Ke ka Ntlha Yang fa Rre a re Tlogetse?
Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang fa Rre a re Tlogetse?
“Tota ga ke ise nke ke tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa rre a ne a tsamaya. Se ke neng ke se itse fela ke se mmè a neng a se mpoleletse.”—James. *
FA RRE a tsaya dilo tsa gagwe a bo a tswa mo gae, gantsi o tlogela maikutlo a kutlobotlhoko le letlhoo. “Ke ne ke utlwile botlhoko tota fa mmè le rre ba ne ba tlhalana,” go bolela James yo o nang le dingwaga di le 14, yo o nopotsweng fa godimo. Fa rre a tsamaya a sa tlhalosa lebaka mme a bo a sa tlhole a ikgolaganya ka gope le ba lelapa, bana ba gagwe ba ka nna ba ikutlwa ba le molato, ba sa batliwe mme ba bo ba nna le letlhoo ka dingwagangwaga morago ga seo. *
Fa rrago a tsamaile, o ka tswa o itse lebaka le le utlwisang botlhoko la gone. Mosha mongwe yo o bidiwang Michael o bolela jaana: “Rre o ne a tsamaya a ya go nna le mosadi yo mongwe. Nkile ka mmona a na le ene gangwe fela, mme go ne ga nkgalefisa. Ke ne ke na le maikutlo a gore Rre o re latlhile.” Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go tsamaya ga gagwe go ka thusa. Melissa, yo rraagwe a neng a tshwakgotswe ke tagi, o bolela jaana: “Fa a ne a ka nna kwa gae, dilo di ka bo di re thatafaletse le go feta.”
Le fa go ntse jalo, gantsi bana ga ba itse gotlhelele gore ke ka ntlha yang fa rraabone a tsamaile, mme seno se ka dira gore go sa nne teng ga gagwe go nne botlhoko le go feta. Ke boammaaruri gore o ka tswa o itse gore batsadi ba gago ba ne ba na le mathata, mme o ka tswa o ne o ise o akanye gore ba ka tlhalana. Robert o gakologelwa jaana: “Fa Rre a ne a tsamaya, ruri ke ne ke sa tlhaloganye sengwe le sengwe se se neng se diragala. Ke ne ke itse fela gore go na le mathata ka gore batsadi ba me ba ne ba omana ka metlha.”
Ke ka ntlha yang fa borre bangwe ba tlogela legae? Fa e le gore rrago o tsamaile, a o tshwanetse go tsaya gore o ne a sa go batle? Le gone ke ka ntlha yang fa batsadi ba gago ba ka nna ba se ka ba batla go go bolelela thata ka gone? A ga ba a tshwanela go go tlhalosetsa?
Lebaka La go Bo ba Didimala
Mabaka a a dirang gore rre a tsamaye ga nke a nna monate. Gantsi lebaka ke boaka—boitshwaro jo bo maswe jo gantsi bo neng bo ntse bo fitlhetswe lelapa. Fa mosadi a bona phoso e e ntseng jalo, o ka nna a dira tshwetso ya gore a tlhale monna wa gagwe. E bile o ka nna a mo kopa gore a tsamaye pele ga dipampiri tsa tlhalo di romelwa. Bana ba ka nna ba tswa ba sa itse sepe gotlhelele gore ke ka ntlha yang fa seno se diragala.
Malaki 2:13, 14) Ka jalo fa lebaka la go tlhalana ga batsadi ba gago e le boaka, o se ka wa gakgamala fa mmago a fitlhela go le botlhoko thata go ka bua ka kgang eno.
Le fa go ntse jalo, leka go tlhaloganya lebaka la go bo mmago a ka nna a se ka a batla go senola gore tota go diragetseng. Lebaka le lengwe ke gore, o ka tswa a akanya gore go senola boitshwaro jo bo maswe jwa ga rrago go ka oketsa bohutsana. Gape o lemoge gore go tshwanetse ga bo go le botlhoko tota fa mosadi a lemoga gore monna wa gagwe o ntse a sa ikanyege. (Go tweng ka rrago? Go a utlwala gore fa a ne a sa ikanyege mo go mmago, a ka se ka a go bolelela. Banna ba bangwe ba ikutlwa ba le molato thata ka go sa itshware sentle ga bone mo e leng gore ga ba batle le go kopana le bana ba bone! Le fa go ntse jalo, borre ba bantsi, go sa kgathalesege boitshwaro jwa bone jo bo tlhabisang ditlhong, ba tswelela ba rata bana ba bone mme ba ka nna ba leka gore ba nne ba kopane le bone.
Ka dinako tse dingwe rre o tsamaya ka ntlha ya go sa itshware sentle ga mosadi, mme o leka ka thata gore a tswelele a le gaufi le bana ba gagwe. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, go tlhalana e a bo gotlhelele e se ka ntlha ya boaka, mme e le diphelelo tsa manganga a dingwagangwaga a mo lenyalong. * (Diane 18:24) Ka gonne seno gantsi se diragala mo sephiring, o ka nna wa se ka wa itse gore go ne go omanelwa eng.
Baebele mo go Diane 25:9 e bolela jaana: “Bua kgang ya gago le wa gaeno ka esi, mme o se ka wa bipolola leoma la motho yo mongwe.” Ka dinako tse dingwe dikomang mo lenyalong di ama dikgang tse di masisi tsa sephiri tsa botho. Boammaaruri ke gore, go molemo tota gore o se ka wa utlwa dilo tse di ntseng jalo. Gape, go bipolola “leoma la motho yo mongwe” gantsi go dira gore boemo jo bo ntseng bo le maswe bo nne maswe le go feta. O ka nna wa nna le maikutlo a gore o nne mo letlhakoreng la yo mongwe—mme ka go dira jalo o tla bo o oketsa go tlhoka kutlwano go jaanong go leng teng mo lelapeng la gaeno. Sentlentle, o mo boemong jo bo botoka fa batsadi ba gago ba sa go bolelele ka dikomang tsa bone.
Lwantshana le Letlhoo ka go Nna le Temogo
Mme gone, go thata gore o se ka wa galefa kgotsa wa nna le letlhoo fa rrago a dule mo gae mme o sa kgone go araba potso ya gore, Ke ka ntlha yang fa a dirile jalo? Le fa go ntse jalo, mo go Diane 19:11, Baebele ya re: “[“Temogo,” NW] ya motho e mo dira gore a nne bonya [e seng go fedisa] go galefa.” Mme ga o tlhoke go itse sengwe le sengwe se se diragetseng gore o nne le temogo.
Ka sekai, Baebele e re thusa go bona gore batsadi ba rona ga ba itekanela. E bolela jaana: “Gonne botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Go amogela boammaaruri jono jo bo botlhoko go ka go thusa gore o lebe diphoso tsa batsadi ba gago ka tsela e e tshwanetseng. Ka sekai, fa e le gore rrago ga a tlotla maikano a gagwe a lenyalo, seno ke molato o o masisi—o e leng gore o ikarabelela fa pele ga Modimo ka ntlha ya one. (Bahebera 13:4) Mme ga go reye gore ga a go batle kgotsa gore ga a tlhole a go rata.
Banyalani botlhe ba na le “pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakorintha 7:28) Banna bangwe le basadi bangwe ba ineela gore ba dire diphoso ka gonne ba na le dikgatelelo mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego, mme go sa tlhokege gore ba dire jalo. Robert o gakologelwa jaana: “Rre o ne a re ratela dilo tse di molemo. O ne a fudusa lelapa a le isa kwa lefelong le a neng a akanya gore o tla amogela madi a a oketsegileng kwa go lone, gore re tle re nne le ntlo e ntle mme lelapa le itumele.” Mme maiteko a ga rre a mantle a go re a direle lelapa la gagwe botshelo jo bo botoka a ne a folotsa. Robert o tlhalosa jaana: “Rre o ne a sa tlhole a ya dipokanong tsa Bokeresete sentle. Go tswa foo a latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Morago ga nakwana o ne a simolola go sotla mmè le kgaitsadiake.” Dilo di ne tsa senyega mo e leng gore rraagwe le mmaagwe ba ne ba tlhalana.
Robert o ka bo a ile a galefisiwa thata ke diphoso tsa ga rraagwe. Mme go nna le temogo malebana le boemo jwa ga rraagwe go mo rebile bogale. Le fa go senyega ga lenyalo la batsadi ba gagwe go ne go le botlhoko thata, go rutile Robert sengwe sa botlhokwa. Robert o bolela jaana: “Fa ke simolola lelapa, dilo tsa semoya di tshwanetse go tla pele.”
Michael, yo o umakilweng pelenyana, le ene o ile a tshwanelwa ke gore a lwantshane le kgalefo ya gagwe. O bolela jaana: “Ke ne ke batla go utlwisa rre botlhoko ka ntlha ya se a se re dirileng.” Mme o ne a tswelela a na le botsalano le rraagwe. Fa nako e ntse e tsamaya, Michael o ne a kgona go tlogela go nna bogale mme a tswelela le botshelo jwa gagwe.
Le wena o ka nna wa leka go nna le botsalano jo bo tlwaelegileng le rrago go ya kafa boemo jwa gago bo go letlang ka teng. Ke boammaaruri gore o ka tswa a lo utlwisitswe botlhoko wena le mmago. Mme o ka tswa o sa itse sengwe le sengwe se se diragetseng. Mme le fa o itse gore o dirile phoso nngwe, e sa ntse e le rrago. O tshwanetse go mo tlotla ka selekanyo se se rileng. (Baefeso 6:1-3) Tila “bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgojwa.” (Baefeso 4:31) Fa go kgonega, o se ka wa tsaya matlhakore malebana le dikomang tsa botho tsa batsadi ba gago tsa lenyalo. O ka kgona go nna le botsalano jo bo molemo le batsadi ba gago boobabedi, fa o ba tlhomamisetsa ka bobedi jwa bone gore o a ba rata.
Ga se Molato wa Gago
Go tswa ga ga rrago mo gae e ka nna sengwe sa dilo tse di botlhoko thata tse di ka go diragalelang. Mme le fa o ka se ka wa itse mabaka otlhe a go bo a tsamaile, ga go tlhokege gore o akanye gore e ne e le molato wa gago. Ke boammaaruri gore o ka nna le maikutlo a gore ga a go batle. Mme ke ka sewelo fela manyalo a senyegang ka ntlha ya bana. Batsadi ba gago ba ikanne fa pele ga Modimo gore ba tla nna mmogo. Ke boikarabelo jwa bone gore ba tshele go dumalana le maikano ao—e seng jwa gago.—Moreri 5:4-6.
Le fa go ntse jalo, fa o ikutlwa o tlhakane tlhogo, o le molato, kgotsa o ikarabelela mo go seno, ke ka ntlha yang fa o sa bolelele batsadi ba gago? Ba ka nna ba go bulela mafatlha a bone mme ba go naya kgothatso e o e tlhokang. James yo o nopotsweng kwa tshimologong, o bolela jaana: “Nkile ka bo ke akanya gore ke molato, go fitlha mmè le rre ba ipha nako mme ba bua le nna.” Nancy yo mmotlana le ene ka mo go tshwanang o ne a ikutlwa a le molato fa rraagwe le mmaagwe ba ne ba tlhalana. Fa Nancy a sena go tlotla le mmaagwe ka makgetlho a le mmalwa, o ne a swetsa ka gore: “Bana ga ba a tshwanela go ipona molato ka ntlha ya dilo tse batsadi ba bone ba di dirang.” Ee, fa o letla batsadi ba gago gore ba ‘rwale morwalo wa bone’ wa boikarabelo, seno se ka go thusa gore o se ka wa ikutlwa o imelwa mo maikutlong. (Bagalatia 6:5) Mme o ka kgona jang go dirisana le boemo ka gore jaanong o nna mo legaeng le le se nang rre? Setlhogo se se tla latelang mo motseletseleng ono wa ditlhogo se tla go naya dikarabo dingwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 3 Maina a mangwe a fetotswe.
^ ser. 4 Bona motseletsele wa ditlhogo tse di mo makasineng wa February 8, 2000, wa Tsogang! o o nang le setlhogo se se reng “Malapa A a Se Nang Borre—Go Emisa Mokgwa Ono.”
^ ser. 12 Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhalosa ka phepafalo gore lebaka le le lengwe fela la Dikwalo la go fedisa lenyalo, le le ba letlang ka bobedi gore ba nyale gape, ke kgokafalo.—Mathaio 19:9.
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
O se ka wa ikutlwa o le molato ka ntlha ya mathata a lenyalo a batsadi ba gago