Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Mefutafuta ya Dilo—Go Botlhokwa mo Botshelong

Go Nna le Mefutafuta ya Dilo—Go Botlhokwa mo Botshelong

Go Nna le Mefutafuta ya Dilo—Go Botlhokwa mo Botshelong

KA DINGWAGA tsa bo1840 palo ya batho ba kwa Ireland e ne e feta dimilione di le robedi, mme seno se ne se e dira lengwe la mafatshe a a nang le batho ba bantsi thata kwa Yuropa. Ditapole e ne e le dijo tse di jewang thata teng, mme go ne go na le mofuta o le mongwe o o neng o bidiwa lumper o o neng o jalwa thata.

Ka 1845 balemi ba ne ba jala di-lumper jaaka tlwaelo, mme go ne ga tlhaga bolwetse jo bo tlhaselang dijalo jo bo neng jwa batla bo di bolaya tsotlhe. Paul Raeburn mo bukeng ya gagwe ya The Last Harvest—The Genetic Gamble That Threatens to Destroy American Agriculture, o ne a kwala jaana: “Karolo e kgolo ya Ireland e falotse ngwaga oo o o thata. Masetlapelo a ne a tla mo ngwageng o o latelang. Go ne go se na sepe se balemi ba neng ba ka se dira fa e se go jala tsone ditapole tseo gape. Ba ne ba se na mefuta e mengwe. Bolwetse joo jwa dijalo bo ne jwa tlhaga gape, mme mo lekgetlhong leno bo ne bo tlile ka maatla a magolo. Bo ne jwa baka tshotlego e kgolo thata.” Borahisitori ba akanyetsa gore batho ba ka nna milione ba ne ba swa ba bolawa ke tlala, mme ba bangwe ba le milione le halofo ba ne ba fudugela kwa dinageng tse dingwe, bontsi bo fudugela kwa United States. Ba ba neng ba sala ba ne ba lebana le lehuma le le setlhogo.

Kwa Andes kwa Amerika Borwa, balemi ba ne ba lema mefuta e e farologaneng ya ditapole, mme ke di se kae fela tse di neng tsa tlhaselwa ke bolwetse jwa dijalo. Ka jalo mo lefelong leno go ne go se na leroborobo. Go phepafetse gore go nna le mefutafuta ya dijalo le go nna le mefuta e e farologaneng mo teng ga mofuta o le mongwe wa sejalo go a sireletsa. Go jala fela mofuta o le mongwe wa dijalo go kotsi mme go dira gore go nne motlhofo gore dijalo di tsenwe ke malwetse kgotsa di tlhaselwe ke ditshenekegi, mo go ka bolayang dijalo tsotlhe mo kgaolong yotlhe. Ke sone se balemi ba bantsi ba ikaegileng thata jaana ka go dirisa dibolayaditshenekegi, dibolayamofero le dibolaya dithuthuntshwane le fa gone dikhemikhale tsa mofuta oo di le kotsi mo tikologong.

Ka jalo ke ka ntlha yang fa balemi ba jala mofuta o le mongwe fela wa sejalo go na le go jala mefuta e e farologaneng e ba nang le yone? Gantsi ke ka ntlha ya mathata a itsholelo. Go jala mofuta o le mongwe fela wa sejalo go tlhomamisa go nna le thobo e e bonolo, e ntle, e e se nang tshenyo le e ntsi. Mekgwa eno e simolotse go dirisiwa thata ka bo1960 ka se se neng se bidiwa phetogo e kgolo mo dijalong.

Phetogo e Kgolo mo Dijalong

Ka ntlha ya matsholo a a simolotsweng ke puso le dikhampani tse di ikemetseng, balemirui ba ba mo dinageng tse di ratwang ke leuba ba ne ba tlhotlhelediwa go jala mofuta o le mongwe fela wa dijo tsa ditlhaka tse di rojwang ka bontsi, segolobogolo raese le korong go na le go jala mefuta e mentsintsi e ba nang le yone. Dijo tseno tsa ditlhaka tsa “kgakgamatso” di ne tsa nesetswa pula go twe di tlile go fedisa tlala ya lefatshe. Mme di ne di ja madi a mantsi—peo ya tsone e ja go menagane gararo go feta madi a a tlwaelegileng. Gape thobo e ne e ikaegile thata ka dikhemikale go akaretsa menontsha, go sa umakiwe didirisiwa tse di jang madi a mantsi tse di jaaka diterekere. Le fa go ntse jalo, le fa puso e ne e tla e thusa ka madi, phetogo eno e kgolo mo dijalong e ne e ntse e tswelela. Raeburn a re: “Le fa gone e bolokile batho ba le dimilione mo tlaleng, jaanong e tshosetsa polokego ya lefatshe ya dijo.”

Tota e bile, phetogo eno e kgolo mo dijalong e ka tswa e dirile gore go nne le matswela ka nako e khutshwane mme a tlisa mathata a lobaka lo loleele. Go jala mofuta o le mongwe wa dijalo e ne ya nna selo se se dirwang mo dikontinenteng tsotlhe—mme go dirisiwa ga menontsha go ne ga dira gore mofero o gole thata mme dibolayaditshenekegi di ne tsa senya ditshenekegi tse di nang le mosola mmogo le ditshenekegi tse dingwe tse di kotsi. Mo raese e jalwang teng, dikhemikale tse di botlhole di ne tsa bolaya ditlhapi, makakauwe, digogwane le ditlhatshana tse dingwe tse di jewang le dijalo tsa naga—tse bontsi jwa tsone e leng mofuta o mongwe wa dijo tsa botlhokwa. Gape balemi ba ile ba amiwa ke botlhole jwa dikhemikale.

Morutabana mo Lephateng la Thutatshelo ya Open University kwa United Kingdom, e bong Dr. Mae-Wan Ho, o ne a kwala jaana: “Jaanong go ka se ganediwe gore mokgwa ono wa go jala mofuta o le mongwe fela wa dijalo, e leng mokgwa o o neng wa simolola fa e sa le ka nako ya ‘Phetogo e Kgolo mo Dijalong’ o nnile kotsi thata mo go nneng le mefuta e e farologaneng ya dijo le mo go nneng le polokego ya dijo mo lefatsheng lotlhe.” Go ya ka Mokgatlho wa Dijo le Temothuo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, diperesente di le 75 tsa mefuta ya dijalo tse di fetotsweng dijini e e neng e le teng dingwaga di le lekgolo tse di fetileng jaanong ga e tlhole e le teng, thatathata ka ntlha ya mekgwa ya temothuo ya madirelo.

Pampiri e e gatisitsweng ke Worldwatch Institute e tlhagisa gore “dikotsi tsa mo tikologong tse re ka welang mo go tsone fa re amogela mokgwa ono wa go dira gore dijini tsa dijalo di tshwane, di dikgolo.” Go ka dirwa jang gore dikotsi tseno di se ka tsa re wela? Go tlhokega borasaense ba tsa temothuo le dikhemikale tse di maatla mmogo le go tshegetsa balemirui ka madi. Le fa go ntse jalo, seno ga se tlhomamise gore bothata bo tla bo bo rarabologile. Go dirwa ga dijini tsa dijalo gore di tshwane ke lone lebaka le legolo le le dirileng gore dijalo tsa mabele di swe di bolawa ke bolwetse jwa dijalo kwa United States le gore kwa Indonesia ba latlhegelwe ke raese e e neng e dira diheketara di le 202 350. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng go simologile phetogo e kgolo mo go tsa temothuo, e e akaretsang go fetola botshelo fa bo sa ntse bo le mo boemong jwa jone jwa tshimologo—bo sa ntse bo le mo dijining.

Phetogo e Kgolo ya Dijini

Patlisiso ya dijini e dirile gore go nne le kgwebo e ntšha e e dirang madi a mantsi e e bidiwang go dirisiwa ga dikarolwana tsa setshedi mo dilong tsa saense. Jaaka leina la teng le bontsha, e kopanya botshelo jwa setshedi sengwe le boranyane jwa saense jwa segompieno ka go dirisa botegeniki jo bo tshwanang le go fetola dijini. Dingwe tsa dikhampani tse disha tse di dirisang dikarolwana tsa setshedi mo dilong tsa saense, di dirisana thata le temothuo mme di dira ka natla go nonotsha dipeo tse di tlisang thobo e kgolo, tse di emelanang le malwetse, leuba le segagane le tse di fokotsang tlhokego ya go dirisiwa ga dikhemikale tse di kotsi. Go tla bo go le molemo tota fa mekgele eo e ka fitlhelelwa. Mme bangwe ba tlhalositse kafa ba tshwenngwang ka teng ke dijalo tse di fetotsweng dijini.

Buka ya Genetic Engineering, Food, and Our Environment e bolela gore: “Ka tlholego, go nna le mefutafuta ya dijini tsa dijalo e dirwa go na le ditekanyetso tse di rileng. Sethunya sa rose se ka lomelelwa le sethunya se se farologaneng sa rose, mme sethunya sa rose ga se ka ke sa lomelelwa le tapole. . . . Kafa letlhakoreng le lengwe, go fetolwa ga dijini gantsi ke go tsaya dijini tse di tswang mo mofuteng o mongwe wa setshedi le go di tsenya mo go o mongwe ka maiteko a go fetisetsa popego nngwe e e batliwang kgotsa mokgwa mongwe mo go sone. Ka sekai, seno se ka raya go tlhopha jini e e ntshang khemikale e e kgonang go emelana le go gatsela mo mofuteng wa tlhapi ya mo mafelong a a tsididitsididi (e e tshwanang le tlhapi ya flounder), mme o e tsenye mo tapoleng kgotsa mo setorobering go dira gore se se ka sa gatsela thata. Jaanong go setse go kgonega gore dijalo di tsenngwe dijini tse di tsewang mo baketerieng, mo dibaeraseng, mo ditshenekeging, mo diphologolong kgotsa mo bathong. * Mo go rayang gore mokgwa ono wa go dirisa dikarolwana tsa ditshedi mo dilong tsa saense o dirile gore batho ba kgone go tsaya dijini tsa mofuta o o rileng wa setshedi ba o fetisetse kwa mofuteng o sele gotlhelele wa setshedi.

Jaaka go ntse ka phetogo e kgolo e e dirilweng mo dijalong, se bangwe ba se bitsang phetogo e kgolo mo dijining le sone se na le seabe se segolo mo bothateng jwa go tshwana ga dijini mo dijalong—bangwe ba re bothata jwa teng bo nna maswe le go feta ka gonne baitse ba dijini ba kgona go dirisa botegeniki jo bo tshwanang le go dira lewela la setshedi o dirisa jini ya sone, go godisa thisu mme e ntse e se mo teng ga setshedi, e leng mekgwa e e dirang gore go nne le ditshedi tse di tshwanang kgo. Ka jalo, batho ba sa ntse ba tshwenyegile ka bothata jono jwa go senngwa ga mefutafuta ya ditshedi. Le fa go ntse jalo, dijalo tse di fetotsweng dijini di tsosa dikgang tse dingwe, tse di jaaka gore di ama batho le tikologo jang. Mokwadi wa saense Jeremy Rifkin o ne a bolela jaana: “Re tsena fela re buduletse mo motlheng o mosha wa mokgwa wa temothuo wa go dirisa dikarolo tsa setshedi mo dilong tsa saense, re solofetse go fitlhelela dilo tse dikgolo, re sa akanye ka sepe ka se se ka re emang pele e bile re sa itse gore matswela e tla nna eng.” *

Kafa letlhakoreng le lengwe, go kgona go fetola botshelo mo dijining ke selo se ba le bantsi ba se eletsang thata, ka jalo go tsogile kgaisano e kgolo ya go tlhagisa dipeo tse disha le ditshedi tse dingwe tse di fetotsweng. Go sa ntse go ntse jalo, dimela tsone di ntse di a fela. Jaaka go umakilwe pelenyana, dipuso dingwe le ditheo dingwe di tlhomile dibanka tsa dipeo gore di tile masetlapelo ano. A dibanka tseno di tla dira gore dikokomana tse di tlang di kgone go nna le mefuta e e farologaneng ya peo e ba ka e jalang le go e roba?

Dibanka Tsa Dipeo—A di Ka Tlhomamisa Gore Dipeo Di se Ka Tsa Fela?

Kwa Kew, Engelane, Royal Botanic Gardens e dira porojeke e e e bitsang “nngwe ya diporojeke tse dikgolo thata tsa ditšhabatšhaba tse di kileng tsa dirwa”—Porojeke ya Banka ya Peo ya Mileniamo. Maikaelelo a magolo a porojeke eo ke go (1) kgobokanya le go boloka diperesente di le 10—go feta mefuta e 24 000—tsa dimedi tsa lefatshe tse di ntshang peo ka 2010 le (2) gore pele ga moo, go kgobokanngwe mme go bolokiwe peo ya dimedi tsotlhe tsa United Kingdom tse di ntshang peo. Mafatshe a mangwe le one a tlhomile dibanka tsa peo, kgotsa dibanka tsa dijini, jaaka di bidiwa ka dinako tse dingwe.

Moithutatshelo John Tuxill o bolela gore mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa dimilione tsa peo tse di bankilweng mo dibankeng tsa peo ke tsa dijo tsa botlhokwa thata le dijalo, jaaka korong, raese, mmidi, mabele, ditapole, dieiye, kaliki, ntšhe, katune, dinawa tsa soya le dinawa tse dingwe, fa re umaka di se kae fela. Mme dipeo ke ditshedi tse di kgonang go tshela fela fa mabolokelo a tsone a nonofo a sa ntse a le teng. Ka jalo dibanka tsa peo di ka ikanngwa go le kana kang?

Mathata Kwa Bankeng

Go ya ka Tuxill, dibanka tsa peo di tlhoka madi gore di bereke—ka ngwaga di tlhoka dimilione di le dikete di le 2,4 tsa diranta. Le fa go ntse jalo, o bolela gore le one madi ao a ka tswa a sa lekana ka gonne “ke diperesente di le 13 fela tsa peo e e bankilweng tse di mo mafelong a a tsamaisiwang sentle tse di kgonang go bolokiwa nako e telele.” Ka ntlha ya gore peo e e sa bolokiwang sentle ga e kgone go tshwarelela nako e telele, e tshwanetse go jalwa pele gore kokomana e e latelang ya peo e rojwe; e seng jalo, dibanka tsa peo e nna polokelo ya peo e e suleng. Gone mme, tiro e e ntseng jalo e akaretsa palo e e kwa godimo ya badiri le ditshenyegelo tse dikgolwane, mo go dirang gore dilo di nne thata mo mafelong a a setseng a tlhaelelwa ke madi.

Buka ya Seeds of Change—The Living Treasure, e tlhalosa gore Mabolokelo a Setšhaba a Peo kwa Colorado, U.S.A., a “nnile le mathata a mantsi, go akaretsa go kgaogelwa ke motlakase, go senyegelwa ke didirisiwa tsa diforiji, le go tlhoka badiri ba ba lekaneng, mo go feletseng ka gore peo e ntsi e tlogelwe e le mekoa e sa rulaganngwa sentle.” Gape dibanka tsa peo di amiwa ke go sa ritibale ga boemo jwa dipolotiki, go sa tlhomamang ga ikonomi le masetlapelo a tlholego.

Go baya peo nako e telele le gone go baka mathata a mangwe. Mo tikologong ya tsone ya tlholego, dijalo di na le bokgoni jwa go tlwaela le fa gone e se mo go kalokalo, mme seno se dira gore di kgone go falola malwetse le dikgwetlho tse dingwe. Mme mo tikologong e di sireleditsweng mo go yone ya banka ya peo, di ka nna tsa latlhegelwa ke popego ya tsone morago ga dikokomana di sekae tsa tsone. Le fa go ntse jalo, peo e e bolokilweng sentle ya dijalo tse dintsi e ka nna makgolo a dingwaga a le mantsi pele ga e tlhoka go jalwa gape. Go sa kgathalesege mathata ao, go nna teng ga dibanka tsa dijalo go bontsha matshwenyego a a oketsegang ka isagwe ya dijalo tsa dijo tsa batho.

Ee, tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go fokotsa go fela ga mefuta ya ditshedi ke go sireletsa mo di tshelang teng le go tsosolosa go nna le mefutafuta ya dijalo. Mme Tuxill a re gore re dire jalo, go tlhokega gore re “ithute go nna le tekatekano magareng ga dilo tse batho ba di tlhokang le tse di tlhokwang ke tlholego.” Le fa go ntse jalo, go utlwala go le kana kang go akanya gore batho ba tla “bontsha tekatekano e ntšha” ka lefatshe la tlholego fa ba lateletse kgatelopele ya ikonomi ka matlhagatlhaga a magolo jaana? Jaaka re bone, le temothuo e setse e dirwa gore e nne selo sa botegeniki jwa maemo a a kwa godimo, le kgwebo e kgolo. Go tshwanetse ga bo go na le karabo e nngwe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Go sa ntse go ganetsanwa ka dikgopolo tse di malebana le diphelelo tse dijo tse di fetotsweng dijini di ka nnang le tsone mo boitekanelong jwa batho le jwa diphologolo le jwa tikologo. Go kopanngwa ga dijini tsa ditshedi tse di sa amaneng gotlhelele go dirile gore bangwe ba ipotse le gore seno se siame go le kana kang.—Bona Tsogang!, April 22, 2000, ditsebe 25-7, (ka Seesemane).

^ ser. 14 Makasine wa New Scientist o bega gore digwere dingwe tsa sukiri tsa kwa Yuropa “tse di fetotsweng dijini gore di kgone go lwantsha sebolayamofero sengwe go ne ga direga ka phoso gore di nne le dijini tsa go lwantsha sebolayamofero se sele.” Jini eo e e italeditseng e tsene mo digwereng tseno fa di ne di tsenngwa mmudula ke mofuta o mongwe wa digwere o o dirilweng gore o kgone go lwantshana le sebolayamofero sa mofuta o sele. Borasaense bangwe ba boifa gore go dirisa dijalo tse di diretsweng go lwantshana le dibolayamofero thata go ka dira gore go nne le mefero e e nonofileng thata e e kgonang go emelana le dibolayamofero.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Balemi—‘A ba Mo Kotsing ya go Nyelela’?

“Fa e sa le ka 1950, palo ya batho ba ba hirilweng mo dipolasing e ole thata mo dinageng tsotlhe tse di tlhabologileng, mo dikgaolong tse dingwe e ole ka diperesente di feta di le 80,” go bolela jalo World Watch. Ka sekai, United States jaanong e na le balemirui ba le mmalwa fa go bapisiwa le magolegwa. Ke eng se se dirang gore batho ba bantsi jaana ba tlogele go nna balemi?

Mabaka a magolo ke lotseno lo lo kwa tlase thata, dikoloto tse di oketsegang tse di amanang le temothuo, lehuma le le oketsegang, le go dirisiwa thata ga metšhine. Ka 1910, balemirui kwa United States ba ne ba amogela disente di le 40 mo dolareng nngwe le nngwe e bareki ba e dirisitseng go reka dijo, mme ka 1997, madi a balemirui a ne a wetse kwa tlasetlase, mme jaanong e le disente di le 7 fela. World Watch e bolela gore molemi wa korong, “o amogela disente di le 6 fela mo dolareng nngwe le nngwe e e dirisitsweng go reka lofo ya borotho.” Seno se raya gore bareki ba duelela se se phuthetseng borotho madi a a batlileng a lekana le a ba a duelelang molemirui korong ya gagwe. Mo dinageng tse di tlhabologang, balemirui ba mo boemong jo bo maswe le go feta. Molemirui kwa Australia kgotsa Yuropa o ka kgona go adima madi kwa bankeng gore a kgone go itshedisa mo ngwageng o o sa mo tsamaelang sentle; mme molemi wa kwa Afrika Bophirima o ka nna a se ka a kgona go tlhola a leka go lema gape. E bile o ka nna a se ka a kgona go tswelela a tshela le go tshela.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

“Mokgwa wa temothuo wa go lema mofuta o le mongwe fela wa sejalo o o nnileng teng fa e sa le ka nako ya ‘Phetogo e Kgolo mo Dijalong’ o amile thata temo ya dijalo tsa mefutafuta le go sirelediwa ga dijo mo lefatsheng lotlhe.”—Dr. Mae-Wan Ho

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Centro Internacional de Mejoramiento de Maíz y Trigo (CIMMYT)

Background: U.S. Department of Agriculture

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Banka ya Peo ya Mileniamo, kwa Engelane, e bolokile peo e e botlhokwa thata ya dimela

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Trustees of Royal Botanic Gardens, Kew