Maiteko a go Ganetsa Leina la Modimo
Maiteko a go Ganetsa Leina la Modimo
HANANIAH BEN TERADION e ne e le mokanoki wa Mojuda wa lekgolo la bobedi la dingwaga mme o ne a itsege ka go tshwara dipokano tsa phatlalatsa tse mo go tsone a neng a ruta batho a dirisa Sefer Torah, e leng momeno o o nang le dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. Gape Ben Teradion o ne a itsege ka go dirisa leina la Modimo le go le ruta batho ba bangwe. E re ka dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele di umaka leina la Modimo ka makgetlho a a fetang 1 800, o ne a ka ruta batho Torah jang mme a sa ba rute leina la Modimo?
Le fa go ntse jalo, motlha o Ben Teradion a neng a tshela mo go one e ne e le motlha o o kotsi mo bakanoking ba Bajuda. Go ya ka bakwalahisitori ba Bajuda, mmusimogolo wa Roma o ne a baya molao wa gore motho ope fela yo o neng a ruta le go latela Tumelo ya Sejuda o ne a tshwanelwa ke go atlholelwa loso. Kgabagare, Ben Teradion o ne a tshwarwa ke Baroma. O ne a tshotse khopi ya Sefer Torah fa a tshwarwa. Fa a araba balatofatsi ba gagwe, o ne a bua ka tlhamalalo fela gore o ne a ruta batho Baebele ka go bo a ne a ikobela taelo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, o ne a atlholelwa loso.
Ka letsatsi la go bolawa ga gagwe, Ben Teradion o ne a phuthetswe ka one momeno o a neng a o tshotse wa Baebele fa a ne a tshwarwa. Go tswa foo o ne a fisiwa mo koteng. Encyclopaedia Judaica ya re “gore a tle a utlwe botlhoko lobaka lo loleele, go ne ga bewa mo godimo ga pelo ya gagwe dikgolokwe tsa boboa tse di neng di inilwe mo metsing gore a se ka a swa ka bonako.” Gape o ne a otlhaiwa ka gore go bolawe mosadi wa gagwe le gore morwadie a rekisediwe lefelo la diaka.
Le mororo Baroma e ne e le bone ba bolaileng Ben Teradion setlhogo jalo, Talmud * e bolela gore “o otlhailwe ka go fisiwa ka gonne o ne a bitsa Leina [la Modimo] le feletse.” Ee, Bajuda ba ne ba tsaya go bitsa leina la Modimo e le boleo jo bo masisi tota.
Molao wa Boraro
Go na le bosupi jo bo bontshang gore mo lekgolong la ntlha le la bobedi la dingwaga C.E., Bajuda ba ne ba simolola go nna le dikgopolo tsa tumelobotlhodi malebana le go dirisiwa ga leina la Modimo. Mishnah (ditlhaloso tsa borabi tse di neng tsa nna motheo wa Talmud) e bolela gore “motho yo o bitsang leina la Modimo jaaka le kwalwa” ga a na go bona Paradaise ya mo lefatsheng e e solofeditsweng ke Modimo.
Ke eng se se dirileng gore go nne le thibelo e e ntseng jalo? Bangwe ba bolela gore Bajuda ba ne ba tsaya leina la Modimo le le boitshepo thata gore le ka bidiwa ke batho ba ba sa itekanelang. Kgabagare, batho ba ne ba okaoka le e leng go kwala leina leno. Go ya ka motswedi mongwe wa tshedimosetso, batho ba ne ba boifa go dirisa leina leno ka gonne ba ne ba tshwenngwa ke gore go ka direga gore moragonyana lokwalo lo leina la Modimo le kwadilweng mo go lone lo latlhwe, go bo go felela ka gore leina la Modimo le itshepololwe.
Encyclopaedia Judaica e bolela gore “batho ba ne ba tila go bitsa leina YHWH . . . ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye Molao wa Boraro sentle.” Molao wa boraro mo Melaong e e Lesome e Modimo a neng a e naya Baiseraele wa re: “O se ka wa dirisa leina la ga Jehofa Modimo wa gago ka tsela e e se nang mosola, gonne Jehofa ga a kitla a tlhoka go otlhaya yo o dirisang leina la gagwe ka tsela e e se nang mosola.” (Ekesodo 20:7) Ka gone, molao wa Modimo o o malebana le gore leina la gagwe le se ka la dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang o ne wa fetolwa tumelobotlhodi.
Ga go pelaelo gore gompieno ga go motho ope yo o ka bolelang gore Modimo o ne a tla batla gore motho a fisiwe mo koteng ka go bo a ne a bitsa leina la Gagwe! Le fa go ntse jalo, batho ba sa ntse ba latela tumelobotlhodi ya Sejuda malebana le leina la Modimo. Ba le bantsi ba sa ntse ba tlhalosa ditlhaka di le nnè tsa Thaterakeramatone ba re ke “Leina Le le Ka se Kang la Bidiwa.” Ba bangwe ga ba bitse leina la Modimo sentle ka boomo e re ka ba sa batle go senya ngwao. Ka sekai, mo boemong jwa gore ba re Jah kgotsa Yah fa ba bitsa leina la Modimo le le khutshwafaditsweng, ba re Kah. Ba re Hallelukah mo boemong jwa gore ba re Halelujah. E bile bangwe ba tila go kwala lereo ‘Modimo’ le feletse.
Maiteko a Mangwe a go Fitlha Leina la Modimo
Bodumedi jwa Sejuda ga se jone fela bo tilang go dirisa leina la Modimo. Akanya ka Jerome, yo e neng e le moperesiti wa Katoliki le mokwaledi wa ga Mopapa Damasus I. Ka ngwaga wa 405 C.E., Jerome o ne a wetsa tiro ya gagwe ya go ranolela Baebele yotlhe mo puong ya Selatine, e e neng ya simolola go itsege e le Vulgate ya Selatine. Jerome ga a ka a tsenya leina la Modimo mo thanolong eno ya gagwe. Go na le moo, o ne a dirisa mafoko “Morena” le “Modimo” mo boemong jwa leina la Modimo, a latela tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo motlheng wa gagwe. Vulgate ya Selatine e ne ya nna thanolo ya ntlha ya Baebele ya Katoliki e e dumeletsweng semolao le motheo wa dithanolo di le dintsi tse dingwe tsa dipuo di le mmalwa.
Ka sekai, thanolo ya 1610 ya Katoliki ya Douay
Version, tota e ne e le thanolo e e ranoletsweng mo puong ya Seesemane ya Vulgate ya Selatine. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Baebele eno e ne e se na leina la Modimo gotlhelele. Le fa go ntse jalo, Douay Version e ne e se thanolo e e tlwaelegileng fela ya Baebele. E ile ya nna yone fela Baebele e e dumeletsweng semolao ya Bakatoliki ba Baesemane go fitlha ka dingwaga tsa bo1940. Ee, dimilione tsa Bakatoliki ba ba tlhagafetseng ba ne ba fitlhetswe leina la Modimo ka makgolo a le mantsi a dingwaga.Gape akanya ka thanolo ya King James Version. Ka 1604 kgosi ya kwa Engelane e bong James I, o ne a laela setlhopha sengwe sa bakanoki gore ba ranolele Baebele mo puong ya Seesemane. Dingwaga di ka nna supa moragonyana, ba ne ba golola thanolo ya King James Version, e gape e itsiweng e le Authorized Version.
Baranodi ba ile ba tila go dirisa leina la Modimo le mo thanolong eno, mme ba le dirisa mo ditemaneng di le mmalwa fela. Gantsi leina la Modimo le ne le emisediwa ka “MORENA” kgotsa “MODIMO” go emela ditlhaka tse nnè tsa Thaterakeramatone. Thanolo eno e ne ya nna Baebele e e dirisiwang thata ke batho ba le dimilione. World Book Encyclopedia e bolela gore “fa go sena go gatisiwa King James Version, go ne ga feta dingwaga tse di fetang 200 pele go ka gatisiwa dithanolo tse di botlhokwa tsa Seesemane tsa Baebele. Ka nako eno, King James Version e ne e le thanolo e e dirisiwang ke batho ba le bantsi ba ba buang Seesemane.”
Tseno ke dikai di le tharo fela tsa dithanolo di le dintsi tsa Baebele tse di sa diriseng leina la Modimo tse di ileng tsa gatisiwa mo makgolong a a fetileng a dingwaga. Ga go gakgamatse go bo gompieno bontsi jwa batho ba ba ipolelang fa e le Bakeresete ba okaoka go dirisa leina la Modimo kgotsa ba sa le itse gotlhelele. Ke boammaaruri gore fa dingwaga di ntse di feta, baranodi bangwe ba Baebele ba ile ba tsenya leina la Modimo mo dithanolong tsa bone. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithanolo tseno di ile tsa gatisiwa bosheng jaana mme ga di kgone go tlhotlheletsa batho go le kalo mo tseleng e ba ikutlwang ka yone ka leina la Modimo.
Tlwaelo e e sa Tsamaisaneng le Thato ya Modimo
Batho ga ba dirise leina la Modimo segolobogolo ka ntlha ya dingwao tsa batho, e seng ka ntlha ya se Baebele e se rutang. Mmatlisisi mongwe wa Mojuda e bong Tracey R. Rich, yo e leng mosimolodi wa aterese ya Internet ya Judaism 101, o tlhalosa jaana: “Ga go na sepe mo go Torah se se thibelang motho go bitsa Leina la Modimo. Eleruri, dikwalo di bontsha sentle gore batho ba ne ba tlwaetse go bitsa Leina la Modimo.” Ee, baobamedi ba Modimo ba ne ba dirisa leina la gagwe mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele.
Ga go pelaelo gore, go itse leina la Modimo le go le dirisa go dira gore re tsamaisane le tsela e a batlang re mo obamela ka yone jaaka a ne a obamelwa mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. Seno e ka nna selo sa ntlha se re ka se dirang go nna le kamano le ene, e e leng molemo thata go feta go itse fela gore leina la gagwe ke mang. Tota e bile Jehofa Modimo o kopa gore re nne le kamano e e ntseng jalo le ene. O ne a tlhotlheletsa mafoko a taletso eno e e lorato: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ipotsa gore, ‘Motho yo o swang a ka nna jang le kamano e e ntseng jalo le Modimo Mothatayotlhe?’ Setlhogo se se latelang se tlhalosa kafa o ka nnang le kamano le Jehofa ka gone.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 5 Talmud ke tshobokanyo ya ngwao ya bogologolo ya Sejuda mme e tsewa e le nngwe ya dibuka tse di boitshepo thata le tse di nang le tlhotlheletso e kgolo tsa bodumedi jwa Sejuda.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Halelujah
Ke eng se se tlang mo mogopolong wa gago fa o utlwa lefoko “Halelujah”? Lefoko leno le ka tswa le go gopotsa pina ya ga Handel e e tlhamilweng ka botswerere ka dingwaga tsa bo1700 e e bidiwang “Messiah” e e nang le khorase e e kgatlhang ya Halelujah. Ga go pelaelo gore go na le golo gongwe kwa o kileng wa utlwa lefoko leno “Halelujah” teng. Gongwe e bile o na le go le dirisa gangwe le gape. Mme gone, a o itse gore le kaya eng?
Halelujah—Ke lefoko le le adimilweng mo lefokong la Sehebera ha·lelu-Yahʹ, le le rayang “baka Jah” kgotsa “bakang Jah.”
Jah—Tsela e e monate ya go khutshwafatsa leina la Modimo, Jehofa. Lefoko leno le tlhaga ka makgetlho a a fetang 50 mo Baebeleng, gantsi e le karolo ya lefoko “Halelujah.”
[Lebokoso mo go tsebe 7]
A Leina la Modimo le Teng mo Leineng la Gago?
Gompieno batho ba le bantsi ba sa ntse ba bidiwa ka maina a a mo Baebeleng. Mangwe a one ka Sehebera sa ntlhantlha a ne a na le leina la Modimo. Dingwe tsa dikai tsa maina ano le bokao jwa one ke tseno. Gongwe le wena o bidiwa ka lengwe la maina ano.
Joana—“Jehofa o Ntse a le Pelontle”
Joele—“Jehofa ke Modimo”
Johane—“Jehofa o Amogetse”
Jonathane—“Jehofa o Neile”
Josefa—“E Kete Jah a ka Oketsa” *
Joshua—“Jehofa ke Poloko”
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 34 “Jah” ke khutshwafatso ya leina “Jehofa.”
[Lebokoso mo go tsebe 8]
Ditsela Tse Modimo a Bidiwang ka Tsone mo Baebeleng
Dikwalo Tse di Boitshepo tsa Sehebera di bitsa Modimo ka mareo a le mmalwa a a jaaka Mothatayotlhe, Mmopi, Rara le Morena. Le fa go ntse jalo, makgetlho a Modimo a bidiwang ka leina la gagwe ka one a feta kgakala makgetlho a a bidiwang ka mareo ao otlhe a kopane. Ga go pelaelo gore Modimo o batla gore re dirise leina la gagwe. Sekaseka lenaane le le latelang la mareo ano jaaka a tlhaga mo Dikwalong Tsa Sehebera. *
Jehofa—makgetlho a le 6 973
Modimo—makgetlho a le 2 605
Mothatayotlhe—makgetlho a le 48
Morena—makgetlho a le 40
Modiri—makgetlho a le 25
Mmopi—makgetlho a le 7
Rara—makgetlho a le 7
Mogologolo wa Malatsi—makgetlho a le 3
Motlhatlheledi yo Mogolo—makgetlho a le 2
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 40 Palo e go lekanyediwang gore a tlhaga ka yone mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Modimo yo o Dirang Gore Dilo di Direge
Bakanoki ga ba dumalane ka botlalo malebana le bokao jwa leina la Modimo, Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa go sena go dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng, ba le bantsi ba dumela gore leina leno le tswa mo lediring la Sehebera ha·wahʹ (diragala), le le rayang “O Dira Gore go Diragale.”
Ka gone, mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, * pego e e mo go Ekesodo 3:14 e mo go yone Moshe a neng a botsa Modimo leina la gagwe, e ranotswe jaana: “Foo Modimo a raya Moshe a re: ‘Ke tla nna se ke tla nnang sone.’ Mme a oketsa a re: ‘O tla raya bomorwa Iseraele o re, “Ke tla nna o nthomile kwa go lona.”’”
Thanolo eno e a tshwanela ka gonne Modimo o kgona go nna sengwe le sengwe se a tlhokang go nna sone. Ga go na sepe se se ka mo thibelang go nna se a tlhokang go nna sone gore a diragatse thato ya gagwe. Ka metlha o diragatsa maikaelelo le ditsholofetso tsa gagwe. Ka tsela e e tlhomologileng Modimo o ne a itshupa e le Mmopi, ene yo o nang le maatla a a ka se kang a lekanngwa le sepe a go dira gore dilo di direge. O dirile gore go nne le lobopo. Gape o bopile diketekete tsa dibopiwa tsa semoya. Eleruri, ke Modimo yo o dirang gore dilo di direge!
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 55 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Setshwantsho se se gabilweng se se bontshang fa Hananiah ben Teradion a bolawa
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Mafelo a Leina la Modimo le Tlhagang le Bonala Sentle mo go One
1. Kereke nngwe kwa Lomborg, Denmark, ya lekgolo la bo17 la dingwaga
2. Fensetere e e mebalabala ya kereke e kgolo kwa Bern, Switzerland
3. Momeno wa Lewatle le le Suleng wa Dipesalema, ka mokwalo wa bogologolo wa Sehebera, kwa Iseraele mo e ka nnang ka 30-50 C.E
[Motswedi wa Setshwantsho]
Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem
4. Madi a tshipi a Sweden, 1600
[Motswedi wa Setshwantsho]
Kungl. Myntkabinettet, Sveriges Ekonomiska Museum
5. Buka ya dithapelo ya Sejeremane, 1770
[Motswedi wa Setshwantsho]
From the book Die Lust der Heiligen an Jehova. Oder: Gebaet-Buch, 1770
6. Mokwalo o o mo lejeng, kwa Bavaria, Jeremane
7. Leje la Bamoabe, kwa Paris, Fora, 830 B.C.E.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Musée du Louvre, Paris
8. Mokwalo o o takilweng mo serotobolong sa kereke, kwa Olten, Switzerland