Nka Dira Eng Gore ke Gomotsege fa ke Sena go Kgaogana le Motho yo ke Neng ke Ratana le Ene?
Kgaolo 31
Nka Dira Eng Gore ke Gomotsege fa ke Sena go Kgaogana le Motho yo ke Neng ke Ratana le Ene?
“Re ne re na le dikgwedi di le thataro re intsha mmogo e bile re feditse dingwaga di le tlhano re le ditsala. O ne a sa kgone le go nteba mo matlhong fa a setse a batla go fedisa thatano ya rona. Ke ne ka bona fela a sa tlhole a mpuisa. Ke ne ke kgobegile marapo. Ke ne ke ngomogile pelo tota ka ntlha ya go swaba. Ke ne ka nnela go ipotsa gore, ‘Tota ke sentse kae?’”—Rachel.
GO KGAOGANA le mongwe yo o neng o ratana le ene go ka senya boitumelo jwa gago mme ga dira gore o sale o tlaletswe e bile o le mo selelong. Akanya ka Jeff le Susan ba ba feditseng dingwaga di le pedi ba intsha mmogo. Mo nakong eo, lorato lwa bone lo ne lwa gola. Jeff o ne a fetsa letsatsi lotlhe a ntse a romelela Susan melaetsa e e mmontshang gore o mo rata tota. Nako le nako o ne a mo naya dimpho go bontsha gore o ne a akantse ka ene. Susan a re: “Jeff o ne a leka ka natla go ntheetsa le go ntlhaloganya. O ne a dira gore ke ikutlwe ke le motho wa botlhokwa.”
Go ise go ye kae, Jeff le Susan ba ne ba setse ba bua ka lenyalo le gore ba ne ba tla nna kae fa ba setse ba nyalane. Jeff o ne a bile a botsa gore Susan o rwala palamonwana e e bogolo jo bo kae. Le fa go ntse jalo, Jeff o ne a fedisa thatano ya bone go sa lebelelwa! Susan o ne a tlhakane tlhogo. Le fa gone a ne a tswelela ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi, o ne a le mo maibing gonne a ngomotswe pelo ke se se mo diragaletseng. A re: “Ke ne ke ikutlwa ke lapile mo mogopolong le mo mmeleng.” *
Lebaka La go Bo go Le Botlhoko
Fa o le mo seemong se Susan a neng a le mo go sone, gongwe o ipotsa gore, ‘A tota ke tla kgona go tswelela gape ka botshelo jwa me?’ Go a utlwala go bo o hutsafetse jaana. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Lorato lo maatla fela jaaka loso.” (Sefela sa Difela 8:6, Today’s English Version) Ka jalo, go kgaogana le motho yo o ratanang le ene e ka tswa e le nngwe ya dilo tse di botlhoko tota tse o kileng wa tshwanelwa ke go di itshokela. Tota e bile, bangwe ba ile ba re fa o kgaogana le motho yo o ratanang le ene, go nna jaaka e kete karolo nngwe mo teng ga gago e a swa. O ka nna wa bo wa iphitlhela o na le maikutlo ano kgotsa a mangwe a a nnang teng fa motho a hutsafetse:
Go sa dumele. ‘Nnyaa ga go a fela. O tla fetola mogopolo morago ga letsatsi kgotsa a mabedi.’
Go galefa. ‘Goreng a ntira jaana? Ga ke batle le go mmona!’
Go tshwenyega thata mo maikutlong. ‘Ga ke ratege. Ga go ope yo o tla tlholang a nthata.’
Go amogela. ‘Go tla siama. Go botlhoko go kgaogana le motho yo ke neng ke mo rata, mme gone ke ikutlwa botoka.’
Se se itumedisang ke gore, o ka kgona go fitlha mo boemong jwa gore o amogele. Gore go tla tsaya lobaka lo lo kae gore o fitlhe foo go ikaegile ka mabaka a le mmalwa, a a akaretsang gore lo ne lo na le lobaka lo lokae lo ratana le gore thatano ya lona e ne e setse e ile bokgakaleng bofe. Fa o sa ntse o letile nako eo, ke eng se o ka se dirang gore o kgone go itshokela go phatloga pelo?
Go Tswelela ka Botshelo
O ka tswa o kile wa utlwa batho bangwe ba re, fa nako e ntse e ya, matsadi a kutlobotlhoko a a fola. Mafoko ao a ka nna a se ka a go gomotsa fa e le gone o kgaoganang le motho yo o neng o ratana le ene. Seno ke ka gonne go feta ga nako go rarabolola karolo e e rileng fela ya bothata. Ka sekai: Ntho e e mo letlalong la gago e tla fola fa nako e ntse e ya, mme gone jaanong, e botlhoko. O tshwanetse go emisa go dutla ga madi mme o leke go okobatsa botlhoko. Gape o tshwanetse go tlhomamisa gore ga e tsenwe ke megare. Go ntse jalo le ka ntho ya maikutlo. Gone jaanong e
botlhoko. Mme gone go na le dilo tse o ka di dirang go fokotsa botlhoko le go dira gore o se ka wa tshwaediwa ke kgalefo. Nako e tla dira se e tshwanetseng go se dira, mme wena ke eng se o ka se dirang? Leka dilo tse di latelang.● Itetle go hutsafala. Ga go sepe se se phoso ka go lela. Aitsane Baebele ya re, go na le “nako ya go lela” tota le “nako ya go hutsafala.” (Moreri 3:1, 4) Go lela ga go reye gore o bokoa. Tota le Dafide—yo e neng e le motlhabani yo o pelokgale—fa a ne a le mo tlalelong o ne a dumela jaana: “Bosigo jotlhe ke dira gore sekanamelo sa me se nne metsimetsi; ke penolosa bolawana jwa me ka dikeledi tsa me.”—Pesalema 6:6.
● Tlhokomela botsogo jwa gago. Go ikatisa le go ja dijo tse di nang le dikotla go tla thusa go busetsa maatla a a go latlhegetseng ka ntlha ya kutlobotlhoko e e bakilweng ke go kgaogana le motho yo o neng o ratana le ene. Baebele ya re: “Go thapisa mmele go tswela mosola.”—1 Timotheo 4:8.
Ke dilo dife tse di amang botsogo jwa gago tse o tshwanetseng go di ela tlhoko?
․․․․․
● Nna o tshwaregile. O se ka wa tlogela go dira dilo tse o itumelelang go di dira. Eno ke nako ya gore o leke go feta le fa e le leng pele gore o se ka wa itlhaola. (Diane 18:1) Go fetsa nako o na le batho ba ba amegang ka wena go tla go naya sengwe se se molemo se o ka tlhomang mogopolo mo go sone.
O ka ipeela mekgele efe?
․․․․․
Pesalema 10:1) Mme gone, a go siame go tsaya Modimo e le Ene yo o kopanyang baratani? Nnyaa le eseng; e bile ga se molato wa gagwe fa mongwe wa lona a batla go fedisa thatano ya lona. Se re se itseng ka Jehofa ke gore: “O a [go] kgathalela.” (1 Petere 5:7) Ka jalo, mo tshololele maikutlo a gago ka thapelo. Baebele ya re: “A dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.
● Rapela Modimo o mo itsise kafa o ikutlwang ka teng. Seno se ka nna thata. Batho bangwe fa ba sena go kgaogana le motho yo ba neng ba ratana le ene ba ikutlwa e kete Modimo o ba tsieditse. Ba re, ‘Ke ne ka rapela gantsintsi gore ke bone mongwe yo o nthatang, jaanong bona fela gore go diregile eng!’ (Ke dilo dife tse o ka di rapelelang mo go Jehofa fa o ntse o leka go itshokela tlalelo e e bakilweng ke go kgaogana le motho yo o neng o ratana le ene?
․․․․․
Leba Kwa Pele
Fa o sena go ipha nako ya go fola mo maikutlong, go ka nna molemo gore o sekaseke gore matsapa di a tsere kae mo thatanong ya gago e e fedileng. Fa o setse o siametse go dira jalo, o ka nna wa fitlhela go thusa go araba dipotso tse di mo lebokoseng le le reng, “Go Kgaogana ga Rona go ka Nthuta Eng?” mo tsebe 224.
Gone ke boammaaruri gore thatano ya lona ga e a ka ya nna se o neng o se solofetse. Mme gone se lebale seno: Ka nako ya setsuatsue, go motlhofo go tlhoma mogopolo mo marung a mantshontsho le mo puleng. Le fa go ntse jalo, kgabagare pula e a emisa mme loapi lo apoge. Basha ba ba umakilweng mo kgaolong eno ba ne ba lemoga gore fa nako e ntse e ya, ba ne ba kgona go tswelela ka matshelo a bone. Tlhomamisega gore le wena o tla kgona!
Ke dilo dife tse o ka di dirang go itshireletsa mo bathong ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo?
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 5 Le fa batho ba go buiwang ka bone mo kgaolong eno e le basadi, melaometheo e go tlotliwang ka yone e ka thusa le banna.
DITEMANA TSA BOTLHOKWA
“[Jehofa] o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.”—Pesalema 147:3.
KAKANTSHO
Susan yo o umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a itirela lenaane la ditemana tsa Baebele mme a nna a le tshotse gore a kgone go bala ditemana tseo fa a ikutlwa a fekeediwa ke kutlobotlhoko. Gongwe le wena o ka dira se se tshwanang ka ditemana dingwe tse di umakilweng mo setlhogong seno.
A O NE O ITSE GORE . . . ?
Bontsi jwa basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba ratanang ga ba feleletse ba nyalane, mme ba ba nyalanang, gantsi manyalo a bone a felela ka tlhalo.
SE KE SE IKAELETSENG!
Gore ke kgone go tswelela ka botshelo jwa me fa ke sena go kgaogana le motho yo ke neng ke ratana le ene, ke tla ․․․․․
Se nka tokafatsang mo go sone gore mo isagweng ke nne molekane yo o molemo mo mothong yo ke tla intshang le ene ke ․․․․․
Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․
O AKANYANG?
● Ke eng se o ithutileng sone ka botho jwa gago mo thatanong ya gago e e fetileng?
● O ithutile eng ka ba bong bo sele?
[Mafoko a a mo go tsebe 227]
“Fa nako e ntse e ya, o simolola go tlhaloganya dilo dingwe sentle. Mme moragonyana o tla bo o sa tlhole o betilwe ke pelo, ka jalo o tla kgona go akanya sentle ka se se go diragaletseng mme o tswelele ka botshelo jwa gago. Gape o kgona go ikitse sentle le go akanya ka se tota o se tlhokang mo molekaneng, le dilo tse o tshwanetseng go di tila gore mo isagweng o se ka wa welwa ke seemo se se tshwanang.’’—Corrina
[Lebokoso mo go tsebe 224]
Kaedi
Go Kgaogana ga Rona go ka Nthuta Eng?
A o go neile lebaka la go bo lo tshwanetse go kgaogana? Fa go le jalo, kwala lebaka leo fa tlase fano go sa kgathalesege gore o tsaya gore le a utlwala kana ga le utlwale. ․․․․․
O akanya gore mabaka a mangwe a a lo kgaogantseng ke afe? ․․․․․
Fa o akanya ka se se diregileng, a go sengwe se gongwe o ka bong o se dirile gore dilo di se ka tsa felela ka tsela eno? Fa go le jalo, ke eng? ․․․․․
A se se diregileng se go bontshitse dilo dingwe tse o ka ratang go tokafatsa mo go tsone gore o gole mo semoyeng kgotsa mo maikutlong? ․․․․․
Fa go na le sengwe se o ka ratang go se fetola, ke eng se o ka se fetolang mo nakong e e tlang fa o ratana le mongwe? ․․․․․
[Setshwantsho mo go tsebe 223]
Go kgaogana le mongwe yo o mo ratang go tshwana le ntho e e botlhoko—go botlhoko, mme fa nako e ntse e ya, go a fola