O ka Kgona go Lwantsha Boikutlo Jwa go sa Nne le Tsholofelo
O ka Kgona go Lwantsha Boikutlo Jwa go sa Nne le Tsholofelo
O IKUTLWA jang fa dilo di sa go tsamaele sentle? Gone jaanong baitse ba le bantsi ba dumela gore karabo ya potso eo e supa gore a motho o na le tsholofelo kgotsa ga a na yone. Rotlhe re lebana le mathata a a farologaneng mo botshelong, mme a ba bangwe a magolo go feta a ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ke eng fa go lebega batho bangwe ba kgona go nonofa morago ga go lebana le mathata ba bo ba leka gape, fa go lebega ba bangwe bone ba kgobiwa marapo ke mathata a e seng a sepe?
Ka sekai, a re re gongwe o batla tiro. O ya kwa lefelong le o batlang tiro kwa go lone, o bo o fitlha o botsolodiwa dilo dingwe, mme o bo o sa hiriwe. O ikutlwa jang fa o sena go diragalelwa ke seno? O ka nna wa tsaya gore ga ba batle go hira wena, o bo o akanya gore ke bothata jo bo ka se kang jwa fela, mme o bo o re, ‘Ga go na motho ope yo o ka hirang motho yo o tshwanang le nna. Nka se tsoge ke bone tiro.’ Kgotsa, sengwe se se maswe le go feta ke gore o ka nna wa letla gore seno se sokamise tsela e o lebang botshelo jwa gago jotlhe ka yone, o bo o akanya gore, ‘Ke paletswe gotlhelele. Ga ke na mosola wa sepe.’ Gantsi go akanya ka tsela e e ntseng jalo go bontsha gore motho ga a na tsholofelo.
Go Lwantsha Boikutlo Jwa go sa Nne le Tsholofelo
O ka lwantsha jang boikutlo jwa go sa nne le tsholofelo? Selo sa ntlha sa botlhokwa ke go ithuta go lemoga dikakanyo tse di ntseng jalo tse di sa siamang. Go tswa foo o tshwanetse go di lwantsha. Leka go batla mabaka a mangwe a a utlwalang a go bo o diragaletswe ke sengwe. Ka sekai, a tota ke boammaaruri gore ga o a bona tiro ka go bo go ne go se na ope yo o neng a batla go hira wena? Kgotsa e ka tswa e le gore mohiri o ne a batla fela motho yo o nang le ditshwanelego tse dingwe?
Fa o akanya thata ka mabaka a mangwe, seno se ka go thusa go lemoga gore dikakanyo tsele tse di sa siamang di bakilwe ke go tseega maikutlo fela. Fa dilo di sa go tsamaela sentle gangwe fela, a tota seno se raya gore o paletswe gotlhelele, kgotsa a o ka akanya ka dikarolo tse dingwe mo botshelong jwa gago tse o kgonneng go atlega ka selekanyo se se rileng mo go tsone—jaaka ditiro tsa gago tsa semoya, kamano e o nang le yone le ba lelapa kgotsa ditsala? Ithute go kgaphela maikutlo a a sa siamang kwa thoko, o itse gore ke go ikakanyetsa bosula fela. Tota e bile, a ruri o ka kgona go itse gore o ka se tsoge o bone tiro? Go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang gore o kgaphele dikakanyo tse di sa siamang kwa thoko.
Go Akanya ka Tsela e e Siameng o Ipeetse Mekgele
Mo dingwageng tsa bosheng, babatlisisi ba tlhamile tsela e e kgatlhang ya go tlhalosa tsholofelo le fa e sa akaretse go le gontsi. Ba bolela gore go nna le tsholofelo go akaretsa go dumela gore o tla kgona go fitlhelela mekgele ya gago. Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, go nna le tsholofelo go akaretsa se se fetang go fitlhelela mekgele ya gago fela, mme gone go bonala tlhaloso eno e thusa ka ditsela di le dintsinyana. Go lebisa mogopolo mo tseleng eno e tsholofelo e tlhalosiwang ka yone go ka re thusa gore re akanye ka tsela e e siameng, re ipeetse mekgele.
Fa re batla go dumela gore re ka kgona go fitlhelela mekgele e re ipeetseng yone, re tshwanetse go nna le rekoto e e supang gore re kgona go ipeela mekgele le go e fitlhelela. Fa o akanya gore ga o na rekoto e e ntseng jalo, go ka nna molemo gore o akanye ka kelotlhoko ka mekgele e o ipeetseng yone. Mme gone, a go na le mekgele e o ipeetseng yone? Go motlhofo tota gore re iphitlhele re tshwaregile thata ka dilo tse dingwe, mme re sa iphe nako ya go akanya ka se tota re se batlang mo botshelong, ke gore dilo tse di leng botlhokwa thata mo go rona. Malebana le molaomotheo ono wa botlhokwa wa go itse gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa rona, re fitlhela gape gore Baebele e ile ya o tlhalosa sentle bogologolo fa e re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.
Fa re lemoga gore ke eng se se tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa rona, go ka nna motlhofo gore re ipeele mekgele ya botlhokwa mo dikarolong tse di farologaneng tsa botshelo, jaaka mo dilong tsa semoya, mo lelapeng, le mo dilong tse dingwe fela. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re se ka ra ipeela mekgele e mentsi kwa tshimologong le gore re ipeele mekgele e re itseng gore re tla kgona go e fitlhelela motlhofo. Fa re ipeetse mokgele o go leng thata go o fitlhelela, seno se ka re kgoba marapo, mme go ka direga gore re itlhoboge. Ka jalo, gantsi go molemo go fetola mekgele e megolo, ya lobaka lo loleele, mme o e dire mekgele e mennye, ya lobaka lo lo khutshwane.
“Fa motho a ikemiseditse go dira sengwe, a ka bona tsela ya go se dira.” Seane sengwe sa bogologolo sa rialo, mme go lebega se le boammaaruri go ya bokgakaleng jo bo rileng. Fa re setse re ipeetse mekgele mengwe ya botlhokwa, re tshwanetse go ikemisetsa—go eletsa le go iketleetsa—go e fitlhelela. Re ka nonotsha boikemisetso joo ka go akanya ka botlhokwa jwa mekgele ya rona le melemo e re tla nnang le yone fa re e fitlhelela. Mme gone, dikgoreletsi di tla nna teng mme re tshwanetse go di leba e le dikgwetlho, e seng mathata a a ka se kang a rarabololwa.
Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go akanya le ka ditsela tse di siameng tsa go fitlhelela mekgele ya rona. Mokwadi C. R. Snyder yo o dirileng patlisiso nngwe e e tseneletseng ka ga botlhokwa jwa go nna le tsholofelo, o akantsha gore motho o tshwanetse go akanya ka ditsela di le dintsinyana tsa go fitlhelela mokgele ope fela o a ipeetseng one. Ka jalo, fa re lemoga gore fa re dira dilo ka tsela e e rileng ga re kgone go fitlhelela mekgele ya rona, re ka leka ditsela tse dingwe.
Gape Snyder o kgothaletsa gore motho a lemoge gore ke leng mo a tshwanetseng go tlogela mokgele o mongwe mme a latele o mongwe. Go tshwenyega thata ka mokgele o re sa kgoneng go o fitlhelela go tla re kgoba marapo eleruri. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re tla nna le sengwe gape se re ka se solofelang fa re ka ipeela mokgele o mongwe o re ka kgonang go o fitlhelela ka tsela e e motlhofonyana.
Baebele e na le sekao se se thusang thata mo ntlheng eno. Kgosi Dafide o ne a ipeetse mokgele wa go agela Jehofa, Modimo wa gagwe tempele. Mme Modimo o ne a bolelela Dafide gore Solomone morwawe ke ene yo o neng a tla newa tshiamelo eo mo boemong jwa gagwe. Go na le gore Dafide a ngale kgotsa a leke go ngakalala fa a lebane le seemo seno se se swabisang, o ne a fetola mekgele ya gagwe. O ne a dirisa maatla a gagwe go kokoanya madi le dilo tsa go aga tse morwawe a neng a tlile go di tlhoka go wetsa tiro ya go aga.—1 Dikgosi 8:17-19; 1 Ditiragalo 29:3-7.
Le fa re ka kgona go oketsa selekanyo se re nang le tsholofelo ka sone ka go lwantsha maikutlo a go sa nne le tsholofelo, le ka go dira ka natla gore re akanye ka tsela e e siameng re ipeetse mekgele, re sa ntse re ka iphitlhela re tlhaela tsholofelo thata. Jang? Lebaka ke gore bontsi jwa dilo tse di dirang gore re felelwe ke tsholofelo mo lefatsheng leno di bakwa ke dilo tse re ka se kang ra kgona go di laola le e seng. Fa re akanya ka mathata a a boitshegang a a aparetseng batho—khumanego, dintwa, tshiamololo, matshosetsi a a nnang a le teng a bolwetse le loso—ke eng se se ka re thusang go tswelela re na le tsholofelo?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa o sa bona tiro e o neng o e batla, a o tsaya gore o ka se tsoge o bone tiro?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Kgosi Dafide o ne a fetofetoga le maemo mo kgannyeng ya go ipeela mekgele