Tsela e Modimo a Dirisang Maatla ka Yone—A e Siame?
Kgopolo E e Mo Baebeleng
Tsela e Modimo a Dirisang Maatla ka Yone—A e Siame?
GO DIRISIWA ga maatla ka tsela e e kotsi e ntse e le selo se se diragalang ka metlha mo hisitoring ya motho. Go ya ka phopholetso nngwe, go ka direga gore batho ba le 170 000 000 ba ile ba bolawa mo lekgolong la bo20 la dingwaga ba bolawa ke dipuso tsa bone tsa bopolotiki. Fela jaaka Baebele e kaya ka tlhamalalo, batho ba ile ba nna ba laola batho ba bangwe go ba utlwisa botlhoko.—Moreri 8:9.
Ka ntlha ya tsela e motho a dirisang maatla setlhogo ka yone, bangwe ba ka nna ba ipotsa gore a tsela e Modimo a dirisang maatla ka yone go senya baba ba gagwe yone e siame. A Bajuda ga ba a ka ba laelwa ke Modimo ka tlhamalalo go tlhasela le go bolaya baagi ba Naga e e Solofeditsweng ba Bakanana? (Duteronome 20:16, 17) E bile a Modimo ka boene ga a bolele gore o tla thubaganya le go fedisa magosi otlhe a a mo ganetsang? (Daniele 2:44) Batho bangwe ba ba peloephepa ba ile ba ipotsa gore a tsela e Modimo a dirisang maatla ka yone e siame ka dinako tsotlhe.
Tsela E e Sa Siamang ya go Dirisa Maatla
Go botlhokwa thata go lemoga gore puso e tshwanetse ya kgona go dirisa maatla ka tsela nngwe. Puso e e palelwang ke go tlhokomela gore melao ya yone e a latelwa, totatota, ga e na maatla. Ka sekai, le mororo go begiwa gore mapodise ga a dirise taolo ya one sentle, ke batho ba le kae ba ba ka ratang gore ba se sirelediwe ke mapodise? E bile ke mang yo o tsayang sentle yo o ka ganetsang gore go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya tshiamiso e e gagamaditseng letsogo sentle?
Mohandas Gandhi, yo o neng a itsege ka go ila thubakanyo, o kile a bolela jaana: “A re re gongwe monna mongwe o itlhakantse tlhogo mme o ya kwa le kwa a galefile, a tshwere tšhaka mo letsogong, e bile a bolaya mongwe le mongwe fela yo a kopanang le ene, mme go se na ope yo o pelokgale go mo tshwara a tshela. Le fa e le mang yo a ka
bolayang setsenwa seno, setšhaba se tla mo itumelela thata e bile o tla lebiwa e le motho yo o molemo.” Ee, le e leng Gandhi tota o ne a lemoga botlhokwa jwa go dirisa maatla mo maemong a mangwe.Go phepafetse gore setšhaba sepe fela se se tlhomameng se tshwanetse sa kgona go dirisa maatla ka tsela e e rileng. Gantsi fa batho ba nyatsa tsela e maatla a dirisiwang ka yone, totatota ba a bo ba nyatsa tsela e e sa siamang e a dirisiwang ka yone.—Moreri 4:1-3.
“Ditsela Tsotlhe Tsa Gagwe di Siame”
Hisitori ga e bontshe gope fela gore Modimo o kile a dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa tshwanelang gone. Ga a buse ka tsela e e gatelelang. O batla gore re mo obamele ka go rata. (1 Johane 4:18, 19) Tota e bile, Modimo ga a dirise maatla a gagwe fa e le gore go na le tsela e nngwe e e siameng e a ka e dirisang. (Jeremia 18:7, 8; 26:3, 13; Esekiele 18:32; 33:11) Le gone fa a tlhopha go dirisa maatla, ka dinako tsotlhe o ntsha ditlhagiso tse dintsi gore le fa e le mang yo o batlang go baakanya dikgato tsa gagwe a dire jalo. (Amose 3:7; Mathaio 24:14) A tseno ke dilo tse di neng di ka dirwa ke Modimo o o setlhogo le yo o gatelelang?
Tsela e Modimo a dirisang maatla a gagwe ka yone ga e tshwane gotlhelele le ya batho ba ba dirisang maatla a bone ka tsela e e sa tshwanelang. Moshe o bolela jaana ka Jehofa: “Ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso, Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene.” (Duteronome 32:4) Go farologana le dipuso tsa batho ba ba gatelelang, puso ya Modimo ga ya ikaega ka gore ke mang yo o nang le maatla a magolo go laola. Mo maemong otlhe Modimo o ile a dirisa maatla a gagwe go ya ka lorato la gagwe lo lo itekanetseng, botlhale le tshiamiso.—Pesalema 111:2, 3, 7; Mathaio 23:37.
Ka sekai, fa Modimo a ne a senya baikepi ka Morwalela, e ne e le morago ga dingwaga di le dintsi a ntse a ba tlhagisa. Le fa e le mang fela a ka bo a ile a dirisa thulaganyo ya araka mme a falola. Ke ba le robedi fela ba ba ileng ba e dirisa. (1 Petere 3:19, 20; 2 Petere 2:5) Ka nako ya ga Joshua, Iseraele e ne ya diragatsa katlholo ya Modimo mo Bakananeng ba ba bosula, katlholo e e ileng ya begiwa dingwaga di le 400 pelenyana! (Genesise 15:13-21) Ka nako eo yotlhe, ga se gore Bakanana ba ne ba se na bosupi jo bo maatla jwa gore Baiseraele e ne e le setšhaba se se kgethilweng ke Modimo. (Joshua 2:9-21; 9:24-27) Le fa go ntse jalo, ga go na setšhaba sepe sa Bakanana, fa e se Bagibeone fela, se se ileng sa batla boutlwelobotlhoko kgotsa sa dirisa sebaka se se neng se na le sone go batla kagiso. Go na le moo, Bakanana ba ne ba tlhopha go thatafaletsa Modimo dipelo tsa bone.—Joshua 11:19, 20.
Modimo O na Le Thata
Fa re leka go tlhaloganya tsela e Modimo a dirisang maatla ka yone, re tshwanetse go simolola ka boammaaruri jwa motheo jo bo malebana le boemo jwa rona le Modimo. Moporofeti Isaia o ne a dumela jaana ka boikokobetso: “Re letsopa, wena o Mmopi wa rona wa Letsopa.” (Isaia 64:8) Go phepafetse gore jaaka Modimo e le Mmopi wa lobopo, a ka dirisa maatla a gagwe ka tsela nngwe le nngwe e a e batlang. Go bontsha fa re amogela bolaodi jwa Modimo, re ka bua jaana fela jaaka Solomone: “Lefoko la kgosi ke maatla a taolo; mme ke mang yo o ka mo rayang a re: ‘O dirang?’”—Moreri 8:4; Baroma 9:20, 21.
Ka ntlha ya boemo jwa Modimo jwa go nna Mmopi yo o maatla otlhe, o na le tshwanelo ya go naya le go amoga botshelo mo lefatsheng. Eleruri, batho ga ba na tshwanelo ya go belaela tsela e Modimo a dirisang maatla ka yone, e bile ga ba na kitso e e lekaneng gore ba ka mmelaela jalo. Batho ba tshwanetse go ithuta go dumalanya dikakanyo tsa bone le tsa Modimo. Jehofa o ne a botsa jaana : “A ditsela tsa lona ga se tsone tse di sa lolamisiwang sentle?”—Esekiele 18:29; Isaia 45:9.
Ke tshiamiso ya ga Jehofa le lorato lo a nang le lone mo bathong tse di tla mo tlhotlheletsang go senya ba ba sa diriseng maatla a bone ka tshwanelo le ba ba gatakang ditshwanelo tsa ba bangwe ba sa kgathale. Go diragatsa maatla ka tsela e e ntseng jalo go tla thusa go dira gore go nne le maemo a a siameng mo lefatsheng mo bathong botlhe ba ba ratang kagiso. (Pesalema 37:10, 11; Nahume 1:9) Ka go dira jalo puso ya Modimo e tla nna e e siameng e bile e tla golediwa ka bosakhutleng.—Tshenolo 22:12-15.