A Tlhalo ke Yone Tharabololo?
Kgopolo E e Mo Baebeleng
A Tlhalo ke Yone Tharabololo?
MORUTI mongwe kwa Boritane o amogela batho ba ba tlileng go keteka moletlo. Banyalani ba eme fa pele ga gagwe, ba na le setlhopha sa ditsala tsa bone le bana. A batho bano ba tlile lenyalong le le itumedisang? Nnyaa, ga go a nna jalo! Mokete ono ke wa go tlhalana ga bone. Ee, go tlhalana go setse go tlwaelegile jaana mo e leng gore dikereke dingwe di setse di na le meletlo ya tlhalo!
A o akanyetsa go tlhala? Fa e le gore go ntse jalo, a ruri go tlhala go tla dira gore o itumelele botshelo? A go na le dikgato tse di mosola tse o ka di tsayang gore wena le molekane wa gago lo itumele?
“Ba Tla Nna Nama e le Nngwe”
Fa banyalani ba ntlha ba ne ba nyalana, Modimo o ne a bolela gore monna “o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Genesise 2:24) Ka gone, lenyalo e ne e tshwanetse go nna kgolagano e e nnetseng ruri. Ke ka moo moragonyana Jesu Keresete a neng a bolela gore “kgokafalo” ke yone fela lebaka la Dikwalo le motho a ka tlhalang ka lone a bo a nyala gape.—Mathaio 19:3-9. *
Seno se gatelela botlhokwa jwa go diragatsa maikano a lona mo lenyalong. Mme go tweng fa e le gore mathata a lenyalo la lona a masisi fela thata?
A go Tlhala ke Tshwetso e e Botlhale?
Jesu o ne a neela molaomotheo o re ka o dirisang go sekaseka mosola wa dilo tse re batlang go di dira fa a ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Ditlamorago tsa ditlhalo tse dintsi tse di nnang teng kwantle ga mabaka a a utlwalang di supa eng?
Porofesa wa thutoloago kwa Yunibesithing ya Chicago e bong Linda Waite, yo o neng a eteletse pele setlhopha sa bomankge ba ba ithutang ka manyalo a a nang le mathata a re: “Mesola ya go tlhala e ile ya fetelediwa thata.” Porofesa wa Oxford e bong Michael Argyle, fa a sena go fetsa dingwaga di le 11 a sekaseka dilo tse batho ba le diketekete ba di bolelang malebana le kgang eno, le ene o ne a fitlhela e le gore “batho ba e leng bone thata ba sa itumelang mo setšhabeng e ne e le ba ba tlhalaneng kgotsa ba ba kgaoganeng.” Ke eng fa go ka nna jalo?
Le fa gone tlhalo e ka fedisa mathata mangwe, gape e ka nna ya tsosa mathata a le mantsi a a utlwisang botlhoko a o ka nnang wa palelwa ke go a laola. Ee ruri, dipatlisiso di bontsha gore go tlhalana gantsi ga go fokotse matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa go dira gore motho a nne le seriti.
Tota le fa o se mo “lenyalong le o neng o le batla,” o ka solegelwa molemo ke go ngaparela molekane wa gago. Ba le bantsi ba ba ititeileng sehuba go dira jalo ba nna le boitumelo. Porofesa Waite a re: “Mathata a le mantsi a rarabologa fa nako e ntse e ya, mme boitumelo jwa batho ba ba nyalaneng bo oketsege.” Tota e bile, patlisiso nngwe e bontsha gore mo e batlang e le batho ba le 8 mo go ba le 10 ba ba neng ba “sa itumela gotlhelele” ka ntlha ya balekane ba bone ba lenyalo mme ba sa ba tlhale ba ne ba iphitlhela ba na le “lenyalo le le itumedisang” dingwaga di le tlhano moragonyana. Tota le fa ka nako eo banyalani ba na le mathata a masisi, ba tla bo ba dira sentle fa ba ka se itlhaganelele go tlhala.
Dikgato Tse di Mosola
Batho ba ba akanyetsang go tlhalana ba tshwanetse ba ipotsa gore a dilo tse ba di lebeletseng malebana le lenyalo ke tse tota di kgonegang. Metswedi ya tshedimosetso e ile ya buelela thata go ratana ga batho go go felelang ka lenyalo le le magasigasi le go renang boitumelo fela morago ga lone. Morago ga lenyalo, fa dilo tse banyalani ba neng ba di lebeletse di sa direge, seno se dira gore ba nne le dikgogakgogano. Fa dikgogakgogano tseno di ntse di gola, kutlobotlhoko e fekeetsa maikutlo. Lorato lo a fela mme kgabagare banyalani ba galefelane le go tlhoana. Mo maemong a a ntseng jalo, bangwe ba ka nna ba akanya gore go tlhalana ke gone fela go ka rarabololang bothata.—Diane 13:12.
Go na le go letla maikutlo a a sa siamang gore a senye tsela e o lebang dilo ka yone, itlwaelanye le batho ba ba diragatsang maikano a bone a lenyalo ka botlalo. Bakeresete ba kgothalediwa gore ba ‘nne ba gomotsane ba bo ba agane.’ (1 Bathesalonika 5:11) Ruri batho ba ba nang le mathata mo lenyalong ba tlhoka go kgothadiwa ke badumedi mmogo le bone.
Botlhokwa Jwa Dinonofo Tsa Bomodimo
Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Dinonofo tsa bomodimo di ka sireletsa sebofo sa lenyalo ka dinako tsa mathata.
Ka sekai, Paulo o ne a kwala jaana: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” (Bakolosa 3:13) Moithutatlhaloganyo kwa Yunibesithing ya Michigan e bong Christopher Peterson, a re: “Go itshwarela ke nonofo e e amanngwang thata le boitumelo.”
Go nna pelonomi, pelotlhomogi le go itshwarela go felela ka lorato, “sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.” (Bakolosa 3:14) Ga go pelaelo gore lo kile lwa bo lo ratana fela thata ka nako nngwe. A lo ka kgona go tsosolosa lorato lo lo kileng lwa bo lo na le lone gape? Le fa maemo a gago a ka tswa a le thata go le kana kang, se kgobege marapo. Go sa ntse go na le tsholofelo. Ee ruri, go nna lo ntse lo le mmogo le go dirisa melaometheo ya Baebele go ka nna ga felela ka gore lo itumele thata go feta kafa lo neng lo akantse ka gone. Ruri maiteko a lo a dirang malebana le kgang eno a tla dira gore Jehofa Modimo, Motlhodi wa lenyalo, a itumele.—Diane 15:20.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 6 Phuthego ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa e tlotla tshwanelo e molekane wa lenyalo yo o se nang molato a nang le yone ya go tlhala mogatse yo o dirileng boaka kgotsa go se mo tlhale. Bona Tsogang! ya May 8, 1999, tsebe 5-9.