Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Palo e e Oketsegang ya Bana ba ba Tsholwang go Dirisiwa Mekgwa e e Thusang go Ima

Palo e e Oketsegang ya Bana ba ba Tsholwang go Dirisiwa Mekgwa e e Thusang go Ima

Palo e e Oketsegang ya Bana ba ba Tsholwang go Dirisiwa Mekgwa e e Thusang go Ima

Ka July 25, 1978, go ne ga direga sengwe se se sa tlwaelegang kwa Oldham, Engelane, fa ngwana wa mosetsana yo o bidiwang Louise Joy Brown a ne a tsholwa. Louise e ne e le ene ngwana wa ntlha mo hisitoring go tsholwa go dirisitswe mekgwa ya setegeniki ya go imisa.

DIKGWEDI di le robongwe pelenyana, Louise o ne a tlholegela mo laboratoring go dirisiwa mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng (in vitro fertilization [IVF]). Mo mokgweng ono, lee le le tswang mo go mmaagwe le ne la kopanngwa le peo mo galaseng. Malatsi a le mabedi le halofo morago ga moo, fa sele e sena go ikatisa go nna diselenyana di le robedi, setlhophanyana seno sa disele tse di ikatisang se ne sa tsenngwa mo popelong ya ga mmaagwe gore se gole ka tsela e e tlwaelegileng. Go tsholwa gono ga ga Louise go ne ga simolola selo se sesha gotlhelele se se neng se tla thusa thata mo go thuseng batho ba ba sa kgoneng go tshola bana.

Mokgwa ono wa go kopanya lee le peo kafa ntle ga popelo o ne wa thusa thata go dira gore go nne le mekgwa e mengwe ya boranyane e e thusang batho ba ba sa kgoneng go ima (assisted reproductive technology [ART]), e mo go yone go akarediwang mekgwa yotlhe ya go dira gore motho yo o sa kgoneng go ima, a kgone go ima. Mme mo mekgweng eno go tshwanetse ga dirwa sengwe ka lee le peo. Akanya ka dingwe tsa dikai tseno. Ka 1984, mosadi mongwe kwa California, U.S.A., o ne a tshola ngwana yo o neng a imiwa go dirisiwa lee la mosadi o sele. Mo go one ngwaga oo, kwa Australia, go ne ga tsholwa ngwana go dirisiwa disele tse di neng di sa ntse di ikatisa (embryo) tse di neng di gatseditswe. Ka 1994 mosadi wa dingwaga di le 62 kwa Italy o ne a tshola ngwana, a dirisa lee le a le filweng ke mosadi mongwe mme a le kopanya le peo ya monna wa gagwe.

Mokgwa o o Neng o Ntse o Gatela Pele Kgato ka Kgato

Gone jaanong, dingwaga di le 25 fa e sa le Louise Joy Brown a tsholwa, badiradipatlisiso ba dirile melemo e le mentsi le mekgwa ya maemo a a kwa godimo ya botegeniki e e dirang gore batho ba ba sa kgoneng go ima ba thusiwe. (Bona mabokose a a reng “Mekgwa Mengwe ya go Thusa go Ima” le “Ke Mathata Afe A a Ka Nnang Gone?”) Kgatelopele e e ntseng jalo e dirile gore go nne le palo e ntsi thata ya bana ba ba tsholwang go dirisiwa mekgwa e e thusang go ima. Ka sekai, ka 1999, kwa United States fela, go ne ga tsholwa masea a feta 30 000 go dirisiwa mokgwa mongwe wa boranyane o o thusang batho go ima. Mo dinageng dingwe tsa Scandinavia, diperesente tse di fa gare ga 2 le 3 tsa bana ba ba tsholwang ngwaga le ngwaga ba ile ba imiwa go dirisiwa mekgwa eno ya boranyane. Mo lefatsheng lotlhe, ngwaga le ngwaga go tsholwa bana ba ka nna 100 000 go dirisiwa mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng. Go fopholediwa gore fa e sa le go tloga ka 1978, go ile ga tsholwa bana ba ka nna milione go dirisiwa mekgwa eno.

Mekgwa eno ya boranyane e e thusang batho ba ba sa kgoneng go ima e dirisiwa thatathata mo dinageng tse di tlhabologileng. Nako le nako fa motho a alafiwa gore a kgone go ima, go ja diketekete tsa diranta, mme ditirelo tsa setšhaba tsa kalafi, thuso ya kalafi ya kwa tirong le diinshorense gantsi ga di kgone go duelela ditshenyegelo tseno. Makasine wa Time o ile wa bolela gore “mosadi wa dingwaga di le 45 yo o fetileng mo dikgatong di le supa tsa go leka go mo thusa go ima ka gore go kopanngwe lee le peo mo galaseng mme le bo le tsenngwa mo go ene moragonyana, a ka nna a tshwanelwa ke gore a duele $100 000 [R675 000] mo kalafing eno.” Le fa go ntse jalo, mekgwa eno ya go thusa go ima e dira gore banyalani ba le bantsi ba ba sa kgoneng go tshola bana ba nne le tsholofelo, ka ba ne ba tsaya gore tsela e le yosi fela ya gore ba ka nna le bana e tla nna ka gore ba ikgodisetse ba ba se nang batsadi. Mo malatsing a gompieno ditsela tse di farologaneng tsa go thusa batho ba ba sa kgoneng go tshola bana di kgona go baakanya mathata a le mantsi mo banneng le mo basading a a bakang go se kgone go tshola bana. *

Ke Eng fa Mokgwa Ono o Ratwa Jaana?

Sengwe sa dilo tse di dirang gore mokgwa ono wa go thusa go tshola bana o bo o ratiwa jaana ke tsela e batho ba tshelang ka yone gompieno. Pego nngwe e e neng ya kwalwa ke American Society for Reproductive Medicine ya re: “Mo lobakeng lwa dingwaga di le masomeamararo tse di fetileng, basadi ba le bantsi ba nnile le bana ba setse ba godilenyana go feta jaaka go ne go ntse pele ka gonne basadi ba le bantsi ba gagamalela thutego e e kwa godingwana le ditiro tsa maemo a a kwa godimo mme ba beetse lenyalo kwa thoko go sekae. Fa maemo a sa ntse a eme jalo, basadi ba le bantsi ba ba ileng ba tsholwa ka nako ele ya ‘Go Tsholwa ga Bana ka Bontsi’ (1946-1964) ba setse ba fitlhile mo nakong e ba sa tlholeng ba kgona go tshola bana ka yone, mme seno se dirile gore basadi ba le bantsi ba ba mo dingwageng tseo ba kope thuso ya kalafi gore ba kgone go ima.”

Basadi bangwe ba ka nna ba bo ba sa lemoge gore go kgona ga bone go tshola bana go ngotlega ka bonako go le kana kang fa ba ntse ba gola. Go ya ka U.S. Centers for Disease Control and Prevention, ka nako ya fa mosadi a na le dingwaga di le 42, o a bo a na le diperesente tse di kwa tlase ga di le 10 tsa gore a ka kgona go ima a dirisa mae a gagwe. Ka gone, gantsi basadi bano ba ba godileng fa ba batla go ima ba dirisa mae a ba a filweng le mekgwa ya boranyane e e ba thusang go ima.

Mo mofuteng o mongwe o mosha wa kalafi, banyalani bangwe ba ba sa kgoneng go tshola bana ba ikopela go tsenngwa disele tse di sa ntseng di ikatisa, tse di ileng tsa sala fa go ne go thusiwa banyalani ba bangwe ba ba neng ba sa kgone go tshola bana. Go fopholediwa gore kwa United States fela, go bolokilwe disele tseno tse di sa ntseng di ikatisa di ka nna 200 000. Pego nngwe ya dikgang ya CBS bosheng jaana e ile ya bega jaana: “E setse e le lobakanyana jaanong mokgwa ono wa go abiwa ga disele tse di sa ntseng di ikatisa o ntse o latelwa, mme go se na batho ba bantsi ba ba itseng ka one.”

Ga go gakgamatse go bo mekgwa eno e e dirisiwang go thusa batho go ima e tsosa dipotso di le dintsi. Tsela eno ya go tshola bana e tshwanetse go lejwa jang? Baebele ya reng ka kgang eno? Dipotso tseno mmogo le tse dingwe di tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Dingwe tsa dilo tse di bakang go se ime mo basading ke go sa dire sentle ga dikgeleswa tsa mae, go tswalega ga mesele ya mae (fallopian tubes) kgotsa go tswa ga kuruga mo popelong. Fa e le banna gantsi bothata e a bo e le gore ga ba kgone go ntsha peo e e lekaneng, kgotsa ga ba kgone go e ntsha gotlhelele.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 20]

MEKGWA MENGWE YA GO THUSA GO IMA

GO TSENYA PEO MO POPELONG KA MOKGWA O E SENG WA TLHOLEGO (ARTIFICIAL INSEMINATION [AI]). Mokgwa o mo go one peo ya monna e tsenngwang mo dirweng tsa mosadi tsa tsalo e se ka tlhakanelodikobo. Gantsi go lekwa mokgwa ono pele, pele ga go ka dirisiwa e mengwe e e tlhalosiwang fa tlase.

GO TSENNGWA GA LEE LE PEO TSE DI ISENG DI IKATISE MO MOSELENG WA MAE (GAMETE INTRAFALLOPIAN TRANSFER [GIFT]). Mokgwa o mo go one go ntshiwang mae mo teng ga kgeleswa ya mosadi ya mae, a bo a kopanngwa le peo ya monna, mme morago ga moo mosadi a segwe go sekae mo mpeng go tsenya mae ale le peo tse di iseng di ikatise, di tsenngwa mo moseleng wa gagwe wa mae. Di tsenngwa go dirisiwa laparoscope (e leng sediriswa se se dirisediwang go tlhatlhoba dilo tse di mo mpeng).

GO TSENNGWA GA PEO MO LEENG GO DIRISIWA LOMAO (INTRACYTOPLASMIC SPERM INJECTION [ICSI]). (Setshwantsho sa teng se se godisitsweng se kafa molemeng) Mokgwa o mo go one peo e le nngwe fela ya monna e tsenngwang ka tlhamalalo mo leeng la mosadi go dirisiwa lomao.

GO KOPANNGWA GA LEE LE PEO MO GALASENG (IN VITRO FERTILIZATION [IVF]). Mokgwa o mo go one go ntshiwang mae mo teng ga dikgeleswa tsa mosadi tsa mae a bo a kopanngwa le peo ya monna gore di ikatise. Mme seno se direlwa ka kwantle ga mmele wa mosadi. Seno se dira disele tse di ikatisang, mme morago ga moo disele tseno di tsenngwa mo popelong ya mosadi.

GO TSENNGWA GA LEE LE LE SETSENG LE KOPANE LE PEO MO MOSELENG WA MAE (ZYGOTE INTRAFALLOPIAN TRANSFER [ZIFT]). Mokgwa o mo go one go tsewang mae mo teng ga dikgeleswa tsa mosadi tsa mae a bo a kopanngwa le peo ya monna ka kwantle ga mmele wa mosadi. Morago ga moo, mosadi o segwa go sekae mo mpeng go bo go tsewa lee leno le le kopaneng le peo le tsenngwa mo moseleng wa mae.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Tshedimosetso e e mo lebokosong leno e tswa mo Reproductive Health Information Source, U.S. Centers for Disease Control and Prevention.

Courtesy of the University of Utah Andrology and IVF Laboratories

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]

KE MATHATA AFE A A KA NNANG GONE?

PHOSO YA MOTHO. Kwa United States, Netherlands le Great Britain, ditleliniki tse di thusang batho go ima di ile tsa dira phoso ya go tsenya peo kgotsa disele tse di sa ntseng di ikatisa mo mosading o sele. Mo lekgetlhong lengwe banyalani ba ne ba nna le bana ba mawelana ba e seng ba mmala wa bone, mme mo lekgetlhong le lengwe mosadi mongwe o ne a belega mawelana a a sa tshwaneng ka mmala.

GO TSHOLA BANA BA LE BANTSI. Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore go tsholwa ga bana ba le bantsi ka nako e le nngwe—mo go bakwang ke gore go bo go tsentswe disele di le dintsi tse di sa ntseng di ikatisa mo popelong—go dira gore bana bangwe ba tsholwe pele ga nako, bangwe ba tsholwe ba na le boima jwa mmele jo bo kwa tlase ga jo bo tlwaelegileng, bangwe ba tsholwe ba setse ba sule fa ba bangwe ba tsholwa ba golafetse.

MAKOA A TSALO. Go ya ka patlisiso nngwe, bana ba le bantsi ba ba imilweng go dirisiwa mokgwa wa go kopanya lee le peo mo galaseng ba tsholwa ba na le makoa mangwe, a a jaaka malwetse a pelo kgotsa a diphilo, go phatloga ga lerapo la magalapa le dikgeleswa tsa peo tse di sa fologelang mo kgetsaneng ya tsone ka nako ya fa lesea le gola mo teng ga mmaalone.

BOTSOGO JWA MMANGWANA. Go lwala ka ntlha ya go alafiwa ga dihoromone kgotsa go ima bana ba le bantsi ka nako e le nngwe fela go tsenya botsogo jwa bommè mo kotsing.