Mapodise—Go Tlile go Direga Eng ka One?
Mapodise—Go Tlile go Direga Eng ka One?
FA GO ka bo go se na mapodise gongwe go ne go tla itirelwa maratwaepelo. Mme gone, a mapodise a dira gore lefatshe le sireletsege? Gompieno ditoropo di le dintsi fela jaaka metse ya magae, di na le bothata jo bo masisi jwa tshireletsego. A re ka lebelela gore mapodise a re sireletse mo bokebekweng jwa digongwana le mo dinokwaneng tse di tlwaelegileng? A re ka lebelela gore mapodise a dire gore mebila ya rona e babalesege? A ba tla kgona go fenya bokebekwa?
David Bayley o tlhalosa maikutlo a gagwe mo bukeng ya gagwe ya Police for the Future a re: “Mapodise ga a thibele bokebekwa. Totatota mapodise a tshwana le letsela le le bofang ntho ya kankere. . . . Re ka se ikaege ka mapodisi gore a tla kgona go sireletsa batho mo bokebekweng tota le fa ba ka tswa ba ikemiseditse go bo thibela go le kana kang.” Dipatlisiso di bontsha gore ditiro tse dikgolo tse di dirwang ke mapodise—go paterola mebila, go tsibogela maemo a tshoganyetso le
go batlisisa ka ditiro tsa tlolomolao—ga di thibele bokebekwa. Ke eng fa go le jalo?Go leka go thibela bokebekwa ka go oketsa palo ya mapodise e tla nna selo se se jang madi a mantsi thata. Le fa go ka nna le madi a go oketsa palo ya mapodise, ga go bonale fa seo se ka tshosa dikebekwa. Tota le go tsiboga ka bonako ga mapodise ga go kgone go fokotsa bokebekwa. Mapodise a ile a bolela gore fa fela a sa kgone go goroga mo lefelong le bokebekwa bo diregileng mo go lone mo nakong e e sa feteng motsotso, go ka nna ga direga gore ba se ka ba kgona go tshwara sekebekwa. Go bonala dikebekwa di itse gore mapodise a ka se kgone go tla ka bonako jo bo kalo. Tota le dipatlisiso tsa bokebekwa ga di thuse. Le fa matseka a ka atlega go tshwara dikebekwa le go di tsenya mo kgolegelong, ga go bonale fa seo se kgona go thibela bokebekwa. Kwa United States go tshwarwa dikebekwa tse dintsi go feta kwa dinageng tse dingwe, mme naga eo e sa ntse e na le palo e e kwa godimo ya bokebekwa; mme Japane yone e na le palo e e kwa tlase thata ya bokebekwa le mororo go tshwarwa palo e nnye fela ya dikebekwa teng. Tota le maano a a tshwanang le bolebeledi jwa motse ga a thusa go le kalo, bogolo jang mo dikarolong tse di nang le bokebekwa jo bontsi. Maiteko a a gagametseng a go fokotsa mefuta e e rileng ya bokebekwa, e e jaaka go gweba ka diokobatsi kana go thukhutha, a tle a fokotse bokebekwa mme ga a kgone go dira jalo ka lobaka lo loleele.
Police for the Future ya re: “Batho ga ba a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo mapodise a sa kgone go thibela bokebekwa. Batho ba le bantsi ba a itse gore bokebekwa mo setšhabeng bo okediwa ke maemo a loago a mapodise le thulaganyo ya bosiamise di ka se kang tsa kgona go a laola.”
Go ne Go ka Nna Jang fa Mapodise A ne A Seyo?
O itshwara jang fa go se na mapodise a a go lebileng? A o ne o ka dirisa seemo seo go itlhokomolosa molao? Go gakgamatsa tota go bona gore ke batho ba le bantsi jang ba go tweng ke ba ba tlotlegang ba ba neng ba ka itsenya mo kotsing go dira bokebekwa jo bo amanang le ditiro tsa ofisi. Bosheng jaana The New York Times e ne ya bega ka ‘batho ba le 112 ba ba latofadiwang ka ditiro tsa boferefere, ba go tweng ba ne ba tsietsa dikhampani tsa diinshorense tsa dikoloi. Bangwe ba bone e ne e le babueledi, dingaka, motho yo o sidilang, motho yo o alafang ditlhabi ka lomao, le molaodi mongwe wa Lefapha la Mapodise.’
Tiragalo e nngwe ya tsietso e kgolo e e neng ya tshosa batho ba ba humileng ba ba ratang botaki bosheng jaana e diregile fa balaodi bangwe ba bagolo ba Sotheby kwa New York le Christie kwa Lontone ba ne ba latofadiwa ka go tsietsa ka go fetola ditlhwatlhwa. Balaodi bano le mafelo a bone a borekisetso ba tshwanelwa ke go duela diranta di le dimilione di le 9 600 tsa phimolakeledi! Ka gone, bogagapa jwa go rata madi bo ama batho ba maemo otlhe mo setšhabeng.
Se se diragetseng kwa Recife, kwa Brazil, ka 1997 fa mapodise a ne a ngadile tiro se bontsha gore batho ba le bantsi ba itlhaganelela go dira bokebekwa fa go se na se se ba kgoreletsang. Dithuto dipe fela tse ba ka tswang ba di dumela tsa bodumedi ga di ame boitshwaro jwa bone ka gope. Ba kgona go itlhokomolosa boitshwaro jo bo siameng. Ga go
gakgamatse go bo mapodise a sa kgone go fedisa bokebekwa mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng leno le le ratang tlolomolao.Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho bangwe ba ikobela melao ka gonne ba tlotla balaodi. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba Roma a re, ba tshwanetse go ikokobeletsa balaodi ba Modimo a letleletseng gore ba nne gone, e re ka ba boloka selekanyo se se rileng sa tolamo mo setšhabeng. O ile a kwala jaana a bua ka balaodi bao: “Ke modiredi wa Modimo, mmusolosi yo o shakgalelang yo o tlwaetseng go dira se se bosula. Jalo go na le lebaka le le patelelang gore lona lo nne mo taolong, e seng fela ka ntlha ya tšhakgalo eo mme le ka ntlha ya segakolodi sa lona.”—Baroma 13:4, 5.
Go Fetola Maemo mo Setšhabeng
Ga go pelaelo gore tiro ya mapodise e na le seabe se se rileng mo go tokafatseng maemo mo setšhabeng. Batho ba tle ba leke ka natla go tshela go ya ka maemo a a tokafaditsweng a motse wa bone fa go ka fedisiwa thubakanyo le go gweba ka diokobatsi mo motseng wa bone. Mme gone, mapodise a ka se kgone go fetola setšhaba.
A o akanya gore go ka nna le setšhaba se batho ba sone ba tlotlang molao mo ba sa tlhokeng go nna le mapodise? A o akanya gore go ka nna le batho ba ba amegang thata jaana ka baagisani ba bone mo ka metlha ba iketleeleditseng go thusa batho ba bangwe mme ba sa tlhoke go bitsa mapodise gore a tle go ba thusa? Gongwe seno se ka utlwala e le toro fela. Mme gone mafoko ano a ga Jesu a ka nna boammaaruri le fa a ne a a bua a akantse ka kgang e sele. O ne a re: “Mo bathong seno ga se kgonege, mme mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”—Mathaio 19:26.
Baebele e tlhalosa gore go tlile go tla nako ya gore batho botlhe ba busiwe ke puso e e tlhomilweng ke Jehofa Modimo. “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe.” (Daniele 2:44) Bogosi joo jo bosha bo tla fetola maemo a a dirang gore go nne le bokebekwa mo setšhabeng ka go ruta batho botlhe ba ba ikanyegang gore ba itse tsela ya Modimo ya lorato. “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Kgosi ya ga Jehofa, e bong Jesu Keresete o tla kgona go thibela bokebekwa jwa mefuta yotlhe. “Ga a kitla a atlhola go ya ka se a se bonang kana ka se a se utlwang; o tla atlholela bahumanegi ka tshiamo le go femela batho ba ba ikokobeditseng ka tekatekano.”—Isaia 11:3, 4, The New English Bible.
Ga go kitla go nna le bokebekwa kana dikebekwa. Mapodise a tla bo a sa tlhokege. Mongwe le mongwe ‘o tla nna kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.’ (Mika 4:4) Fa e le gore o ka rata go nna karolo ya ‘lefatshe leo le lesha’ le le tlhalosiwang mo Baebeleng, ke nako ya gore o batlisise gore ke eng se Modimo a se solofeditseng mo Lefokong la gagwe.—2 Petere 3:13.
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
A o akanya gore go ka nna le setšhaba se batho ba sone ba tlotlang molao mo ba sa tlhokeng go nna le mapodise?
[Mafoko a a mo go tsebe 12]
Ga go kitla go nna le bokebekwa kana dikebekwa
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]
Mapodise a Lwantsha Dirukhutlhi
Fela jaaka ditiragalo tsa September 11, 2001, kwa New York City le Washington, D.C., di bontshitse, dirukhutlhi, batho ba ba thopang difofane le ba ba thopang batho ba bakela mapodise mathata a magolo fa ba leka go sireletsa setšhaba. Mo dinageng tse dintsi go tlhomilwe matsholo a a kgethegileng a a thapiseditsweng go kgona go tsena mo difofaneng tse di kotameng. Gape ba ithutile le tsela e ba ka tsenelelang dikebekwa ka tshoganyetso ka yone mo dikagong—ba tsena ka marulelo ba dirisa megala, ba tsena ka matlhabaphefo, le go latlhela dibomo tsa seatla tse di tseisang sedidi le digase tsa dikeledi. Mapodise a a ntseng jalo a ile a atlega gangwe le gape mo go fenyeng dirukhutlhi kwantle ga go gobatsa batho ba ba thopilweng.
[Motswedi wa Setshwantsho]
James R. Tourtellotte/U.S. Customs Service
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Dilo tse di tla bong di sa tlhole di tlhokega mo lefatsheng le lesha la Modimo