Matatu—Sepalangwa se se Mebalabala sa Kwa Kenya
Matatu—Sepalangwa se se Mebalabala sa Kwa Kenya
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA KENYA
FA MOTHO a etetse kwa Kenya ga a ke a felelwa ke mafoko fa a boka loeto wa gagwe. Tlou e namagadi, tau e kgolo, le phirimo ya letsatsi e e bohibidu jo bo mokgona ke tsone dilo tse motsamai a tla nnang a di gopola. Kwano bontle bo bontsi e bile bo ka mefutafuta. Le fa go ntse jalo, mo ditseleng tsa lefelo leno go na le selo se sengwe se se kgatlhang—matatu e e kgonang go dirisediwa ditiro tse dintsi tse di farologaneng. Leina leno le raya setlhopha sa dikoloi tse e leng dipalangwa tsa botlhe. Tebego ya tsone e e kgatlhang e dirile gore e nne tsone dipalangwa tse di ratwang thata kwa Kenya.
Tshimologo ya matatu e kgatlha fela jaaka tsela e e dirisiwang ka yone. Ya ntlha go dirwa ya mofuta wa yone e ne e le koloi e e bidiwang Ford Thames e e neng e le lekgasa, e e neng e sa ntse e setse ya dikoloi tse di neng di dirisiwa ke masole a Boritane kwa Ethiopia ka ntwa ya bobedi ya lefatshe. Kwa tshimologong ya bo1960, monni mongwe wa Nairobi o ne a dirisa koloi eno ya bogologolo e e senyegileng go rwala ditsala a di isa kwa toropong, mme a ba kopa gore ba ntshe disentenyana tse 30 fela go duelela lookwane. * Go ise go ye kae morago ga moo, batho ba bangwe ba ne ba lemoga gore dikoloi tseo tsa bogologolo di ka ba tlisetsa madi. Ka jalo, ba bantsi ba ne ba di fetola ba di dira dikoloi tse di ka pegang batho ba le 21, tse di nang le dibanka tse tharo tsa logong tse go nniwang mo go tsone. Di tshwana le tsa bogologolo tse di bidiwang di-bolekaja tsa Nigeria. Motho mongwe le mongwe o ne a duelela loeto ka madi a tshipi a le mararo a disente di le lesome. Seno se tlhalosa gore dikoloi tseno di tsere kae leina matatu—lefoko le le tswang mo lefokong la Seswahili tatu, le le rayang “tharo.” Fa e sa le ka nako eo, matatu e ile ya nna ya fetoga ka mo go feletseng, mo e leng gore dikoloi tsa gone jaanong ga di tshwane gotlhelele le tse di neng di dirisiwa pele tse di neng di tsamaya di tlhodia. Ee, gompieno matatu ke koloi e e mabonobono e lokwalodikgang longwe lwa letsatsi le letsatsi lwa Kenya lo e tlhalosang lo re ke “sebetsa se se bopegileng jaaka sefofane sa jete se se nang le mebala ya mola wa godimo.” Koloi eno ga e a dirwa kwa madirelong a mannye a bo1960!
Go palama matatu e ka nna selo se se itumedisang thata, segolobogolo fa mokgweetsi a ntse a tsena a tswa mo gare ga pharakano e e kgotlhaganeng thata! Tla re tseyeng loeto lo lokhutshwane go dikologa Nairobi re palame matatu mme re utlwe gore go utlwala jang.
Selo se se Kgatlhang Thata
Loeto lwa rona lo tla simologa kwa dikoloi tse dintsi tsa mofuta ono di emeng teng di emetse go tswa di ya kwa mafelong a a farologaneng. Ke ura ya bongwe thapama mme lefelo leno le tletse, batho ba batla dikoloi tsa matatu tse di tla ba isang kwa ba yang teng. Bapalami ba bangwe ba ya kwa mafelong a a kgakala, loeto lo lo tla tsayang diura di sekae. Ba bangwe ba ya dikilometara di sekae fela go tswa mo toropong, gongwe ba ya go batla dijo. Matatu e a ba thusa.
A o tlhokometse gore bontsi jwa dikoloi tseno di na le mebala e e galotseng? Seno ga se go leka fela go di kgabisa. Go na le bapalami ba ba itlhophelang go palama matatu e ntle go di feta tsotlhe. Gape fa o leba dikoloi tseo ka kelotlhoko o ka bona go kwalwakwadilwe maina mo matlhakoreng a tsone. Mangwe a one a tlhalosa ditiragalo tsa bosheng—ka sekai, “El Nino,” “Millenium,” “The Website,” “Internet,” le “Dot Com.” Tse dingwe tse di tshwanang le “Meek” le “Missionary” di tlhalosa dinonofo tse di rategang tsa batho kgotsa se ba se fitlheletseng. Sepalangwa sengwe se se batlileng se tshwana le matatu ka bontlentle jwa sone jo bo tsabakelang ke bese ya jeepney ya Philippines. Se se kgatlhang ke gore jeepney le yone ke koloi e e neng e dirisiwa ka ntwa ya bobedi ya lefatshe.
Tsela e e dirisiwang go batla bapalami le yone e kgatlha fela thata. Le fa go na le matshwao a a bonalang sentle mo difensetereng tsa koloi a a bontshang kwa e yang teng, ba ba amogelang madi mo bapalaming ba goela kwa godimo fa bakgweetsi bone ba letsa dihutara ka ditsela tse di farologaneng. O se ka wa gakgamadiwa ke go bona matshwao mo dikoloing dingwe tsa matatu a a reng “Jerusalema” kgotsa “Jeriko.” Fa o ka palama nngwe ya tseno, ga e ye go go isa kwa Botlhabagare, mme e tla go isa kwa metseng e e kwa thoko e e kwa botlhaba ya Nairobi e e bidiwang ka maina ano a Baebele. Ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba nna le mathata a go tlhopha gore ba palame matatu efe ka gonne batho ba ba amogelang madi mo bapalaming ba leka go tsenya bapalami mo go nngwe le nngwe fela!
O a amogelwa mo go Strawberry! Gongwe go tsamaya ka yone go tla nna monate fela jaaka leungo leno. Go lebega batho ba bantsi ba ratile go palama matatu eno ka gonne go tsere metsotso e sekae fela gore e tlale. Go na le mmino o o ritibatsang bapalami o o lelelang kwa tlase go tswa mo digodisamantsweng tse dinnye tse di mo borulelong jwa koloi eno. Le fa go ntse jalo, o se ka wa akanya gore dikoloi tsotlhe tsa matatu di ntse jalo. Tse dingwe go bolelwa gore di na le digodisamantswe tse dikgolo kafa tlase ga ditulo, tse di tshamekelang mmino kwa godimo thata. Jaanong go setse go fetile metsotso e le lesome ditulo
tsotlhe di sena go nniwa. Le fa go ntse jalo, matatu ya rona ga e ise e sute le go suta. Go emetswe eng? Go sa ntse go tshwanetse gore go palame batho ba ba tlileng go ema ka dinao mo phasitšhing e e fa gare ga mela ya ditulo. Go ise go ye kae go tlala mo motho a ka se tshikinyegeng le go tshikinyega. Tota e bile, matatu e ka nna ya tla e ema makgetlho a le mmalwa mo tseleng gore e pege bapalami ba bangwe.Labofelo re a tsamaya. Batho ba ba sa itsaneng ba tlotla mmogo, gantsi ba bua ka dikgang tsa letsatsi. E tshwana le kwa mmarakeng. Le fa go ntse jalo, o ele tlhoko gore o se ka wa tsena ka tlhogo mo motlotlong. Go na le batho ba ba kileng ba feta mafelo a ba yang kwa go one ka ntlha ya go tsena ka tlhogo mo metlotlong e go tlotlwang ka yone mo koloing.
Re umakile gore matatu e dira ditiro tse dintsi. Ga e tlangwe go tsamaya ka tsela e le nngwe. Gore mokgweetsi a fitlhe kwa lefelong le le rileng ka nako e e rileng e a ipeetseng yone, o tla dirisa sebaka sengwe le sengwe se a se bonang go tsamaya mo go sone, go akaretsa le go tsamaya mo bophaphathong jwa tsela jo bo diretsweng batsamayakadinao—mo gongwe a batle a thula bangwe ba batsamayakadinao. Kafa letlhakoreng le lengwe, tiro ya moduedisi ga e motlhofo. O leka go tsamaya a tsaya madi go tswa mo bapalaming ba ba tsositseng modumo, ba bangwe ba bone ba sa dirisaneng sentle le ene. Le fa go ntse jalo, ga a na nako ya go nna a ganetsana le bone mo go sa thuseng sepe. Mopalami o a duela, e seng jalo matatu e ema gone foo a bo a bolelelwa gore a fologe—ka dinako tse dingwe e se ka tsela e ntle! Moduedisi o itsise mokgweetsi ka batho ba ba batlang go fologa, mme ka nako e e tshwanang a ntse a butse matlho go bona gore a ga go na ba ba batlang go palama. O itsise mokgweetsi ka go letsa molodi, go kokota mo godimo ga koloi kgotsa ka go letsa tshipi e e beilweng gaufi le lebati. Le fa go na le mafelo a dikoloi tsa batho botlhe di tshwanetseng go ema mo go one, matatu e ka ema gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe go pega kgotsa go folosa bapalami.
Re setse re dule mo toropong, jaanong re mo motseng o mmotlana o o kwa thoko, kwa bapalami ba bantsi ba fologang teng. Ke nako ya gore matatu e boele gape kwa lefelong le e tswang kwa go lone. E tla pega batho ba bantsinyana mo tseleng. Bano ba tlile go diragalelwa ke se se re diragaletseng. Kwantle ga pelaelo, loeto lwa rona re palame Strawberry, le fa gone e tlile e re kgotlhokgotsa mo tseleng, lo ne lo le monate tota.
Di Tla Tswelela di Dirisiwa
Madirelo a dipalangwa tsa matatu a Kenya, a a nang le dikoloi tse di fetang 30 000, a iphetotse go
tswa mo go nneng masalela a ntwa jaaka go ne go ntse masomesome a dingwaga a a fetileng, go nna a a di gogang kwa pele a a dirang dimilionemilione tsa diranta. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo e dirisediwa ditiro tse dintsi go bakile mathata mangwe. Ka sekai, bakgweetsi ba bonwe molato wa go sa ikobele melao ya tsela e e laolang badirisi ba bangwe ba tsela, mme balaodi ba tlhomile melawana e mentsi go fokotsa kgwebo eo. Gangwe le gape madirelo ano a fokotsa dipalangwa, mme ka tsela e e ntseng jalo ba ba tshwarang bothata ke batho ba ba diketekete ba ba palamang dikoloi tsa matatu letsatsi le letsatsi. Le fa e se botlhe ba ba ratang tsela e dikoloi tsa matatu di berekang ka yone, dikoloi tseno di thusa batho ba ba amogelang madi a a kwa tlase ba lefelo leno ka dipalangwa tse di bonako.[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 4 Sheleng ke madi a kwa Kenya, a a kgaoganngwang ka disente tsa Kenya di le 100. Ranta e le nngwe e lekana le disheleng di ka nna lesome.
[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Koloi ya modiro wa Ford Thames
[Motswedi wa Setshwantsho]
Noor Khamis/The People Daily