A Ruri di Kotsi go le Kalo?
A Ruri di Kotsi go le Kalo?
JAAKA re bone, Internet e dirile gore go nne motlhofo gore bagolo le bana ba bone ditshwantsho tse di hepisang ka bontsi. A o tshwanetse go amega ka kgang eno? A ruri ditshwantsho tse di hepisang di kotsi?
Batho ba le bantsi ba akanya gore ga go kotsi go leba ditshwantsho tse di hepisang gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, mabaka a bontsha se se farologaneng le seno. Akanya ka se se neng sa diragalela banyalani bangwe ba ba neng ba lebega ba itumetse mo lenyalong. Ba ne ba se na mathata a madi, mme ba rata go ja nala. Ditsala tsa bone di ne di ba tsaya e le batho ba ba utlwanang tota, ba ba ratanang le ba ba ikanyegang, mme ba ne ba ntse jalo mo dilong tse dintsi.
Le fa go ntse jalo, mathata a ne a tsoga fa monna a simolola go leba ditshwantsho tse di hepisang. Mosadi wa gagwe o ne a kwalela mokwaladikgang mongwe yo o itsegeng thata jaana a tlhalosa mathata a gagwe a tshwenyegile thata: “Fa [monna wa me] a ne a simolola go fetsa nako e ntsi a le mo khomputareng gare ga mpa ya bosigo le ka mahube a naka tsa kgomo, o ne a mpolelela gore o ne a ‘batlisisa’ sengwe fela. Moso mongwe ke ne ka mo kgabelela a ntse a lebile [ditshwantsho tse di hepisang] . . . O ne a bolela gore o ne a batla go bona fela gore di ntse jang. Mme e ne ya re fa ke atamela go bona sentle gore o ne a ntse a lebile eng, ke ne ka feroga sebete. O ne a tlhabilwe ke ditlhong mme a ntsholofetsa gore o tla kgaotsa, mme ke ne ka dumela gore o bua boammaaruri. E ne e ntse e le monna yo o ikanyegang ka metlha—yo o bolokang lefoko la gagwe.”
Fela jaaka monna yono, batho ba le bantsi ba simolola go leba ditshwantsho tse di hepisang e le fela gore ba batla go bona gore di
ntse jang. E re ka ba sa batle go bonwa, ba bulela Internet gare ga mpa ya bosigo kana ka mahube a naka tsa kgomo go di leba. Mme fa ba kgabelelwa, gantsi ba bipa se ba ntseng ba se dira ka maaka, fela jaaka monna yono a dirile. A go na le mongwe yo o ka bolelang gore ga go na sepe se se kotsi ka “boitlosobodutu” jo bo dirang gore “monna yo o dirang se a se solofeditseng” a nanare mo gare ga mpa ya bosigo a bo a aketse baratiwa ba gagwe?Mokgwa ono o ka bakela motho le ba lelapa la gagwe mathata a se kana ka sepe. Batho bangwe ba ile ba dumela gore go leba ditshwantsho tse di hepisang go dirile gore ba kgaotse go itsalanya thata le batho ba bangwe. Ga ba batle gore ba bo ba na le batho fa ba ntse ba kgotsofatsa keletso eno ya bone ya go leba ditshwantsho tse di hepisang. Gantsi batho ba ijesa dijo tsa ditoro fa ba lebile ditshwantsho tse di hepisang, mme go ijesa dijo tsa ditoro ga go dire gore motho a lwele go dira botsala jo bo nonofileng le batho ba bangwe kana go leba botshelo ka tsela e bo leng ka yone. A ruri go ka twe boitlosobodutu jo bo tlhoboganyang motho le batho ba ba amegang thata ka ene ga bo kotsi?
Ka dinako tse dingwe batho ba ba lebang ditshwantsho tse di hepisang kana ba ba balang dilo tse di hepisang ba tle ba palelwe ke go itumelela go tlhakanela dikobo le balekane ba bone ka tsela e e tlwaelegileng. Go tlhaloganya lebaka la seno, akanya ka boikaelelo jwa ntlhantlha jwa Modimo ka batho ba ba nyetseng. Ka lorato o ne a dira gore banna le basadi ba kgone go bontshana lorato ka boipelo ka go tlhakanela dikobo ka tsela e e tlotlegang. Diane 5:18, 19 e bolela jaana fa e bontsha gore seno se ne se tshwanetse go nna monate: “Itumele mo mosading wa bokau jwa gago . . . A mabele a gagwe a go thethebatse ka metlha yotlhe, o nne o tlhapelwe ke lorato lwa gagwe ka metlha yotlhe.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)
Ela tlhoko gore lorato lo ne lo tshwanetse go nna motheo wa go tlhakanela dikobo. A motho yo o lebang ditshwantsho tse di hepisang o lwela go nna le kamano e e nonofileng ya lorato le botsalano? Nnyaa, o kgotsofatsa dikeletso tsa gagwe fela tsa tlhakanelodikobo—gantsi a le nosi. Monna yo o nyetseng yo o lebang ditshwantsho tse di hepisang a ka nna a simolola go leba molekane wa gagwe e le selo fela—motho yo a mo dirisetsang go ijesa monate fela ka ene. Seno ga se dumalane gotlhelele le seriti le tlotlo tse Mmopi a neng a batla gore banna ba di bontshe basadi ba bone. (1 Petere 3:7) A mokgwa o o kgoreletsang karolo eno e e bosisi go gaisa tsotlhe mo lenyalong go ka twe ga o molato?
Mo godimo ga moo, selo se motho a ka tswang a ne a ipoleletse gore o tla se dira sewelo fela se ka feleletsa se mo tshwakgotse ka nako e telele. Mokwadi mongwe o akgela jaana: “Fela jaaka batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi ba batla diokobatsi tse dingwe gape tse di maatla thata gore ba ikutlwe ba ‘natefetswe,’ batho ba ba lebang ditshwantsho tse di hepisang le bone ba patelesega go di leba thata gore ba natefelwe jaaka pele.”
Go bonala e le sone se se neng sa diragalela monna yo go builweng ka ene pelenyana mo setlhogong seno. Maitseboa mangwe morago ga dikgwedi di le mmalwa a solofeditse gore o tla kgaotsa go leba ditshwantsho tse di hepisang, mosadi wa gagwe o ne a mo fitlhela a le mo khomputareng fa a fitlha mo gae. Go ya ka tsela e monna wa gagwe a neng a itshwara ka yone o ne a lemoga gore go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle. Mosadi yono o ne a kwala jaana: “[O] ne a lebega a tshogile e bile a tshwenyegile thata. Ke ne ka leba khomputara, mme ka fitlhela go ntse fela jalo, a lebile ditshwantsho tse di makgapha tota. O ne a bolela gore o ne a bua boammaaruri fa a ne a ntsholofetsa gore o tla di tlogela, le fa go ntse jalo, e ne e le fela gore ga a kgone go kgaogana le tsone.”
Ka ntlha ya kotsi e ditshwantsho tse di hepisang di ka e bakang le ka ntlha ya go anama ga tsone, o na le lebaka le le utlwalang tota la go tshwenyega ka tsone. O ka itshireletsa jang wena le bana ba gago? Setlhogo sa bofelo sa motseletsele ono wa ditlhogo se tla sekaseka potso eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Ditshwantsho tse di hepisang di senya maitsholo