Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metsi Otlhe a Ile Kae?

Metsi Otlhe a Ile Kae?

Metsi Otlhe a Ile Kae?

Cherrapunji kwa India, ke lengwe la mafelo a a nang le metsi go gaisa otlhe mo lefatsheng. Ka paka e pula e nang thata ka yone, pula ya dimilimetara di le 9 000 e nela mo dithoteng tse di fa tlase ga Dithaba tsa Himalaya. Le fa go ntse jalo, go a gakgamatsa go bo Cherrapunji le yone e tlhaelwa ke metsi.

ERE KA go na le dimela di sekae fela tse di ka monyang metsi, metsi ano a pula a elela ka bonako jo bo tshwanang le jo e nang ka jone fa e tswa kwa loaping. Dikgwedi tse pedi morago ga dipula di sena go na thata, metsi a simolola go tlhaela. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng, Robin Clarke, mo bukeng ya gagwe ya Water: The International Crisis, o ne a tlhalosa Cherrapunji a re ke “sekaka se se metsi go di feta tsotlhe mo lefatsheng.” *

Kafa molapo o elelang teng go tswa kwa Cherrapunji ke Bangladesh, naga e e kwa tlase e e nang le batho ba bantsi, e bile e le e e amiwang thata ke metsi a dipula tse di nang thata a a fologang mo dithoteng tse di se nang ditlhare tsa India le Nepal. Mo dingwageng dingwe, peditharong ya Bangladesh e tlelwa ke metsi a morwalela. Mme fa metsi ao a morwalela a sena go fokotsega, Noka ya Ganges e elela go le gonnye fela, mme lefatshe le bo le phaphalala. Batho ba feta dimilione di le 100 kwa Bangladesh ba lebana le merwalela e e setlhogo eno le komelelo ngwaga le ngwaga. Se se dirang gore dilo di nne maswe le go feta ke gore metsi a didiba teng koo a kgotletswe ke arsenic, e e ka tswang e setse e tsentse botlhole mo bathong ba le dimilione.

Kwa Nukus, kwa Uzbekistan, e e seng kgakgala le Lewatle la Aral, bothata ga se arsenic mme ke letswai. Letswai le lesweu le khurumeditse dijalo tsa katune mme le dira gore di se ka tsa gola sentle. Letswai le tlhatlogela fa godimo le tswa mo mmung o o fa godimo o o tletseng metsi. Bothata jono jwa go tlala ga letswai mo mmung ga bo bosha. Temothuo ya Mesopotamia e ne ya wela kwa tlase dingwaga di le dikete tse nnè tse di fetileng ka lone lebaka leo. Fa go nosediwa thata mme metsi a sa nwelelele sentle mo mmung, go dira gore letswai le le mo mmung le kokoane fa godimo ga one. Gore thobo e tle e kgotsofatse, go tshwanetse ga dirisiwa metsi a mantsi a a phepa. Le fa go ntse jalo, kwa bofelong, mmu ga o solegele dikokomana tse di tlang molemo.

Metsi Otlhe a ya Kae?

Ka maswabi, bontsi jwa dipula tse di nang ke dipula tsa matlakadibe. Ga di dire fela gore go nne le merwalela mme gape di dira gore metsi a elele ka bonako a tswe mo godimo ga lefatshe a ye kwa lewatleng. Mme mo mafelong a mangwe pula e na thata, mo go a mangwe e na go le gonnye fela. Cherrapunji e itsege ka go nna le pula e e fetang dimilimetara di le 26 000 mo lobakeng longwe lwa dikgwedi tse 12, fa Sekaka sa Atacama kwa bokone jwa Chile se ka nna sa nna dingwaga di le mmalwa se sa bone pula epe e e kalo.

Mo godimo ga moo, batho ba bantsi mo polaneteng ya rona ba nna kwa go se nang metsi a mantsi teng. Ka sekai, ke batho ba sekae fela ba ba nnang mo mafelong a boboatsatsi a Afrika le Amerika Borwa kwa pula e nang thata teng. Noka e kgolo ya Amazon e tshela metsi mo Lewatleng la Atlantic a e leng diperesente di le 15 fela tsa metsi a a tswang kwa godimo ga lefatshe ka ngwaga, mme ka gonne batho ba ba nnang mo lefelong leo ba se bantsi, ga go tlhokege metsi a mantsi a batho ba a dirisang. Kafa letlhakoreng le lengwe, kwa Egepeto, kwa pula e sa neng thata gone, go nna batho ba ba ka nnang dimilione tse 60, mme metsi a ba a tlhokang ba tshwanetse go a bona mo Nokeng ya Nile e e kgadileng.

Mo dingwageng tse di fetileng, go tlhaela mo go ntseng jalo ga metsi go ne go sa bake mathata a a masisi. Go ya ka patlisiso nngwe, ka 1950 go ne go se na kgaolo epe ya lefatshe e e neng e na le selekanyo se se kwa tlase thata sa metsi kgotsa se se kwa tlase mo go feteletseng. Mme metlha eo ya go nna le metsi a mantsi e fetogile. Mo dikgaolong tse go sa neng pula thata kwa go tsone tsa Afrika Bokone le Asia Bogare, selekanyo sa metsi se motho a le mongwe a neng a na le sone se fokotsegile go nngwesomeng ya metsi a a neng a na le one ka 1950.

Kwantle ga go oketsega ga palo ya batho le selekanyo se se kwa tlase sa pula e e nang mo mafelong a a nang le batho ba bantsi thata, go na le mabaka a mangwe a a dirang gore tlhokego ya metsi e bo e oketsegile. Mo lefatsheng gompieno, tswelopele le katlego di tsamaisana le metsi a a lekaneng.

Tlhokego e e Ntseng e Gola ya Metsi

Fa e le gore o nna mo nageng e e nang le madirelo a mantsi, kwantle ga pelaelo o tshwanetse wa bo o lemogile gore difeketiri di nna dintsi go dikologa dinoka tse di botlhokwa. Lebaka la seno le motlhofo. Madirelo a tlhoka metsi go dira sengwe le sengwe fela, go simolola ka dikhomputara go ya go ditshipi tse di tlapisang dipampiri. Go baakanya dijo le gone go dirisa metsi a mantsi tota. Diteishene tsa motlakase di dirisa metsi a mantsi thata mme di gaufi le makadiba kgotsa dinoka.

Temothuo yone e tlhoka metsi a a oketsegileng le go feta. Mo mafelong a mantsi, pula e na go le gonnye thata kgotsa ga e ne sentle gore go ka bonwa thobo e e siameng, ka jalo go nosetsa go ne go lebega e le tharabololo e e siameng go fepa polanete e e tshwerweng ke tlala. Ka lebaka la go bo temothuo e ikaegile ka go godisa dijalo ka go di nosetsa, e dirisa metsi a mantsi a a phepa a polanete eno.

Mo godimo ga moo, selekanyo sa metsi a a dirisiwang mo gae se oketsegile. Ka bo1990, batho ba le dimilione di le 900 ba ba simololang go nna mo ditoropong ba ne ba tlhoka go tlosa leswe le go thibela malwetse le metsi a a phepa. Metswedi ya metsi e e tshwanang le dinoka le didiba, ga e tlhole e lekane ditoropo tse dikgolo. Ka sekai, Mexico City jaanong e tshwanetse gore e tlise metsi ka diphaepe go tswa bokgakaleng jwa dikilometara di le 125 e a kgabagantse mokoloko wa dithaba tse di boleele jwa dimetara di le 1 200 kwa godimo ga toropo. Dieter Kraemer mo pegong ya gagwe ya Water: The Life-Giving Source, a re boemo jono “bo tshwana le okotopase; mabogo a tswa mo toropong go ya go leka go batla metsi.”

Ka jalo, madirelo, temothuo le mafelo a setoropo tsotlhe di ntse di batla metsi a a oketsegileng. Mme di a bone ka go dirisa mabolokelo a lefatshe—metsi a a kafa tlase ga lefatshe. Metsi a a bolokilweng mo mafikeng kafa tlase ga lefatshe ke polokelo ya konokono ya lefatshe ya metsi a a phepa. Mme ga se gore metsi a teng ga nke a fela. Mabolokelo a a ntseng jalo a metsi a tshwana le madi mo bankeng. O ka se tswelele o ntse o a goga mme o se ke o tsenya. Go ise go ye kae o tla lebana le ditlamorago tsa teng.

Go Somarela le go Senya Metsi a a Kafa Tlase ga Lefatshe

Metsi a a kafa tlase ga lefatshe ke one a re a gang fa re epa sediba. Pego ya United Nations Children’s Fund ya Groundwater: The Invisible and Endangered Resource e bolela gore halofo ya metsi a a dirisiwang mo gae le a go nosetsa dijalo a tswa mo motsweding ono. E re ka metsi a a kafa tlase ga lefatshe gantsi a sa kgotlelwa jaaka a a fa godimo, ke one a gantsi re a nwang, mo ditoropong mmogo le kwa magaeng. Fa metsi a a kafa tlase ga lefatshe ano a ne a giwa ka tsela e e lekanetseng, a ne a tla nna a le teng, ka gonne ka metlha a okediwa ke pula e e nwelelang mo dipolokelong tseno tse di kafa tlase ga lefatshe ka iketlo. Batho ka masome a dingwaga ba ntse ba kgaritlha metsi a mantsi go feta a modikologo wa metsi wa tlholego o ka a emisetsang.

Matswela ke gore metsi a a kafa tlase ga lefatshe a ntse a nwela kwa tlase, mme go felela e le go senya madi kgotsa go se na mosola go leka go a fitlhelela. Fa sediba se kgala, matswela e nna masetlapelo mo go tsa ikonomi le mo bathong. Kwa India, masetlapelo a a ntseng jalo a setse a simolotse. E re ka dijo tsa batho ba le dikete di le milione kwa dipoeng tsa bogare jwa China le India di ikaegile ka metsi a a bolokilweng kafa tlase ga lefatshe, isagwe e a tshosa.

Go fela ga metsi a a kafa tlase ga lefatshe go okediwa gape ke kgotlelo. Menontsha ya temo, maswe a batho le a diphologolo, le dikhemikale tsa madirelo, tsotlhe di tsena mo metsing a a kafa tlase ga lefatshe. “Fa metsi a a bolokilweng mo mafikeng kafa tlase ga lefatshe a kgotlelwa, go baakanya boemo joo go ka tsaya nako e telele e bile go ka ja madi a le mantsi, ka dinako tse dingwe ga go kgonege,” go tlhalosa jalo pego e e gatisitsweng ke World Meteorological Organization. “Go tsena ka iketlo mo metsing ga dilo tse di a kgotlelang go bidiwa ‘bomo e e emetsweng gore e thunye.’ Go tshosetsa batho.”

Selo se sengwe sa bofelo se se sa lebelelwang ke gore metsi a a ntshiwang mo mafikeng kafa tlase ga lefatshe a ka nna a felela a senya lone lefatshe le go neng go ikaeletswe gore a le nosetse. Karolo e kgolo ya lefatshe le le nosediwang mo dinageng tse go sa neng pula mo go tsone kgotsa tse go sa neng pula thata kwa go tsone, jaanong mmu wa tsone o na le letswai. Kwa India le kwa United States—mafatshe a mabedi a a kwa pele go a feta otlhe a a dirang dijo tsa lefatshe—diperesente di le 25 tsa naga e e nosediwang di setse di senyegile thata.

Yo o Sa Senyeng ga a Kitla a Tlhoka

Go sa kgathalesege mathata ano otlhe, boemo bo ka bo bo se maswe thata jaana fa metsi a a tlhwatlhwakgolo a polanete a ne a dirisiwa ka kelotlhoko e kgolwane. Gantsi go sa nosetse sentle go senya diperesente di le 60 tsa metsi pele ga a fitlha kwa dijalong. Fa go ne go ka dirwa dilo botokanyana go dirisiwa boranyane jwa saense jo bo leng teng, metsi a a dirisiwang kwa madirelong a ne a ka fokodiwa ka halofo. Le metsi a kwa mafelong a ditoropo a ka fokodiwa ka diperesente tse 30 fa diphaepe tse di thubegileng di ne di baakanngwa ka bonako.

Gone mme gore metsi a somarelwe, batho ba tshwanetse go ikemisetsa go dira jalo le go nna le mekgwa ya go dira jalo. A go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore metsi a polanete ya rona a a tlhwatlhwakgolo a tla somarelwa gore a tle a dirisiwe ke dikokomana tse di tlang? Setlhogo sa rona sa bofelo se tla araba potso eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Cherrapunji—Lengwe la Mafelo a a Nang le Metsi a Mantsi go a Gaisa Otlhe,” go Tsogang! ya May 8, 2001 (ka Seesemane).

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

GO TLHOKEGA METSI GO DIRA DILO MO LEFATSHENG

Mo e ka nnang ditiro tsotlhe tse di dirwang kwa madirelong di dirisa metsi a mantsi.

▪ Go dira tone e le nngwe ya tshipi go dirisa ditone tse 280 tsa metsi.

▪ Go dira kilogerama e le nngwe ya pampiri go ka tlhoka gore go dirisiwe dikilogerama di le 700 tsa metsi (fa e le gore feketiri ya teng ga e boe e dirisa metsi ao gape).

▪ Go dira koloi e e tlwaelegileng ya kwa United States, modiri wa yone o dirisa metsi a a fetang bokete jwa koloi go menagane ga 50.

Temothuo e ka tswa e dirisa metsi a mantsi fela jalo, segolobogolo fa diruiwa di golela mo dikgaolong tsa lefatshe tse go sa neng pula thata kwa go tsone.

▪ Go baakanya kilogerama e le nngwe ya nama ya dikgomo tsa kwa California go tlhokega dilitara di le 20 500 tsa metsi.

▪ Go baakanya koko e le nngwe fela e e gatseditsweng go dirisiwa dilitara di ka nna 26 tsa metsi.

[Kerafa/Ditshwantsho mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

METSI A DIRISIWA KAE?

Legae 10%

Madirelo 25%

Temothuo 65%

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Go senngwa dilitara di le dimilione tsa metsi ka ntlha ya diphaepe le dipompo tsa metsi tse di tlogelwang di dutla metsi

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Richard Drew