Ke Eng se se Bakang Mathata a Temothuo?
Ke Eng se se Bakang Mathata a Temothuo?
“Badiri ba Farm Stress Line ba thapiseditswe go go thusa go lebana le go ngomoga pelo go go bakwang ke mathata a temothuo. Bangwe ba rona re balemirui mme bangwe re kile ra bo re le bone—fela jaaka wena—mme re tlhaloganya mathata a a lebaneng batho ba dipolase. Re ka kgona go go golaganya le batho ba ba ka go thusang. . . . Dilo tsotlhe tse re di buang le wena mo founong re di boloka e le sephiri.”—Go tswa mo atereseng ya Internet ya mmuso wa Canada.
BADIREDI ba le bantsi ba tsa boitekanelo jaanong ba lemoga gore go ngomoga pelo ke bothata jo bo kotsi mo tirong ya temothuo. Go thusa balemirui gore ba itshokele seno, go na le dingaka tsa malwetse a tlhaloganyo tse di ithutetseng tiro ya go thusa batho ba ba ngomogileng pelo ka ntlha ya temothuo, mme ba ba thusa ka dilo di tshwana le go bopa ditlhopha tsa batho ba ba nang le bothata jo bo tshwanang ba ba kopanang ka metlha go tlotla ka bothata jwa bone le go kgothatsana, le tirelo ya nomore ya mogala e batho ba temothuo ba ka e leletsang fa ba tlhoka thuso kana kgakololo.
Jane, yo e leng mosadi wa molemi mongwe, o nna gone mo setlhopheng se se kopanang mo bosigong jwa Labone go tla go gakololana. Jane o tlhalosa jaana: “Ke tlile fano ka gonne monna wa me o ipolaile. O ne a eletsa thata go lema polase ya gaabo, mme ke akanya gore e rile a bona a palelwa ke go dira jalo, a fitlhela go se na tiro epe e nngwe e a ka e dirang.”
Batho ba le bantsi ba ile ba lemoga go oketsega ga palo ya balemirui ba ba batlang thuso ya go lebana le go ngomoga pelo. Mme tota ke eng se se bakang mathata a balemirui ba lebanang le one?
Masetlapelo a Tlholego le Malwetse
Aterese ya puso ya Internet e e nopotsweng kwa tshimologong e bolela jaana: “Dilo di le dintsi tse di amang botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa molemirui—maemo a bosa, ditlhwatlhwa tsa dilwana, seelo sa morokotso le go robega ga didirisiwa tsa temo—ke tse o ka se kang wa di laola. Tota le go tlhopha fa gare ga dilo tse pedi tse di tshwanang le gore ke sejalo sefe se o ka se jalang kana gore a o rekise polase kana o e beye mo tlhokomelong ya baadimisi ba madi le gone go ka ngomola pelo, e re ka matswela a tshwetso ya gago a ka nna molemo kana a nna maswe.” Fa dilo tseno di kopana le matshosetsi a a masisi a leuba kana malwetse kana go latlhegelwa ke polase, motho a ka nna a fekeediwa thata ke go ngomoga pelo.
Ka sekai, leuba le ka ama molemirui ka ditsela tse pedi ka nako e le nngwe. Molemirui mongwe e bong Howard Paulsen o tlhalositse fa leuba la 2001, le e neng e le le le maswe go gaisa otlhe mo hisitoring ya Canada, le amile dijalo tsa gagwe le leruo la gagwe. E re ka go ne go se na mafulo kana dijalo tse di ka rojwang, o ne a tshwanelwa ke go rekela diruiwa dijo. O ne a re: “Ke setse ke dirisitse didolara di le 10 000 [R57 000] go reka dijo tsa diruiwa mme jaanong ke di fa dijo tse ke neng ke tshwanetse go di fa tsone mariga. Fa o simolola go dira seno, ga o tlhole o bona poelo tota le mo leruong.” Mo mafelong a mangwe, merwalela e sentse dipolase di le dintsi—e senya le dijalo tsotlhe.
Go runya ga bolwetse jwa molomo le tlhakwana kwa Boritane ka 2001 e ne e le bothata jwa bosheng mo mathateng a a latelanang a balemirui ba Boritane ba ileng ba nna le one, go akaretsa le bolwetse jwa botsenwa jwa dikgomo le jwa letshoroma la dikolobe. Malwetse ano—le letshogo le batho ba nnang le lone ka ntlha ya one—ga a bake mathata a tsa ikonomi fela. Agence France-Presse e ne ya bega jaana: “Banna ba ba nonofileng ba dipolase, ba e seng mofuta o o lelalelang fela, ba ile ba bonwa ba lela fa ba ntse ba lebile badiredipuso ba malwetse a diphologolo ba latlhela metlhape ya bone mo leubelong, e ba feditseng dingwaga di le dintsi ba e ruile.” Morago ga go runya ga bolwetse jwa molomo le tlhakwana, mapodise a ne a simolola go gapa ditlhobolo tsa balemirui ba go bonalang ba ka nna ba ipolaya. Ditheo tse di nayang kgakololo di ne tsa amogela megala e le mentsi e e tswang mo balemiruing ba ba tlhobaelang.
Maemo A a Sa Tlhomamang a Ikonomi
Gape go ntse go nna le diphetogo tse dikgolo mo maemong a ikonomi. Khabara e e kwa morago ya buka ya Broken Heartland e balega jaana: “Gareng ga 1940 le bogare jwa bo1980, madi a a dirisitsweng mo ditshenyegelong tsa temothuo kwa Heartland [kgaolo e e itsegeng thata ka temothuo] kwa Amerika, a ile a oketsega go menagane gararo, a a dirisitsweng go reka metšhine ya temo a ne oketsega go menagane ganè, seelo sa morokotso se oketsegile go menagane ga lesome, dipoelo di wetse kwa tlase ka diperesente di le 10, palo ya balemiruri e fokotsegile ka peditharong, mme mo e batlileng e nna lefelo lengwe le lengwe la dipolase le ile la amiwa ke go fuduga ga baagi ba lone, go latlhegelwa ke kgwebo le go amiwa ke go se tlhomameng ga ikonomi.”
Ke eng fa dipoelo di sa oketsege fa madi a ditshenyegelo a ntse a oketsega? Mo lefatsheng la gompieno le mo go lone batho botlhe ba ikaegileng ka ba bangwe, balemirui ba amiwa ke dilo tse di amanang le mebaraka ya boditšhabatšhaba. Ka gone, balemirui ba iphitlhela ba gaisana le batlhagisi ba bangwe ba dijo ba ba nnang kgakala. Ke boammaaruri gore kgwebo ya boditšhabatšhaba e dirile gore go nne le mafelo a masha a dijo tsa dipolase di ka rekisiwang kwa go one, le fa go ntse jalo, mmaraka wa lefatshe lotlhe o ka nna le bothata jwa go se tlhomame. Ka sekai, ka 1998 batho ba le mmalwa ba ba tlhagisang dijo tsa dithoro le nama ya kolobe kwa Canada ba ne ba sala ba se na madi fa maemo a ikonomi a bareki ba bone ba kwa Asia a ne a phutlhama.
Go Fuduga ga Batho
Porofesa Mike Jacobsen wa Yunibesithi ya Iowa, yo o itseng dikgang tse di amanang le dipolase, o lemogile gore mathata a dipolase gape ke mathata a batho ba metse ya dipolase. A re: “Mafelo ano a siametse bana, a phepa e bile ke mo o ka batlang go nyala gone le go godisetsa bana ba gago gone. Dikolo tsa teng di mo boemong jo bontle. Di babalesegile. A ga go boammaaruri gore ke kafa batho ba lebang mafelo ano ka teng? Mme
gone, maemo a ikonomi a ditoropo tseno a ikaegile fela thata ka malapa a se kae a mannye a dipolase a a di dikologileng.” Ka ntlha ya seno, mathata a temothuo gape a itshupa ka go tswalwa ga dikokelo, dikolo, diresetšhurente, mabenkele le dikereke tsa ditoropo tsa metseselegae. Sengwe sa dilo tse di kgatlhang thata ka botshelo jwa dipolase, e leng go momagana ga batho ba teng, le gone go a nyelela.Ka gone, ga go gakgamatse go bo makasine wa Newsweek o bontsha gore mo e ka nnang diperesente di le 16 tsa batho ba Amerika ba ba nnang mo dipolaseng ba tshelela mo lehumeng le legolo. Geoffrey Lawrence mo pegong ya gagwe ya setlhogo se se reng “Mathata a Dipolase Kwa Australia,” o ne a tlhalosa gore kwa Australia, “selekanyo sa go tlhoka tiro, go bereka tiro ya nakwana le lehuma se oketsegile fela thata mo mafelong a dipolase go na le a mo ditoropong.” Maemo a ikonomi a a sa tlhomamang a ile a pateletsa malapa a le mantsi—segolobogolo a batho ba ba sa leng basha—go fudugela kwa ditoropong. Sheila, yo o berekang polase le lelapa la gagwe, o botsa jaana: “Boemo jono bo tla tswelela lobaka lo lo kae pele ga go sa tlhole go na le ope yo o batlang go lema?”
Bontsi jwa ditoropo tsa dipolase di setse ka batho ba ba godileng ka ntlha ya go fudugela ga basha ba teng kwa ditoropong tse dikgolo. Batho bano ba ba godileng ba dipolase ga ba latlhegelwe fela ke maatla a basha ba nang le one mme gape ba sala ba se na tshegetso e batho ba ba godileng ba e tlhokang—gantsi ka nako e ba tlhokang tlhokomelo eno thata ka yone. Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba ba godileng ba dipolase ba tlhakanngwa tlhogo le go tshosiwa ke diphetogo tseno tse di diregang ka bonako.
Ka gone mathata a temothuo a a boitshega e bile a ama dilo di le dintsi. A re ama rotlhe. Le fa go ntse jalo, jaaka fa setlhogo sa rona se se latelang se tla bontsha, go na le lebaka la go dumela gore mathata a temothuo a tla fedisiwa.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Mo lefatsheng la gompieno le mo go lone batho botlhe ba ikaegileng ka ba bangwe, balemirui ba amiwa ke dilo tse di amanang le mebaraka ya boditšhabatšhaba
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Boemo jono bo tla tswelela lobaka lo lo kae pele ga go sa tlhole go na le ope yo o batlang go lema?”
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]
TEMO E E SA DIRISENG DIKHEMIKALE
Batho ba le bantsi ba simolola go amogela dijo tse di godisiwang go sa dirisiwe dikhemikale. Mebaraka e e rekisang dijo tsa mofuta ono kwa Canada e oketsega ka selekanyo sa mo e ka nnang diperesente di le 15 ngwaga le ngwaga.
Mofuta ono wa dijo ke eng? Pego ya Department of Agriculture, Food and Rural Development ya kwa Alberta e di tlhalosa e le “dijo tse di lengwang le go godisiwa go sa dirisiwe dikhemikale tse di itiretsweng ke motho, se se dirang gore mmu o nne o itekanetse, diphologolo le dimela tse di farologaneng di se ka tsa nyelela, diphologolo di tshwarwe ka tsela e e siameng le mekgwa e e siameng ya go tshwara tikologo.”
Balemi ba mofuta ono wa dijo ba bolela gore seno se farologane le tsela e dikgwebo tse dikgolo tsa temo di tlhagisang dijo ka yone. Katharine Vansittart o kwadile jaana mo Canadian Geographic: “Dipolase tse dikgolo go lebega di lema dijalo di le dingwe ka bontsi, tse dikungo tsa tsone tse dintsi di nnang gone go dirisiwa thata metšhine ya temo le selekanyo se sentsi sa dibolayaditshenekegi le menontsha e e itiretsweng ke motho. Mo godimo ga gore go nna le masalela a dikhemikale tseno a a salelang mo dijong, selekanyo sa dikotla tsa tsone le sone se a fokotsega fa di rojwa pele ga di butswa sentle, e re ka seno se tlhokega fa e le gore di tlile go tsamaya sekgala se seleele fa di isiwa kwa mmarakeng. Gore go tlhomamisiwe gore dijo tseno di goroga kwa di isiwang gone di sa ntse di siame, di ka nna tsa tshelwa digase, tsa tshasiwa boreku kana tsa thelwa dikhemikale tse di dirang gore di se ka tsa bola ka bonako.”
Ke bomang ba ba rekang dijo tse di lengwang go sa dirisiwe dikhemikale? Pego ya kwa Alberta ya re batho ba ba di rekang “ke ba go tloga ka basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba amegileng ka boitekanelo jwa bone, bommè ba ba amegileng ka bana ba bone go ya go batsofe. . . . Ga e sa tlhole e le fela batho ba mahipi ba dingwaga tsa bo1960 le bo1970.”
Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba dumelang gore dijo tseno di botoka. Canadian Geographic ya re: “Tsela e dijo tseno di turang ka yone e dira gore batho ba ba ratang go belaela dilo ba belaele mosola wa tsone kwantle ga bosupi jwa dipatlisiso tsa saense. Ba bangwe ba tshwenyega ka dijo tse di tlhagisiwang ka ditsela tse pedi le tse bahumanegi ba se nang madi a go di reka.” Batho ba ba buelelang dijo tse di tlhagisiwang go sa dirisiwe dikhemikale ba bolela gore fa go ka nna le diphetogo mo tseleng e dijo di jewang ka yone, tsela e di phuthelwang le go bewa ditlhwatlhwa ka yone le mo tseleng e di isiwang ka yone kwa di tlhokegang gone go ka dira gore dijo tseno di bonwe ke batho botlhe go sa kgathalesege maemo a bone a itsholelo. Fa go lebelelwa dikgopolo tse di farologaneng tse di leng gone le tshedimosetso ya saense, go bonala kganetsano e e malebana le dijo tse di tlhagisiwang go sa dirisiwe dikhemikale e se kitla e fela gone jaanong.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8]
DIBOLAYADITSHENEKEGI—BOTHATA JWA BALEMIRUI
Mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ditshenekegi le malwetse a dijalo di sentse mo e ka nnang diperesente di le 75 tsa dijalo. Tharabololo e le yosi fela ya seno ke go jala dijalo di le dintsinyana. Lekwalodikgang lwa Globe and Mail lo bega jaana: “Balemi ba Canada ba lekile go di goga kwa pele mo kgaisanong ka go dirisa mekgwa ya temo e e tla dirang gore ba tlhagise dikungo di le dintsi, gore ba nne le di le dintsi tse ba tla di rekisang.” Mme gone, Terence McRae wa setheo sa Canada se se tlhokometseng tikologo o tlhagisa jaana: “Bontsi jwa diphetogo tseno di dirile gore dilo tse di ka senyang tikologo ka ntlha ya temo di oketsege.”
Go tweng ka go dirisiwa ga dibolayaditshenekegi? Seno le sone se bakela balemi mathata, e re ka go sa ntse go ganetsanwa ka matswela a dibolayaditshenekegi le kafa di leng kotsi ka gone mo boitekanelong. Pego ya World Health Organization e ile ya dumela gore go sa ntse go sa itsiwe ka botlalo ka botlhole le dikotsi tse bontsi jwa dibolayaditshenekegi bo nang le tsone. Go ka nna ga nna le dikotsi tse di oketsegileng fa dibolayaditshenekegi di ntse di fetisediwa mo modikologong wa dijo. Diphologolo di ja dimela tse di tshetsweng dibolayaditshenekegi, mme batho bone ba bo ba ja diphologolo tseno.
[Motswedi wa Setshwantsho]
USDA Photo by Doug Wilson