokwa ka bone e ne e le bontle jwa kafa teng.
Bontle Jwa Kafa Teng bo Ngoka ba Bangwe
A bontle jwa kafa teng bo ka ngoka batho ba bangwe? Georgina, yo o nang le dingwaga di ka nna lesome a nyetswe, a re: “Mo dingwageng tseno tsotlhe, ke ntse ke rata monna wa me ka gonne e le motho yo o ikanyegang e bile a le boammaaruri mo go nna. Selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe ke go itumedisa Modimo. Seno se dirile gore e nne motho yo o akanyetsang ba bangwe le yo o lorato. O a nkakanyetsa fa a dira ditshwetso mme o dira gore ke ikutlwe ke le motho wa botlhokwa. Ke a itse gore o nthata tota.”
Daniel, yo o neng a nyala ka 1987, a re: “Mosadi wa me o montle mo go nna. Ga se fela gore ke utlwa e kete nka nna gaufi thata le ene, mme le botho jwa gagwe bo dira gore ke mo rate le go feta. O nna a ntse a akantse ka batho ba bangwe mme o rata go dira dilo tse di tla ba itumedisang. O na le dinonofo tse di botlhokwa tsa Bokeresete. Seno se dirile gore ke itumelele go nna le ene.”
Mo lefatsheng leno la batho ba ba lebang dilo kafa ntle fela, rona re tshwanetse go tsenelela kwa teng. Re tshwanetse ra lemoga gore go batla go nna le se go tweng ke ditebego tse dintle ga go motlhofo—kgotsa gongwe re ka re ga go kgonege—e bile ga go botlhokwa go le kalo. Le fa go ntse jalo, go nna le dinonofo tse di rategang tse di dirang gore ruri re nne bantle kafa teng go a kgonega. Baebele ya re: “Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.” Kafa letlhakoreng le lengwe, Dikwalo di tlhagisa jaana: “Jaaka lenyena la nko la gouta mo sefeneng sa kolobe, mosadi yo montle mme a fapoga tlhaloganyo o ntse jalo.”—Diane 11:22; 31:30.
Lefoko la Modimo le re thusa go tseela kwa godimo “motho wa sephiri wa pelo yo o apereng diaparo tse di sa senyegeng tsa moya o o didimetseng le o o bonolo, tse e leng tsa botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.” (1 Petere 3:4) Eleruri bontle jo bo ntseng jalo jwa kafa teng ke jwa botlhokwa thata go gaisa bontle jwa kafa ntle, mme e bile batho botlhe ba ka kgona go nna le jone.
[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]
Dinonofo tse di molemo di ka go ntlafatsa thata go gaisa tsela epe fela ya go ntlafatsa kafa o lebegang ka gone