A Bakeresete ba Tshwanetse go Dira Dilo ka Tsela e e Tshwanang Gore ba Utlwane?
Kgopolo E e Mo Baebeleng
A Bakeresete ba Tshwanetse go Dira Dilo ka Tsela e e Tshwanang Gore ba Utlwane?
GOMPIENO, bodumedi bo itsege ka go tlhoka kutlwano. Tota le mo bodumeding jwa batho ba ba tsenang kereke e le nngwe, go ka nna le ditumelo tse di farologaneng tse di sa dumalaneng malebana le tsela e ba rutang ka yone le e ba itshwarang ka yone. Mokwadi mongwe o baya kgang eno jaana: “E bile go thata go bona batho ba babedi ba ba dumelang mo Modimong a le mongwe fela. Mo metlheng eno, go bonala motho mongwe le mongwe e le thutabodumedi ka boene.”
Go farologana le seno, moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Korintha gore ba “bue ka tumalano” le gore ba “nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.” (1 Bakorintha 1:10) Batho ba bangwe gompieno ga ba dumalane le kgakololo eno ya ga Paulo. Ba re, ‘batho ga ba tshwane, mme ga go utlwale go gatelela gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go akanya le go dira dilo ka tsela e e tshwanang.’ Mme a Paulo o ne a kgothaletsa gore batho ba tshwane mo dilong tsotlhe? A Baebele e letla gore batho ba nne le kgololesego ya botho?
Kutlwano e Seng go Tshwana
Mo go lengwe la makwalo a gagwe, Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete go direla Modimo ka ‘maatla a bone a go akanya.’ (Baroma 12:1) Ka jalo, go phepafetse gore o ne a ka se ka a dira gore maloko a phuthego ya Korintha a dire dilo jaaka motšhine o o sa kgoneng go akanya. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a ba bolelela gore ba “nne seoposengwe ka tsela e e tshwanetseng mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya”? Paulo o ne a ba neela kgakololo eno ka gonne phuthego eno ya Korintha e ne e na le mathata a a masisi. Go ne go setse go na le makoko, e leng se se neng se dira gore ba bangwe ba tseye Apolose e le moeteledipele wa bone fa ba bangwe bone ba ne ba rata Paulo kgotsa Petere kgotsa ba amogela Keresete fela. Go tlhoka kutlwano moo go ne go le masisi ka gonne go ne go dira gore go se ka ga nna le kagiso mo phuthegong.
Baefeso 4:3) O ne a kgothaletsa bakaulengwe gore ba latele Jesu Keresete ba le seoposengwe, mme ba se ka ba kgaogana ka ditlhopha tse di sa utlwaneng kgotsa makoko. Ka tsela eo, ba ne ba tla nna ba utlwana mo go se ba se dirang. (Johane 17:22) Ka jalo, Paulo o ne a gakolola Bakorintha gore ba siamise tsela e ba neng ba akanya ka yone le gore ba utlwane e seng gore ba tshwane.—2 Bakorintha 13:9, 11.
Fela jaaka a ne a gakolola Bakeresete ba kwa Efeso moragonyana, Paulo o ne a batla gore Bakorintha ba ‘boloke bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.’ (Gape, go botlhokwa gore go nne le kutlwano mo dikgannyeng tsa thuto. Batho ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu ba a itse gore go na le “tumelo e le nngwe fela” fela jaaka go na le “Modimo a le mongwe le Rara.” (Baefeso 4:1-6) Ka jalo, Bakeresete ba tlhomamisa gore se ba se dumelang se dumalana le boammaaruri jo Modimo a bo senotseng mo Lefokong la gagwe ka ga gagwe le ka maikaelelo a gagwe. Ba a utlwana mo tumelong ya bone ya gore Modimo ke mang le gore o batla ba direng. Gape, ba tshela ka ditekanyetso tsa boitsholo tse di leng mo Lefokong la Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka jalo, Bakeresete ba a utlwana mo go se ba se rutang le tsela e ba itshwarang ka yone.
Go Rarabolola Dikgotlhang
Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Mokeresete mongwe le mongwe o bolelelwa ka tlhamalalo tsela e a tshwanetseng go akanya ka yone le gore a direng mo maemong otlhe a botshelo. Gantsi go ya fela ka gore ene o tlhopha go dirang. Akanya ka sekai seno. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bakeresete ba le bantsi ba kwa Korintha ba ne ba na le dipelaelo ka ga go ja nama e gongwe e tswang kwa tempeleng ya medimo ya ditshwantsho. Ba bangwe ba ne ba dumela ba sa okaoke gore go ja nama eo go ne go tshwana le go obamela medingwana ya ditshwantsho, fa ba bangwe bone ba ne ba bona go se botlhokwa gore nama e ne e tswa kae. Fa Paulo a ne a rarabolola bothata jono jo bo masisi, ga a ka a tlhoma molao o o neng o bolelela Bakeresete se ba neng ba tshwanetse go se dira. Go na le moo, o ne a dumela gore batho ba ka nna ba dira ditshwetso tse di farologaneng ka kgang eno. *—1 Bakorintha 8:4-13.
Gompieno, Bakeresete ba ka nna ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng le tsa Bakeresete ba bangwe mo dikgannyeng tse di amang mmereko, boitekanelo, boitlosobodutu kgotsa dilo tse dingwe tse motho a tshwanetseng go itirela tshwetso mo go tsone. Go se tshwane moo, go ka tshwenya ba bangwe. Ba ka nna ba ipotsa gore a go se tshwane mo tseleng e go dirwang dilo ka yone go ka baka dikganetsano le dikgaogano mo phuthegong. Le fa go ntse jalo, diphelelo tse di ntseng jalo ga di ka ke tsa tilwa. Ka sekai: Bakwadi ba mmino ba na le palo ya dinnoto di le mmalwa fela tsa mmino tse ba berekang ka tsone, le fa go ntse jalo, ba ka kgona go di dirisa go tlhama mmino le fa e ka nna ofe o o monate o ba o batlang. Ka tsela e e tshwanang, ditshwetso tse Bakeresete ba di dirang di laolwa ke melaometheo ya Modimo. Le fa go ntse jalo, ba na le kgololesego ya go itlhophela fa ba dira ditshwetso tsa botho.
Go kgonega jang gore motho a boloke kutlwano ya Bokeresete a ntse a tlotla ditshwetso tsa batho ba bangwe? Selo se se ka thusang ke lorato. Go rata Modimo go re tlhotlheletsa gore re ikobele ditaolo tsa gagwe ka go rata. (1 Johane 5:3) Go rata beng ka rona go re tlhotlheletsa gore re tlotle tshwanelo ya bone ya go dira ditshwetso tsa botho tse digakolodi tsa bone di ba letlang go di dira. (Baroma 14:3, 4; Bagalatia 5:13) Paulo o ne a re tlhomela sekao se se molemo mo kgannyeng eno fa a ne a ikobela taolo ya setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga mo kgannyeng e e neng e le malebana le thuto. (Mathaio 24:45-47; Ditiro 15:1, 2) Ka tsela e e tshwanang, o ne a kgothaletsa mongwe le mongwe gore a tlotle digakolodi tsa Bakeresetekabone mo dikgannyeng tse motho a neng a tshwanetse go itirela tshwetso mo go tsone.—1 Bakorintha 10:25-33.
Go phepafetse gore ga go motho yo o tshwanetseng go kgalwa fa a dira tshwetso e e amang segakolodi sa gagwe mme e se kgatlhanong le melaometheo ya Baebele. (Jakobe 4:12) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba kitla ba gatelela gore go dirwe dilo ka tsela ya bone mme e le e e ka gobatsang digakolodi tsa ba bangwe kgotsa e e ka senyang kutlwano mo phuthegong. E bile ga ba a tshwanela go bolela gore ba na le kgololesego ya go dira selo se se rileng mme e le se Lefoko la Modimo le se kgalang ka tlhamalalo. (Baroma 15:1; 2 Petere 2:1, 19) Go rata Modimo go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dumalanye digakolodi tsa rona le tsela e Modimo a akanyang ka yone. Mme kwa bokhutlong, seno se tla dira gore re nne re utlwana le bakaulengwe ba rona.—Bahebera 5:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 10 Ka sekai, go ka nna ga direga gore bangwe ba ba neng ba obamela medingwana ya ditshwantsho pele e nna Bakeresete, ba ne ba sa kgone go bona pharologanyo ya go ja nama le go nna le seabe mo kobamelong. Selo se sengwe se a neng a se akanyetsa ke gore Bakeresete ba ba neng ba ise ba nonofe semoyeng, ba ne ba ka nna ba bona dilo ka tsela e e phoso mme ba kgopisega.