Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse go Senka Kaelo mo Dipalong?

A o Tshwanetse go Senka Kaelo mo Dipalong?

A o Tshwanetse go Senka Kaelo mo Dipalong?

A SAENSE le mabaka di ema masaitseweng a dipalo nokeng? A dipalo ke tsone di ka dirisiwang go senola isagwe ya rona? A isagwe ya gago e tshwanetse go ikaega ka masaitseweng a dipalo le dilo tse di a bolelelang pele?

Bothata bongwe jo baithuti ba masaitseweng a dipalo ba palelwang ke go bo fenya ke gore ditso tse di farologaneng di dirisa dikhalendara tse di sa tshwaneng. Ka sekai, go tweng fa motho a nna kwa lefelong le go dirisiwang khalendara ya Se-China kwa go lone? Akanya ka letlha le le umakilweng mo setlhogong se se simololang—September 11, 2001. Go ya ka khalendara ya Se-China, letlha leo e ne e le letsatsi la bo24 la kgwedi ya bo7 la ngwaga wa bo18 la modikologo wa bo78. Khalendara ya Julian e ne e tla tlhagisa lone letlha leo e le August 29, 2001. Go ya ka khalendara ya Bamoseleme, letlha leo e ne e le 22 Jumada II 1422, mme ka khalendara ya Sehebera e le 23 Elul 5761. Go ka tla jang gore palo ya letlha le le tlhalosiwang ka ditsela tse dintsi jaana e nne le bokao bongwe? Ntlha e nngwe ke e: Gantsi puo nngwe le nngwe e bitsa maina ka tsela e e leng ya yone fela. Ka sekai, go ya ka masaitseweng a dipalo, ditlhaka tsa leina la Seesemane e leng John, di tlhalosiwa di emelwa ke palo ya 2 , mme ditlhaka tsa Se-Spain tsa lone leina leo—Juan—di tlhalosiwa di emelwa ke palo ya 1. 

Ke boammaaruri gore dilo di le dintsi mo lobopong di ka tlhalosiwa ka melawana e e amanang le thuto ya dipalo. Melawana eno e ka lekwa ya ba ya supiwa fa e nepile. Mme gone, ga go utlwale go bolela gore leina la gago le ne le laoletswe go tshogana le amana le letlha la gago la matsalo le go amana le dipalo dingwe tse di ka dirisiwang go tlhotlhomisa isagwe ya gago.

Ga go pelaelo gore: Ruri ga go utlwale go dumela gore diponelopele tsa masaitseweng a dipalo di boammaaruri, fa e le fano di ikaegile ka dilo tse di farologaneng thata jaana tse di jaaka dikhalendara le dipuo.

“Motlha le Tiragalo E e Sa Bonelwang Pele”

Batho bangwe ba kgatlhegela masaitseweng a dipalo ka gonne ba batla go bonela pele botshelo jwa bone. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa ka tlhamalalo gore batho ba ka se ka ba kgona go bonela botshelo jwa bone pele. Ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo; ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Ee, dilo di le dintsi di direga di sa lebelelwa. Seo se dira gore go se ka ga kgonega gore batho ba bonele botshelo jwa bone pele ba dirisa letlha la matsalo kana palo nngwe e e amanngwang le leina la motho.

Akanya ka sekai se sengwe: Baebele e bolela jaana fa e re kgothaletsa go nna pelotshweu: “Latlhela senkgwe sa gago mo godimo ga metsi, gonne o tla se bona gape morago ga malatsi a mantsi. Naya ba le supa sengwe sa sone, kgotsa ba le robedi, gonne ga o itse masetlapelo a a tla tlang mo lefatsheng.” (Moreri 11:1, 2) Gantsi masetlapelo ke selo se batho ba sa kgoneng go se bonela pele. Ke gone ka moo porofesa wa thuto ya dipalo e bong Underwood Dudley a buang jaana ka baithuti ba masaitseweng a dipalo: “Ba palelwa ke go dumela gore dilo di ka tshogana fela di diragala. Dilo tse di gakgamatsang di ka diragala fela di sa lebelelwa.”

Ke boammaaruri gore baithuti ba masaitseweng a dipalo ba ka bonela pele dilo dingwe mme di bo di direga. Ke eng se se ba thusang go dira jalo? Ka dinako dingwe go ka dirwa ke go welana fela ga ditiragalo. Mme gape, ka dinako tse dingwe baithuti bano ba masaitseweng a dipalo ba tlhalosa dilo ka tsela e e atlabetseng e e ka nnang ya amanngwa le dilo di le dintsi. Go na le sengwe gape se se masisi thata se se tshwanetseng go akanyediwa.

A ke Mofuta Mongwe wa Boitseanape?

Baebele ga e umake masaitseweng a dipalo ka tlhamalalo. Mme gone e umaka Hamane, Moamaleke yo o neng a loga leano la gore Bajuda botlhe ba ba neng ba le kwa Peresia ba bolawe mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. Pego eo ya re: “Hamane a laela gore go latlhelwe bola (bo ne bo bidiwa ‘purime,’) go bona gore ke letsatsi lefe le kgwedi efe tse di siametseng gore a diragatse leano la gagwe ka tsone. Go ne ga dirwa tshwetso ya gore le diragadiwe ka letsatsi la bolesometharo la kgwedi ya bolesomepedi ya Adare.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Esethere 3:7, Today’s English Version.

Mo metlheng ya bogologolo, go latlhela bola e ne e le tsela e go neng go rarabololwa dikgang ka yone. * (Diane 18:18) Mme Hamane ene o ne a dirisa bola go leka go bonela dilo pele—selo se Baebele e se kgalang. Duteronome 18:10-12 e bolela gore Modimo o ila “ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele . . . Mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.”

Baebele e amanya boitseanape le maatla a masaitseweng a tirisabadimo. Meya e e boikepo e ka laola ditiragalo gore di amane le maikaelelo a yone. E ka ne go ntse jalo mo maemong a a rileng fela kana nnyaa, sengwe se re tlhomamisegang ka sone ke go re: Modimo o kgala tirisabadimo, mme e ka dira gore motho a laolwe ke meya e e boikepo.—1 Samuele 15:23; Baefeso 6:12.

Masaitseweng a dipalo ga a tshegediwe ke saense, ga a na tlhaloganyo fa a sekasekiwa ka kelotlhoko go ya ka mabaka. Se se botlhokwa thata ke go re, masaitseweng a dipalo ke mofuta wa boitseanape jo Baebele e bo kgalang. Ka ntlha ya seo, masaitseweng a dipalo ga se tsela e e molemo ya go kaela botshelo jwa gago kana ya go rulaganyetsa isagwe ya gago.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Fa go ne go latlhelwa bola, go ne go dirisiwa dilonyana tse dinnye tse di jaaka matlapa a mannye, kana magong a mannye—a tsenngwa mo momenong wa seaparo kana mo nkgwaneng. Go tswa foo di bo di kgotlhokgotshiwa. Motho yo go neng go tla gogiwa bola jwa gagwe e ne e nna ene yo o tlhophiwang.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

MEFUTA E E FAROLOGANENG YA DIKHALENDARA E DIRA GORE MASAITSEWENG A DIPALO A NNE LE MATHATA

YA GREGORY September 11, 2001

YA SE-CHINA letsatsi la bo24 la kgwedi ya bo7 ya ngwaga wa bo18

wa modikologo wa bo78

YA JULIAN August 29, 2001

YA BAMOSELEME 22 Jumada II 1422

YA SEHEBERA 23 Elul 5761

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

A TEPODINALEDI E A IKANYEGA?

“Ka dinako tse dingwe o botsalano e bile o a itshepa, mme ka dinako tse dingwe ga o bue thata. O bona go se botlhale go itshenolela batho ba o sa ba itseng. O motho yo o sa dumeleng sengwe le sengwe fela, yo o batlang bosupi pele ga o dumela sengwe. O motho yo o ratang dilo tse di farologaneng mo botshelong, mme o na le go se rate fa o beelwa melao. O na le bokgoni jo bontsi mme ga o ise o bo dirise ka botlalo. O na le go itshwaya diphoso le go inyatsa.”

A eno ke tsela e o leng ka yone? Fa e le gore go ntse jalo, gongwe o ka tswa o dira gore tlhaloso eno e nne le bokao jo bo fetang jo e tshwanetseng go nna le jone. Mme gone, bontsi jwa se se bolelwang fa godimo se boammaaruri mo bathong ba le bantsi. Ka gone, babadi ba na le go dumalana le mafoko a ba akanyang gore a boammaaruri ba bo ba itlhokomolosa a ba tsayang gore ga a nna jalo. Go ya ka buka ya Why Do Buses Come in Threes—The Hidden Mathematics of Everyday Life, “babatlisisi ba bolela gore fa matshwao a dinaledi a ntshitswe mo mekwalong ya tepodinaledi, batho ga ba kgone go lemoga gore ke serapa sefe se se dumalanang le letshwao la bone, mme fa matshwao a tsentswe ba dumela fa mokwalo wa naledi ya bone o le boammaaruri.”

[Lebokoso mo go tsebe 24]

DIPALO TSA TSHWANTSHETSO MO BAEBELENG

Dipalo dingwe mo Baebeleng di na le bokao jwa tshwantshetso, go ya ka se go buiwang ka sone mo Dikwalong tse di dirisitsweng mo go tsone. Ka sekai, palo ya nnè e dirisiwa go kaya botlalo kana sengwe se se akaretsang gotlhe. Seno se bonala mo mafokong a a jaaka “dintlheng tse nnè tsa lefatshe” le “diphefong tse nnè tsa magodimo.” (Isaia 11:12; Daniele 8:8) Ka dinako tse dingwe palo thataro e emela bosaitekanelang. Selo se se kgatlhang ke gore, palo e e neilweng tsamaiso ya ga Satane ya mo lefatsheng ya dipolotiki mo bukeng ya Tshenolo ke “palo ya motho”—666. (Tshenolo 13:18) Fano thataro e boelediwa gararo, e leng se se gatelelang bosaitekanelang jwa tsamaiso eno e e tshwantshediwang ke sebatana. Fa palo supa e dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso, e emela botlalo. (Lefitiko 4:6; Bahebera 9:24-26) Dipalo tseno le tse dingwe tsa tshwantshetso tse di dirisiwang mo Dikwalong di na le bokao go ya ka tsela e di dirisitsweng ka teng mo boporofeting.

Le fa Dikwalo di dirisa dipalo dingwe go tshwantshetsa sengwe, Baebele ga e re kgothaletse go amanya ditlhaka tsa mafoko mangwe le dipalo go ribolola boammaaruri bongwe jo bo fitlhegileng.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Hamane o ne a dirisa boitseanape go tlhopha letlha le a tla diragatsang leano la gagwe la go gaila morafe ka lone