Ke Mang yo o Tla Fepang Lefatshe?
Ke Mang yo o Tla Fepang Lefatshe?
A GO ka tsamaya ga direga gore batho ba sireletse mefutafuta ya ditshedi tse di leng teng mo lefatsheng go na le gore ba e senye? Go ya ka moitsethutotshelo John Tuxill seo se tla tlhoka “phetogo e kgolo mo tseleng e batho ba dirang dilo ka yone.” Le fa go ntse jalo, o oketsa ka gore phetogo eo “ga go lebege e ka nna teng fa batho ba sa fetole thata tsela e ba lemogang ka yone melemo ya go nna le mefutafuta ya ditshedi, keletso ya bone ya go fetola mekgwa e ba dirang dilo ka yone, le go rata go leka ditsela tse disha tsa go dira dilo.”
Batho ba bangwe ba bona go le thata go dumela gore diphetogo tse dikgolo jalo di ka direga. Mme ba bantsi ga ba dumalane le tshwetso ya ga Tuxill. Go na le borasaense ba tikologo ba ba dumelang gore batho ba sa ntse ba ise ba kgone go tlhaloganya sentle botlhokwa jwa go nna le ditshedi tsa mefutafuta le gore gongwe bangwe ba badiri ka bone ba dira gore go nna le ditshedi tsa mefutafuta go bonale go le botlhokwa thata go feta jaaka fa tota go ntse. Le fa go ntse jalo, jaaka borasaense ba ganetsana ka kgang eno, go lebega go tshwanela go elwa tlhoko kafa bangwe ba baitse ba saense ba ngongoregang ka teng ba bontsha go boifela kotsi e e tlang. Ga go lebege ba tshwentswe fela ke go latlhegelwa ke ditshedi tsa mefutafuta mme gape ba tshwentswe ke bopelotshetlha le go sa lebele dilo kwa pele mo ba go bonang go baka tatlhegelo e e ntseng jalo. Tlhokomela dikakgelo tseno tsa bakwadi ba ba farologaneng.
“Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, dimilione di le makgolokgolo tsa balemirui, ba ba neng ba phatlaletse go ralala polanete eno, ba ne ba laola peo e ba e bolokileng. . . . Gompieno bontsi jwa peo eo e tlhagisitswe, ya fetolwa dijini ya ba ya ipolokelwa ke dikhampani tsa lefatshe mme tsa e baya go nna thotonyana ya tsone. . . . Ka go tlhoma mogopolo mo go se se tlisang dipoelo ka bonako, madirelo a boranyane jwa saense jwa thutatshelo a tshosetsa ka gore a tla senya boswa jo bo botlhokwa thata jwa dijini jo ka letsatsi lengwe bo ka nnang jwa itshupa bo le tlhwatlhwakgolo bo dira jaaka tshireletso kgatlhanong le bolwetse bongwe jo bosha kgotsa tshenekegi nngwe e e sa kgoneng go fedisiwa.”—Mokwadi wa saense Jeremy Rifkin.
“Se se buiwang gangwe le gape mo metsweding
ya tshedimosetso ke gore dilo tsa botlhokwa tse di tshwanetseng go akanyediwa e tshwanetse go nna mebaraka, go gweba ka kgololesego mo mafatsheng a a farologaneng le ikonomi ya lefatshe lotlhe. Fa metswedi ya tshedimosetso e laolwa thata ke khumo le go tsweletsa pele melemo ya dikhampani tse dikgolo, tumelo eno ya ikonomi e tshwana le thuto ya bodumedi e e dumelwang fela mme e se ke e bo e ganediwa.”—Moitse dijini David Suzuki.Mo bukeng ya gagwe ya Seeds of Change—The Living Treasure, mokwadi Kenny Ausubel o bua ka boitimokanyo jo bo fitlhelwang mo dinageng tse di tlhabologileng fa “dipuso tsa tsone le dikhampani tsa tsone di hutsafalela kotsi e e tlelang lefatshe lotlhe ya go fedisiwa ga ‘boswa jwa batho’ jwa bobolokelo jwa dijini.” O bolela gore le tsone di tshosetsa go nna le mefutafuta ya ditshedi ka go rotloetsa gore go dirisiwe boranyane jwa saense jwa segompieno mo temothuong le go lema dijalo tsa mofuta o le mongwe fela.
Gore a dilo tse baithutatikologo ba di boifang go le kanakana di a utlwala kgotsa nnyaa, o ka nna wa bona go le thata go nna le tshepo ka isagwe ya polanete eno. E ka falola lobaka lo lo kana kang fa go lebega batho ba tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha? Batho ba bantsi, ka gonne ba batla dikarabo, ba solofela gore saense e tla ba naya tharabololo.
A Saense le Boranyane Jwa Saense Di ka Re Boloka?
Bosheng jaana Mokgatlho wa Segosi wa Edinburgh o boletse gore o tshwenngwa ke kafa kgatelopele ya saense e tsamayang ka lobelo ka teng le kafa e raraaneng ka teng mo e leng gore borasaense ba itsenya mo kotsing ya gore ba se ka ba tlhaloganya ka botlalo gore kgatelopele e e ntseng jalo e ka tlisa matswela afe. David Suzuki o ne a kwala jaana: “Saense e dira gore batho ba bone go le gonnye fela gore go diragalang mo lefatsheng la mmatota. Go tshwana le fa re sa itse sepe ka popego ya mefuta ya ditshedi tse di leng teng mo Lefatsheng, re sa umake go itse kafa di dirisanang ka teng le kafa di ikaegileng ka teng ka tse dingwe gore di kgone go tshela.”
Jaaka makasine wa Science o ne wa tlhalosa, “dikotsi le melemo ya ditshedi tse di dirilweng ka go fetola dijini (Genetically Engineered Organisms [GEO]) ga e a tlhomama e bile ga e ame lefatshe lotlhe. . . . Bokgoni jwa rona jwa go bonela pele diphelelo tsa ikholoji mo mefuteng e e farologaneng ya ditshedi e e bewang mo tikologong e ntšha, go akaretsa le ditshedi tse di dirilweng ka go fetola dijini, ga bo a tlhomama.”
“Kgatelopele” e ntsi ruri e matlhakoremabedi. E solegela molemo ka selekanyo se se rileng mme gape e bontsha kafa motho a tlhaelang botlhale ka teng e bile gantsi a leng pelotshetlha ka teng. (Jeremia 10:23) Ka sekai, le fa phetogo e kgolo mo go tsa dimela e ile ya dira gore go nne le letlepu la dijo mme go fepiwe batho ba bantsi ka dijo, gape e nnile le seabe mo go fediseng mefutafuta ya ditshedi. Ka go rotloetsa go dirisiwa ga dibolayaditshenekegi le mekgwa e mengwe ya temothuo e e jang madi a mantsi, phetogo e kgolo mo go tsa dimela e feletse e solegetse molemo fela “balemi ba dikhampani tse di ikemetseng le batho ba ba rileng mo dinageng tse di sa tlhabologang mme batho ba ba tlwaelegileng ga ba a solegelwa molemo,” go bolela Dr. Mae-Wan Ho. Mokgwa ono o ntse o tswelela pele jaaka fa temothuto e e theilweng mo saenseng ya ditshedi e ntse e oketsega thata e bile e nonofa le go feta mme e re gogela kwa nakong e mo go yone dijo di tla bo di sirelediwa fela ka mekgwa ya saense.
Le fa go ntse jalo, mathata ano ga a tshwanela go re hutsafatsa. Tota, a thusa fela go tlhagisa ntlha e kgolo. Baebele e re thusa go bona gore le rona ga re a tshwanela go lebelela dilo tse dikgolo mo bathong ba ba sa itekanelang ba e leng bone ba gone jaanong ba tsamaisang polanete eno le madi a yone. Gone jaanong, go palelwa le go sa tsamaise dilo sentle ke karolo fela ya boemo jwa motho. Ke sone se Pesalema 146:3 e gakololang jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” Mme re ka ikanya Modimo ka botlalo. (Diane 3:5, 6) O na le keletso le maatla a go re thusa.—Isaia 40:25, 26.
Go Ise go ye Kae—Lefatshe le le Nang le Botshelo, le le Tlhogonolofetseng
Pele ga o baakanya ntlo e e senyegileng, sa ntlha o tla tshwanelwa ke go tlosa matlakala. Ka tsela e e tshwanang, go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla fedisa baikepi botlhe mo lefatsheng, go akaretsa le batho ba ba lebang polanete ya rona, matlotlo a yone a tlholego le batho ba bangwe e le dilo fela tse di tshwanetseng go dirisiwa go itsholegela molemo kgotsa go humisa dikhampani tsa bone. (Pesalema 37:10, 11; Tshenolo 11:18) Mme Jehofa o tla boloka botlhe ba ba mo ratang e bile ba leka thata go dira thato ya gagwe ba tshela.—1 Johane 2:15-17.
Morago ga moo, lefatshe le ditshedi tse dintsintsi tsa lone, go akaretsa batho ba ba kutlo, le tla tsamaisiwa ke puso e e tlhomilweng ke Modimo—Bogosi jwa ga Mesia. (Daniele 7:13, 14; Mathaio 6:10) Mme a bo lefatshe le tla ntsha letlepu kafa tlase ga puso e e botlhale eo! Pesalema 72:16 e bolela jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” Ee dijo di ka se tlhole di baka dikgang le tlhobaelo. Go na le moo, di tla bo di sireletsegile e bile di le dintsi.
Ka jalo, jaaka tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e ntse e tsenelela kwa teng mo boemong jo bo hutsafatsang jwa boitlhobogo le go sa tlhomamisege, batho ba ba ikanyang Jehofa ba ka leba pele kwa isagweng e e molemolemo gone mo lefatsheng. Tsholofelo eno e mo ‘dikgannyeng tse di molemo tsa bogosi,’ tse Basupi ba ga Jehofa ba di bolelelang botlhe ba ba batlang lefatshe le le botoka le le nang le tshiamiso. (Mathaio 24:14) Ka ntlha ya tsholofelo eno e e tlhomameng—le kafa Modimo a tlhokomelang batho ba gagwe jaaka rre ka teng—le gone jaanong re ka ‘nna ka polokesego mme ra se ka ra tshwenngwa ke go boifa le masetlapelo.’—Diane 1:33.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Mo pusong ya Modimo, dijo di tla bo di sireletsegile e bile di le dintsi
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
FAO Photo/K. Dunn
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Tourism Authority of Thailand