Nka Bona Jang Nako ya go Dira Tiro Ya me Ya Sekolo?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Bona Jang Nako ya go Dira Tiro Ya me Ya Sekolo?
‘Ke mo ngwageng wa bofelo mo sekolong se segolwane mme ke ikutlwa ke gateletswe thata mo maikutlong. . . . Ke na le ditiro le dipuisano di le dintsi tse ke tshwanetseng go di dira, ga se kgetsi e potlana. Ga ke na nako ya go di dira.’—Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 18.
A O IKUTLWA o imetswe ke tiro e ntsi ya sekolo e o tshwanetseng go e dira fa o fitlha kwa gae thapama nngwe le nngwe? Fa go le jalo, ga o esi. Pego nngwe ya dikgang go tswa kwa United States ya re: “Jaaka fa dikolo mo nageng yotlhe ya United States di leka go tlhatlosa maemo a tsone—mme ditlhatlhobo tsa kitsokakaretso di ntsha maduo a magolo—dikolo tseno di oketsa tiro ya tsone ya sekolo. Baithuti ba sekolo se segolwane mo dinageng dingwe tsa United States ba bega gore ba dirisa diura tse di fetang tse tharo ka nako ya maitseboa ba dira tiro ya sekolo. Patlisiso nngwe ya Yunibesithi ya Michigan e bolela gore bana ba bannye ba tshwanetse go dira tiro ya sekolo e e menaganeng gararo go na le e e neng e dirwa dingwaga tse 20 tse di fetileng.”
Tiro e ntsi ya sekolo ga e ame fela baithuti ba kwa United States. Ka sekai, le fa diperesente tse di ka nnang 30 tsa bana ba ba nang le dingwaga di le 13 koo ba bolela fa ba dirisa diura tse di fetang tse pedi ka letsatsi ba dira tiro ya sekolo, kwa Taiwan le Korea, ke diperesente di le 40, mme kwa Fora gone ke diperesente tse di fetang 50. Katie, yo e leng moithuti wa yunibesithi ya United States o bolela jaana a utlwile botlhoko: “Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke gateletswe fela thata fa tiro ya me ya sekolo e nna ntsi.” Marilyn le Belinda, ba ba tsenang sekolo kwa Marseilles, kwa Fora ba ikutlwa ka tsela e Katie a ikutlwang ka yone. Marilyn a re: “Gantsi re dirisa diura di le pedi kgotsa go feta maitseboa re dira tiro ya sekolo. Go boima go bona nako fa o na le dilo tse dingwe tse o tshwanelwang ke go di dira.”
Nka Bona Nako Kae?
A go ne go ka se nne molemo fa o ne o ka oketsa letsatsi ka diura di le mmalwa fa o tlhoka go dira jalo gore o kgone go fetsa tiro ya gago ya sekolo le go dira sengwe le sengwe se o tshwanetseng go se dira? Tota e bile, o ka kgona go dira sengwe se se ntseng jalo fa o ithuta go tswa mo molaomotheong ono wa Baebele o o fitlhelwang mo go Baefeso 5:15, 16: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng.” Le fa mokwadi wa Baebele a ne a sa akanya ka tiro ya sekolo fa a ne a kwala mafoko ao, molaomotheo ono o ka nna wa dirisiwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Fa o reka sengwe, o tshwanetse gore o ithontshe se sengwe. Ntlha fano ke gore fa o batla go bona nako ya go ithuta, o tshwanetse go ithontsha sengwe. Mme ke eng seo?
Mosha mongwe yo o bidiwang Jillian o gakolola jaana: “Kwala lenaane la dilo tse o tlhokang go di dira pele.” Ka mafoko a mangwe, dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele. Dipokano tsa Bokeresete le dilo tsa semoya di tshwanetse go nna tsone tsa ntlha mo lenaaneng la gago. Mme o se ka wa lebala maikarabelo a o nang le one mo lelapeng, ditiro tsa lelapa le tiro ya gago ya sekolo.
Morago ga moo, leka go bona tsela e tota o dirisang nako ya gago ka teng mo lobakeng lwa beke
kgotsa go feta. O ka nna wa gakgamala go bona kafa o e dirisang ka gone. O dirisa nako e e kana kang o lebeletse thelebishene? o fenyenkolola Internet? o ya kwa dibaesekopong? o bua mo founong? o etela ditsala? Jaanong, fa o bapisa tsela e o ntseng o dirisa nako ya gago ka yone le dilo tse di mo lenaaneng la gago la dilo tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go tla pele, o fitlhela boemo bo ntse jang? O ka nna wa tshwanelwa ke go sekaseka nako e o e dirisang o lebeletse thelebishene, o le mo founong, kgotsa o fenyenkolola Internet go bona gore ke kae mo o ka rekang nako e ntsi thata gone!Dira Gore Dilo Tsa Botlhokwa e Nne Tsone di Tlang Pele
Seno ga se reye gore o tshwanetse wa latlha thelebishene ya gago kgotsa o se ka wa kopana le batho. O ka nna wa tshwanelwa ke go itlhomela molao ono, “Dilo tsa botlhokwa di tshwanetse go tla pele.” Temana nngwe ya Baebele e e ka dirisiwang ya re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:10) Ka sekai, jaaka fa go tsena sekolo go le botlhokwa, o ka nna wa itlhomela molao wa gore ga o kitla o tshuba thelebishene go fitlha o setse o dirile ditiro tsa gago, o baakanyeditse dipokano tsa Bokeresete e bile o feditse tiro ya gago ya sekolo. Gone ke boammaaruri gore o ka nna wa se ka wa rata gore o fosiwe ke thulaganyo nngwe e o e ratang thata ya thelebishene. Mme tota, ke makgetlo a le kae a o kileng wa nna fa fatshe ka one o ne o ikaeletse go lebelela fela lenaneo le o le ratang mme o bo o fetsa maitseboa otlhe o lebeletse thelebishene—o sa dire sepe se sengwe?
Kafa letlhakoreng le lengwe, o tlhoka go dira gore go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete e nne sone selo se se botlhokwa thata. Ka sekai, fa o itse gore o na le tlhatlhobo e e botlhokwa kgotsa tiro ya sekolo e o tlileng go e dira, o ka nna wa leka go e dira nako e sa ntse e le teng gore e se ka ya dira gore o latlhegelwe ke dipokano. O ka nna wa leka go tlotla le barutabana ba gago ka boemo jwa gago, o ba itsise gore o ne o tla itumela fa ba ne ba ka go itsise nako e sa ntse e le teng ka tiro epe ya sekolo e o ka tshwanelwang ke go e dira ka letsatsi la dipokano. Barutabana bangwe ba ka nna ba rata go dirisana le wena.
Re ithuta molaomotheo o mongwe o o mosola mo pegong ya Baebele ka tsala nngwe ya ga Jesu e e bidiwang Maratha. E ne e le motho yo o tshwaregileng le yo o dirang ka natla, mme o ne a sa rulaganye gore dilo tse di botlhokwa e nne tsone di tlang pele. Ka nako nngwe, o ne a dira ka natla a leka go baakanyetsa Jesu dijo tse gongwe e neng e le tsa maemo a a kwa godimo fa monnawe e bong Marea a ne a reeditse Jesu go na le gore a mo thuse. Fa Maratha a ne a ngongorega kaga seno, Jesu o ne a mo raya a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi. Mme, go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela. Marea ene o tlhophile karolo e e molemo, mme ga e na go tsewa mo go ene.”—Luke 10:41, 42.
Seno se re ruta eng? Gore re boloke dilo di sa raraana. O ka dirisa jang molaomotheo ono mo go wena? A o ‘tlhobaediwa le go tshwenngwa ke dilo tse dintsi’—gongwe o leka go tsenya tiro ya sekolo le tiro ya nakwana mo thulaganyong ya gago? Fa o bereka, a tota ba lelapa la gaeno ba tlhoka madi? Kgotsa a o rata fela go nna le madi a a oketsegileng gore o reke dilo tse o di batlang mme tota o sa di tlhoke?
Ka sekai, kwa dinageng dingwe basha ba rata go nna le dikoloi tsa bone. Mogakolodi wa sekolo se segolwane e bong Karen Turner o tlhalosa gore “go na le kgatelelo e kgolo mo basheng gompieno ya gore ba nne le madi kgotsa ba a amogele ka gonne go ja madi go nna le koloi.” Le fa go ntse jalo, Turner o konela jaana: “E nna bothata fa o leka go dira dilo di le dintsi thata tse di tshwanang le ditiro tse di dirwang morago ga sekolo, tiro ya boitshediso le tiro ya sekolo. Seno se dira gore moithuti a nne le tiro e ntsi fela thata.” Ke ka ntlha yang fa o ikimetsa ka tiro le fa go sa tlhokege gore o dire jalo? Fa o sa kgone go dira tiro ya gago ya sekolo sentle, gongwe o ka nna wa tshwanelwa ke go fokotsa nako ya gago ya kwa tirong kgotsa o e tlogele gotlhelele.
‘Reka Nako’ Kwa Sekolong
Mo godimo ga gore o leke go batla nako e e oketsegileng fa o se kwa sekolong, akanya gore o ka dirisa jang nako ya gago botoka fa o le kwa sekolong. Josue a re: “Ke leka go dira tiro e ntsi ya sekolo kafa nka kgonang ka gone ka nako ya go ithuta. Ka tsela eo ke nna le sebaka sa go botsa morutabana fa go na le sengwe se ke ileng ka se ka ka se tlhaloganya mo tlelaseng ka letsatsi leo.”
Selo se sengwe se o ka se akanyetsang ke go fokotsa palo ya dirutwa tse o di ithutang. Gape, o ka nna wa batla go tlogela ditiro dingwe tsa morago ga sekolo tse o nnang le seabe mo go tsone. Fa o ka dira diphetogo mo dikarolong tseno, o ka nna le nako e e oketsegileng ya go ithuta.
Go Dirisa Nako ya Gago ka Tsela e e Nang le Matswela
A re re o setse o dirile diphetogo dingwe e bile o kgonne go bona nako e e oketsegileng go dira tiro ya sekolo. O tla dirisa nako eo ka tsela efe e e nang le matswela? Fa o ka kgona go dira diperesente di le 50 tsa tiro ya sekolo ka nako e e tshwanang, a ga go tshwane le fa o na le diperesente di le 50 tsa nako e e oketsegileng. Ka jalo, dikakantsho dingwe tsa kafa o ka tokafatsang tsela e o dirisang nako ya gago ka yone ke tseno.
▪ Nna le thulaganyo. Pele ga o simolola tiro ya gago ya sekolo, akanyetsa dilo tse di tshwanang le tseno: Ke tshwanetse go simolola ka serutwa sefe pele? Tiro eno e tshwanetse go ntsaya lobaka lo lo kana kang? Ke didirisiwa dife—dibuka, dipampiri, dipene, calculator—tse o tla di tlhokang go dira tiro eno?
▪ Batla lefelo le o tla ithutelang mo go lone. Lefelo le o ithutelang mo go lone le tshwanetse la bo le se na dilo tse di itayang tsebe. Mosha mongwe yo o bidiwang Elyse a re: ‘Fa o na le deseke, dirisa yone. E tla go thusa gore o tlhome mogopolo botoka mo go se o se dirang fa o dutse sentle go na le fa o rapame mo bolaong jwa gago.’ Fa o se na kamore ya gago, gongwe bomogoloo le bomonnao ba ka nna ba go letla gore o nne o le nosi gore o se ka wa iteega tsebe ka nako ya fa o ithuta. Kgotsa gongwe o ka nna wa dirisa paraka kgotsa laeborari ya batho botlhe. Fa o na le kamore ya gago, ga go na go thusa sepe fa o itetla gore o iteege tsebe ka go tshameka thelebishene kgotsa mmino o o itayang tsebe fa o leka go ithuta.
▪ Ikhutse nako le nako. Fa o iphitlhela o eta ka mogopolo morago ga nako e e rileng, fa o ikhutsa ka lobakanyana o tla kgona go boa o tlhoma mogopolo mo go se o se ithutang.
▪ O se ka wa busetsa dilo kwa morago! Katie, yo o nopotsweng pelenyana a re: “Ke tlwaetse go busetsa dilo kwa morago. Ga ke kgone go simolola go dira tiro ya sekolo go fitlha ka motsotso wa bofelo.” Tila go busetsa dilo kwa morago ka go nna le thulaganyo e e tlhomameng ya tiro ya gago ya sekolo o bo o e kgomarele.
Tiro ya sekolo e botlhokwa, mme fela jaaka Jesu a ne a bontsha Maratha, ditiro tse di botlhokwa thata—‘dikarolo tse di molemo’—ke tsa semoya. Tlhomamisa gore tiro ya gago ya sekolo ga e go tseele nako ya dilo tse di botlhokwa tsa semoya tse di tshwanang le go bala Baebele, go nna le seabe mo bodireding le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Dilo tseno ke tsone tse di tla tokafatsang botshelo jwa gago ka bosakhutleng!—Pesalema 1:1, 2; Bahebera 10:24, 25.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Go leka go dira ditiro di le dintsi ka nako e le nngwe go ka dira gore go nne thata gore o bone nako ya go dira tiro ya sekolo
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go rulaganya dilo sentle go ka go thusa gore o bone nako e e oketsegileng ya go dira tiro ya sekolo