Sengwe se Rotlhe re se Tlhokang
Sengwe se Rotlhe re se Tlhokang
O TLHOKA DIJO. O tlhoka metsi. O tlhoka moya. O tlhoka bonno le go itshireletsa mo maemong a a sa siamang a bosa. Dilo tseno ga di tlhokwe fela ke batho, mme gape di tlhokwa ke dimilione di le dikete tsa ditshedi mo polaneteng eno. Le fa go ntse jalo, go na le selo se le sengwe se se tlhomologileng se se tlhokwang ke batho. Ke eng?
Moithutaloago wa kwa Canada e bong Reginald W. Bibby o ne a kwala jaana: “Go na le dilo tse batho ba di tlhokang tse ba ka di newang fela ke bodumedi.” Lokwalopaka lwa American Sociological Review mo tokololong ya lone ya February 2000, lo ne lwa gatisa setlhogo se se reng: “Gongwe batho ba tla nna ba tlhoka dilo tsa semoya ka metlha.”
Ee, go ralala hisitori batho ba ne ba bona go tlhokega gore ba nne le kobamelo. Ka makgolo a dingwaga, ba le bantsi ba ne ba tsena mo bodumeding jo bo rulagantsweng gore ba bone se ba se tlhokang. Mme dilo di a fetoga. Mo ditšhabeng di le dintsi tse di tlhabologileng—jaaka Amerika Bokone le Yuropa Bokone—batho ba le bantsi ba tlogela dikereke tsa bone. A mokgwa oo o bolela gore bodumedi bo fedile? Legoka.
“Dipego tsa gore bodumedi bo fedile di fetelediwa thata,” go kwala jalo lokwalodikgang lwa kwa Sweden, Svenska Dagbladet. Ke eng se se tseelang dikereke tse di tlwaelegileng sebaka? Lokwalodikgang lono lo tswelela ka go bolela jaana: “Mokgwa o mosha ke gore ga re tsene kereke epe. Go na le moo, re ka tlhopha se re batlang go se amogela mo gare ga madumedi a mantsi a a leng gone mo lefatsheng re bo re itirela se re batlang go se dumela. . . . Seno se ka akaretsa dikirisetale tse di fodisang go ya go seaparo sa moitlami wa Mo-Buddha. Fa o sa tlhole o rata se o se tlhophileng, o ka fetoga bonolo fela kwantle ga bothata.”
Babatlisisi ba thutaloago ya bodumedi ba bolela gore mokgwa ono ke “bodumedi jwa motho ka namana” kgotsa “jo bo sa bonaleng.” Moithutaloago Bibby, yo o nopotsweng pelenyana, o ne a tlhama polelo e e reng “bodumedi jo motho a bo ratang.” Ba bangwe ba re madumedi ao ke a a “diretsweng gore a tsamaisane le se motho a se ratang.” Mo dinageng dingwe tse di tlwaelegileng e le tsa Bokeresete, setlhopha sa bodumedi se segolo go di feta tsotlhe jaanong se na le batho ba, totatota ba nang le bodumedi jwa bone.
Akanya ka se se neng sa bonwa morago ga patlisiso e e neng ya dirwa kwa Sweden, nngwe ya dinaga tsa lefatshe tse di sa kgatlhegeleng bodumedi thata. Patlisiso e ne ya bontsha gore batho ba le babedi mo go ba le bararo ba iteba e le Bakeresete “ka tsela ya bone.” Bangwe ba ne ba bolela jaana: “Ke leba Bokeresete ka tsela ya me,” “Ke ikutlwa ke sa phuthologa kwa kerekeng,” “Ga ke rate go ya kerekeng le go reetsa baruti,” kgotsa “Nka tsena mo phaposing ya me ka ithapelela.” Ba le bantsi ba ne ba sekametse mo go dumeleng gore motho o ka tsalwa e le setshedi se sesha kgotsa go dumela mo tlholelong. Ba le bantsi ba ne ba re ba dumela gore go na le maatla mangwe a bomodimo mme ba ne ba sa kgone go a tlhalosa.
Patlisiso e nngwe e ne ya bontsha gore batho ba le bantsi ba bontsha maikutlo a bone a bodumedi ka dinako tsa fa ba le kwa ntle, ba bogetse bontle jwa lefatshe jwa tlholego. Molemirui mongwe wa mosadi o ne a bolela jaana: “Ke akanya gore fa o tswetse kwa ntle kwa nageng, ke gone fa o le gaufi le Modimo.” Motho yo mongwe yo o neng a botsolodiwa, yo o neng a sa itseye a rata bodumedi, o ne a tlhalosa jaana: “Fa ke tswela kwa ntle kwa nageng, ke ikutlwa e kete ke mo tempeleng e kgolo. . . . Ga ke itse gore ke mang yo o e laolang mme ke ikutlwa ke le mo teng ga yone.” Bangwe ba ne ba tlhalosa mafelo a tlholego ba re a boitshepo, ke a bomodimo, a a boitshega e bile ba boletse gore go nna mo go one go tsosolositse nonofo ya bone, kagiso le go ritibala mo maikutlong. Fa mmotsolotsi mongwe a ne a konela pego ya gagwe o ne a e sobokanya jaana: “Modimo o tswetse kwa nageng.”
Mokgwa ono o bonala mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe gompieno. Thomas Luckmann, moitseanape wa Moamerika mo go tsa thutoloago ya bodumedi, o ne a bolela gore bodumedi jwa kereke bo kgapetswe kwa thoko mo dinageng tse di tlhabologileng, mme bo tseetswe sebaka ke “mofuta wa bodumedi wa go itlosa bodutu.” Totatota, motho o itirela filosofi e a tshelang ka yone ka go tlhopha dikgopolo tse di farologaneng tse di amanang le dilo tsa semoya a bo a kopanya dikgopolo tseno a itirela bodumedi jwa gagwe a le esi.
O ka nna wa ipotsa jaana, ‘A madumedi a a tlhomilweng le dikereke tota di tseelwa kwa tlase mo setšhabeng? Fa go le jalo, ke ka ntlha yang?’ Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Fa mmatlisisi mongwe a ne a akgela ka mokgwa wa bosheng wa go batla bomoya mo tlholegong, o ne a konela jaana: “Modimo o tswetse kwa nageng”