Nka Bolelela Jang Mosimane Yono Kafa ke Ikutlwang ka Teng?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Bolelela Jang Mosimane Yono Kafa ke Ikutlwang ka Teng?
“Nka rata go utlwa karabo ya potso eno, Ke mang yo o tshwanetseng go ipuelela—a ke monna kgotsa mosadi?”—Laura. *
MOSIMANE yono ke motho yo o sa tswang go kopana le ene kgotsa gongwe ke mongwe yo o nang le nakwana o mo itse—mme o batla gore a se ka a nna tsala fela. O dumela gore le ene o na le maikutlo a a tshwanang ka wena mme ke fela gore o boboi kgotsa o ditlhong go bua. Mme o ipotsa gore a go tla bo go le botlhale gore e nne wena o ipuelelang. *
Pele ga re tswelela pele, mma re akanye pele ka tsela e batho ba ba go dikologileng ba ikutlwang ka yone—ba ba mo lelapeng la gaeno le mo tikologong ya lona. Ka sekai, a ke tlwaelo mo lefelong la lona gore batsadi ba gago e nne bone ba go batlelang molekane? * Gone ke boammaaruri gore o ka tswa o akanya gore thatano le lenyalo ke dikgang tsa botho. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba leka go tila go kgopisa ba bangwe go sa tlhokege. Mme gape ba batla go akanyetsa maikutlo a ba malapa a bone le batho ba ba ba ratang.
Le fa go ntse jalo, mo dinageng di le dintsi gompieno, go tlwaelegile gore batho ba babedi ba kopane ka bobone go ratana pele ga ba ka swetsa go nyalana. A go tla bo go le phoso gore mosadi e nne ene a yang go ipuelela mo monneng? Mo kgannyeng eno gape, go tshwanetse ga akanyediwa maikutlo a ba lelapa le batho ba ba mo tikologong. A go dira jalo go tla tshosa kgotsa go tla kgopisa ba le bantsi?
Ke eng se sengwe se Baebele e se buang ka kgang ya gore a go siame gore mosadi e nne ene a ipuelelang? Mo metlheng ya Baebele, mosadi mongwe yo o boifang Modimo e bong Ruthe o ne a ya go bua le monna mongwe yo o bidiwang Boase ka lenyalo. Mme Jehofa o ne a segofatsa maiteko a gagwe! (Ruthe 3:1-13) Mme gone Ruthe e ne e se ngwana; e ne e le motlholagadi mme a godile mo go lekaneng gore a ka nyalwa. Mme e bile ga a ka a tshameka ka maikutlo a ga Boase. Go na le moo, o ne a latela melao ya Modimo e e malebana le lenyalo ka kelotlhoko.—Duteronome 25:5-10.
Gongwe o godile mo go lekaneng gore o ka akanya ka lenyalo mme go na le lekawana lengwe le o le kgatlhegelang. Le fa go ntse jalo, go senola maikutlo a gago mo mothong yo a ka tswang a sa ikutlwe jaaka wena ke kgang e e masisi e o tshwanetseng go e akanyetsa ka kelotlhoko. Go tshwana le go tsaya pelo ya gago o bo o e naya motho yo mongwe gore a e tlhokomele. A o tla e tshwara sentle kgotsa o tla e latlhela fa fatshe? Tsela e e molemolemo ya go tila go tlhabiwa ke ditlhong go sa tlhokege
kgotsa go utlwa botlhoko ke go latela melaometheo ya Baebele.Dira Dilo ka Botlhale
Go motlhofo go iphitlhela o tshela mo lefatsheng la ditoro le motho yoo. O ka nna wa ba wa itora o le mo letsatsing la lenyalo le morago ga lone. Le fa go lora ka tsela e e ntseng jalo go ka tswa go le monate, ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. Go ka nna ga dira gore o nne le dikeletso tse di nonofileng tse o ka se kang wa kgona go di kgotsofatsa. Jaaka Baebele e bolela “tebelelo e e busediwang morago e bobodisa pelo.” (Diane 13:12) Go ijesa dijo tsa ditoro go ka nna ga dira gape gore o se ka wa akanyetsa dilo sentle. Le fa go ntse jalo, Diane 14:15 ya re: “Yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Go nna botlhale go raya go akanyetsa dilo sentle. O ka nna botlhale jang fa go tla mo kgannyeng ya thatano?
Sa ntlha, leka go “dira ka kitso.” (Diane 13:16) Jaaka lekgarebe lengwe le tlhalosa, “tota o ka se ka wa kgona go rata motho fa o sa mo itse.” Pele ga o itetla go rata motho, ela tlhoko gore o dirang le gore o bua jang. Ela tlhoko gore o tshwara batho ba bangwe jang. Lekawana lengwe le akantsha jaana: “Botsa ka ga gagwe mo ditsaleng tsa gagwe, mo bathong ba ba godileng ba ba mo itseng sentle.” A o “bolelwa molemo” ke batho ba a nang le bone mo phuthegong ya Bokeresete e a leng mo go yone? (Ditiro 16:2) Lekgarebe lengwe le le bidiwang Isabel le akantsha jaana: “Go intsha ka ditlhopha le go tlwaelana le ba lelapa la gaabo go ka thusa thata.” Go intsha ka ditlhopha go go thusa gore o kgone go mo ela tlhoko o iketlile.
Gore o itse motho ka tsela eno go tsaya nako e bile go batla gore o nne pelotelele. Mme gone go tla go thusa gore o bone maikutlo, mekgwa le dinonofo tse di tla go tlhomamisetsang ka se o se akanyang kgotsa e ka nna dilo tse di tla dirang gore o fetole maikutlo a gago. Diane 20:11 e bolela jaana: “Mosimane [kgotsa lekawana] o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” Ee, go ise go ye kae, ditiro tsa gagwe di tla mo supa gore tota o ntse jang.
Ka jalo, nna botlhale ka gore o se ka wa itlhaganelela go bua le ene nako e ise e siame. Fa o itlhaganela mme a bo a go dumela, moragonyana o ka nna wa fitlhela gore ga se molekane yo o tshwanelang wa lenyalo. * Fa o setse o itlamile, go fedisa kamano eno e ka nna ya utlwisa lekawana leno botlhoko—gongwe ya mo utlwisa botlhoko thata.
Tsela e o Itshwarang ka Yone
Lekawana leno le lone le ka tswa le go beile leitlho! A o itshwere ka tsela e e dirang gore dinonofo tsa gago tsa bomodimo di bonale? Isabel a re: “Ke tlhokometse gore basetsana ba le bantsi ga ba apare sentle. Fa o batla gore motho yo o ratang dilo tsa semoya a go ele tlhoko, o tshwanetse go apara sentle.” Le fa difeshene tsa lefatshe di ka tswa di ntse jang, fa o apara “diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka [bori] le go itekanela sentle ga mogopolo” go tla dira gore monna yo o boifang Modimo a go kgatlhegele thata.—1 Timotheo 2:9.
Baebele e kgothaletsa gape Bakeresete ba basha gore ‘ba nne dikao mo go bueng.’ (1 Timotheo 4:12) Tsela e o buang ka yone e senola go le gontsi ka wena. O ka dirang fa go nna le ditshono tsa gore o bue le lekawana leno? Fa e le gore o ditlhong, a ka nna a ikutlwa a sa gololesega e bile a tshogile. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Abbie la re “Wena o tla tshwanelwa ke gore o simolole motlotlo go bona gore o itshwara jang.”
O ka simolola jang? Fa o inanatha thata, a ka nna a swetsa ka gore o na le boithati e bile ga o botlhale. Baebele e akantsha gore motho a ‘tlhokomele, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang ene fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’ (Bafilipi 2:4) Fa o ka mmotsa dipotso dingwe ka ga gagwe kgotsa ka dilo tse a di kgatlhegelang go ka nna ga thusa gore a gololesege go bua.
Ga o a tshwanela go simolola go dirisa “[loleme] lo lo tsietsang” kgotsa “[dipounama] tsa maaka” tse di forang. (Pesalema 120:2) Monna yo o nang le temogo o tla lemoga gore puo e e ntseng jalo ke ya boitimokanyi. Mme gape o se ka wa bua dilo fela ka gonne o akanya gore ke se a batlang go se utlwa. Seno se botlhokwa thata fa lo setse lo bua ka dilo tse di masisi mme lo simolola go bua ka mekgele ya lona ya semoya. Nna se o leng sone ka metlha, nna peloephepa, mme o bue boammaaruri. Ke gone fela o ka itseng gore a lo na le mekgele e e tshwanang.
Go Tweng Fa a Sa Dire Sepe
Mme go tweng fa o dirile maiteko ka maitlhomo a mantle jalo mme go sa tsoge maikutlo ape a lorato? Gongwe go setse go fetile dibeke—kgotsa dikgwedi—mme ga a ise a bontshe kgatlhego epe. A o tshwanetse wa akanya fela gore ke ka gore ke motho yo o ditlhong? O ka nna wa ipotsa jaana: ‘Fa e le gore tota o ditlhong jalo a mme o siametse lenyalo? Fa nka nyalana le ene, a o tla kgona go etelela pele jaaka tlhogo ya lelapa kgotsa a o tla batla gore e nne nna ke dirang jalo?’ (1 Bakorintha 11:3) Potso e nngwe e o ka ipotsang yone ke gore ‘A tota o ditlhong kgotsa a ke fela gore ga a nkgatlhegele?’ Go ka nna ga utlwisa botlhoko go swetsa jalo. Mme fa o amogela gore go ntse jalo go tla go thusa gore o se ka wa lebana le ditlhong tsa gore o bontshe motho gore o a mo rata mme ene a sa go rate jalo.
O ka nna wa akanya gore o bone sengwe se se supang gore o a go rata. Gongwe o akanya gore ke fela gore o bonya thata go tlhalosa gore o a go rata le gore o tlhoka fela go rotloediwa go se kae gore a tle a bontshe kgatlhego mo go wena. Gongwe. Mme fa o swetsa go ya go bua le ene, o tshwanetse wa lemoga gore go dira jalo go ka nna kotsi. O tshwanetse go akanya thata e seng fela ka se o tla se buang mme le ka gore ke nako efe e e siametseng go bua.
Ka sekai, o ka nna wa swetsa gore go ka nna botoka fa o ka mmontsha fela ka ditiro gore o a mo rata go na le gore o mmolelele puo phaa gore o a “mo rata.” Fa lo le mo seemong se se ritibetseng se se siameng, o ka nna wa mmolelela fela gore o ka rata go mo itse botoka. O se ka wa tshwenyega fa go lebega e kete ga o a bua sentle. Tsela e o ikutlwang ka yone e ka senola mo gontsi go na le mafoko a o a buang. Mme gakologelwa gape gore o mmontsha fela gore o batla gore lo ratane e seng gore lo nyalane. Le fa go ntse jalo, seno se ka nna sa mo tshosa, ka jalo mo fe nako ya gore a akanye ka se o se buileng.
Fa o setse o itse lekawana leno sentle mme o iponetse ka bowena gore o pelonomi e bile o akanyetsa ba bangwe, ga o tlhoke go tshaba gore o tla itshwara ka tsela e e sa siamang kgotsa o tla go tlhabisa ditlhong. Mme gone o tshwanetse wa itshwara jang fa karabo ya gagwe e le ya bopelonomi mme gone a sa go batle? Mme lekawana lone le tshwanetse go itshwara jang mo seemong se se ntseng jalo? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.
^ ser. 4 Le mororo setlhogo seno se kwaletswe makgarebe, makawana a a akanyang ka thatano le ba bangwe ba tla solegelwa molemo ke kgakololo eno ya Dikwalo.
^ ser. 5 Ga se ka metlha go felelang ka gore go bo go se na boitumelo mo manyalong a a rulagantsweng ke batsadi. Ka sekai, mo metlheng ya Baebele, Isake le Rebeka ba ne ba tsena mo lenyalong le le rulagantsweng ke batsadi mme Isake “a mo rata.” (Genesise 24:67) Re ithuta eng mo go seno? O se ka wa itlhaganela go itlhokomolosa ditlwaelo tsa lefelo la lona fa di sa thulane le molao wa Modimo.—Ditiro 5:29.
^ ser. 13 Dikgaolo 28 go ya go 31 tsa buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e ka go thusa go bona gore motho a ka nna jang molekane yo o tshwanetseng wa lenyalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Go bona tsela e a itshwarang ka yone go ka nna ga fetola tsela e o ikutlwang ka yone ka ene
[Setshwantsho mo go tsebe 30]
Fa o rata mongwe, bua le batho ba ba godileng ba ba mo itseng