Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?

Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?

Kgaolo 18

Nka Fenya Jang go Gatelelwa Maikutlo Kwa Sekolong?

“Ke ne ke tle ke gatelelwe mo maikutlong tota kwa sekolong mo gantsi ke neng ke ikutlwa e kete nka lela ka bo ka goa ka nako e le nngwe.”—Sharon.

“Kgatelelo ya maikutlo kwa sekolong ga e fokotsege fa o ntse o gola—mabaka a a dirang gore o ikutlwe o gateletswe mo maikutlong ke one a a fetogang.”—James.

A O AKANYA gore batsadi ba gago ga ba tlhaloganye gore o ikutlwa o gateletswe maikutlo go le kana kang kwa sekolong? Ba ka nna ba go bolelela gore ga o na sekoloto se o se duelang, lelapa le o tshwanetseng go le tlamela kgotsa mothapi yo o tshwanetseng go mo kgotsofatsa. Le fa go ntse jalo, gongwe o akanya gore fa o le kwa sekolong o gateletswe mo maikutlong fela jaaka batsadi ba gago—kgotsa go ba feta.

Go ya sekolong le go boa ka bogone fela go ka go gatelela mo maikutlong. Tara yo o nnang kwa United States a re: “Gantsi go nna le dintwa mo beseng ya sekolo. Mokgweetsi o tla bo a ema mme rotlhe re bo re tshwanelwa ke go fologa. Rotlhe re bo re nna thari ka halofo ya ura kgotsa go feta.”

A go ikutlwa o gateletswe mo maikutlong go a fokotsega fa o tsena kwa sekolong? Le e seng! Gongwe o lebane le maemo a a latelang:

Kgatelelo ya maikutlo e e bakiwang ke barutabana.

“Barutabana ba me ba batla gore ke dire sentle thata mo dithutong tsa me, mme ke tshware maduo a a kwa godimo ka mo nka kgonang ka teng, ka jalo ke ikutlwa ke patelesega go ba kgatlha.”Sandra.

“Barutabana ba gatelela bana gore ba dire sentle mo dithutong, bogolo jang fa moithuti a na le bokgoni bongwe.”April.

“Tota le fa o na le mekgele e e molemo e o ipeetseng yone mo botshelong, barutabana bangwe ba dira gore o ikutlwe o se na mosola fa o sa latelele mekgele e bone ba akanyang gore o tshwanetse go e fitlhelela.” *Naomi.

Kgatelelo ya maikutlo e e bakiwang ke barutabana e go ama jang?

․․․․․

Kgatelelo ya maikutlo e e bakiwang ke balekane.

“Kwa sekolong se segolwane, bana ba na le kgololesego e kgolwane e bile ba tsuologa thata. Fa o sa dire se ba se dirang, ba tsaya gore o saletse kwa morago.”Kevin.

“Letsatsi le letsatsi, ke lebana le kgatelelo ya go nwa bojalwa le go tlhakanela dikobo. Ka dinako tse dingwe go thata go fenya keletso ya go batla go dira se ba se dirang.”Aaron.

“E re ka jaanong ke le dingwaga di le 12, kgatelelo e kgolo e ke lebanang le yone ke ya go intsha le mongwe. Mongwe le mongwe kwa sekolong o mpotsa gore, ‘O tla nna o se na motho yo o intshang le ene go fitlha leng?’”—Alexandria.

“Ke ne ke gatelelwa gore ke intshe le mosimane mongwe. Fa ke gana go intsha le ene, ba ne ba mpitsa ‘gay.’ Mme ka nako eo ke ne ke na le dingwaga di le lesome fela!”Christa.

Kgatelelo ya maikutlo e e bakiwang ke balekane e go ama jang?

․․․․․

Dilo tse dingwe tse di dirang gore o gatelelwe mo maikutlong. Tshwaya ka ✔ go lebagana le se se go amang thata—kgotsa o se kwale.

□ Ditlhatlhobo tse di tlang

□ Tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae

□ Mekgele e e kwa godimo e batsadi ba e lebeletseng mo go wena

□ Go tshela go dumalana le mekgele e e kwa godimo e o e ipeetseng

□ Go kgerisiwa kgotsa go tshwenngwa ka tlhakanelodikobo

□ Tse dingwe

Ditsela di le Nnè Tsa go Fokotsa Kgatelelo ya Maikutlo

Boammaaruri ke gore o ka se ka wa lebelela gore o fetse sekolo o ise o lebane le mofuta mongwe wa go gatelelwa mo maikutlong. Gone mme go gatelelwa thata mo maikutlong go ka ngomola pelo. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Moreri 7:7) Mme ga o a tshwanela go letla seo se go diragalela. Selo sa botlhokwa ke go ithuta kafa o ka lebanang ka gone le kgatelelo ya maikutlo ka tsela e e molemo.

Go fenya kgatelelo ya maikutlo go tshwana le go tsholetsa ditshipi. Gore motho yo o tsholetsang ditshipi a atlege, o tshwanetse gore a ipaakanye go sa le gale. Ga a tsholetse ditshipi tse di boima thata tse a ka se kang a di kgona, e bile o di tsholetsa ka tsela e e tshwanetseng. Fa a dira jalo, o tiisa mesifa ya gagwe a sa ikgobatse mo mmeleng. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa a sa dire jalo, a ka nna a gobatsa mosifa mongwe kgotsa a ithoba lerapo.

Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka kgona go fenya kgatelelo ya maikutlo e o lebanang le yone mme wa fitlhelela tiro e o batlang go e dira o sa ikgobatse. Jang? Dira dilo tse di latelang:

1. Lemoga se tota se bakang kgatelelo. Seane se se botlhale sa Baebele sa re: “Fa o bona mathata a tla, o se ka wa nna sematla mme wa a ralala fela—nna botlhale mme o iphitlhe.” (Diane 22:3, Contemporary English Version) Sa ntlha, o tshwanetse go itse gore ke eng se se ka tswang se go bakela kgatelelo ya maikutlo e e ngomolang pelo, gore o kgone go iphitlhela yone. Ka jalo, leba kwa morago mo ntlheng e o tshwaileng ka ✔ go lebagana le yone. Ke selo sefe se se bakang kgatelelo ya maikutlo se se go amang thata gone jaanong?

2. Dira dipatlisiso. Ka sekai, fa e le gore o gatelelwa maikutlo ke tiro e ntsi ya sekolo e e direlwang kwa gae, batlisisa ka dikakantsho tse di fitlhelwang mo Kgaolo 13 ya Bolumo 2.. Fa o ikutlwa o na le kgatelelo ya go kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le moithutikawena, o ka bona kgakololo e e molemo gape mo  . Fa o ikutlwa o na le kgatelelo ya go kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le moithutikawena, o ka bona kgakololo e e molemo gape mo  . Fa o ikutlwa o na le kgatelelo ya go kopanela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le moithutikawena, o ka bona kgakololo e e molemo gape mo Kgaolo 2, 5 le 15 ya yone bolumo eo.

3. O se ka wa beela dilo nako e e tlang. Ga se gantsi mathata a ka nyelelang fela ka gonne o a itlhokomolosa. Go na le moo, gantsi a nna maswe le go feta a bo a go okeletsa kgatelelo ya maikutlo. Fa o setse o dirile tshwetso ya gore o tla lebana jang le bothata bongwe, o se ka wa diega. Tsaya kgato ka yone nako eo. Ka sekai, fa o le Mosupi wa ga Jehofa mme o leka go tshela ka melao ya Baebele ya boitsholo, ipolele di sa ntse di tloga fela. Go dira jalo go ka go fokoletsa mathata. Marchet wa dingwaga tse 20 a re: “Kwa tshimologong fela ya ngwaga, ke ne ka tsosa kgang nngwe ka setlhogo se ke neng ke itse gore se tla nthusa go tlhalosa melao ya Baebele e ke tshelang ka yone. Ke ne ka lemoga gore fa ke tsaya nako e telele pele nka ba bolelela gore ke Mosupi, go ne go nna thata le go feta go dira jalo. Ruri go bua ka tumelo ya me go ne ga nthusa gore ngwaga otlhe ke kgone go tshela go dumalana le se ke se dumelang.”

4. Kopa thuso. Tota le motho yo o nonofileng thata yo o tsholetsang ditshipi, o na le mo a felelang gone. Go ntse fela jalo le ka wena. Mme gone ga o tlhoke go rwala mokgweleo o le nosi. (Bagalatia 6:2) Ke eng fa o sa bue le batsadi ba gago kgotsa Mokeresete mongwe yo o godileng semoyeng? Ba bontshe dikarabo tse o di kwadileng kwa godimo mo kgaolong eno. Ba botse gore bone ba akanya eng ka seno.

A go Na le Kgatelelo e e Siameng ya Maikutlo?

O ka nna wa fitlhela go le thata go dumela seno, mme gone kgang ya gore o a tle o ikutlwe o gateletswe mo maikutlong ke selo se se siameng. Ka ntlha yang? Seno se bontsha gore o motho yo o tlhoafetseng le gore segakolodi sa gago se sa ntse se bereka sentle. Ela tlhoko kafa Baebele e tlhalosang ka gone motho yo go lebegang go se tsapa le mo fisang pelo: “O tlile go rapama ka lobaka lo lo kae o sa dire sepe gotlhelele? O tlile go tsoga leng mme o tlogele go robala? Robala go le gonnye. Otsela go le gonnye. Phutha diatla tsa gago mme o nne o sa dire sepe. Kgabagare sengwe le sengwe se tla nyelela jaaka e kete se tserwe ke legodu le le tlhometseng.”—Diane 6:9-11, Contemporary English Version.

Heidi wa dingwaga tse 16 o sobokanya kgang eno sentle. A re: “Sekolo se ka lebega e le lefelo le le sa siamang tota mme gone dikgatelelo tse o lebanang le tsone koo, di tshwana le tse o tla lebanang le tsone fa o setse o bereka.” Gone ke boammaaruri gore go fenya kgatelelo ya maikutlo ga go motlhofo. Le fa go ntse jalo, fa e laolwa ka tsela e e tshwanetseng e ka se go ntshe kotsi. Tota e bile e ka go nonotsha.

MO KGAOLONG E E LATELANG

A go tlogela sekolo ke tharabololo ya mathata a gago?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala Kgaolo 20 ya buka eno.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

‘Latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo Modimong, ka gonne o a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

KAKANTSHO

Kgaoganya mathata a a go bakelang kgatelelo ya maikutlo ka ditlhopha di le pedi—a o ka kgonang go dira sengwe ka one, le a go seng sepe se o ka se dirang ka one. Sa ntlha, leka go rarabolola mathata a o ka kgonang go dira sengwe ka one. Go tswa foo, fa o rarabolotse mathata ao—fa e le gore go ka kgonega—o tla bo o na le nako e ntsi ya go akanya ka mathata a o ka se kang wa kgona go a fedisa.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go robala ka mo go lekaneng bosigo bongwe le bongwe—gongwe diura di ka nna robedi—ga go go thuse fela gore o kgone go fenya go gatelelwa mo maikutlong mme gape go tokafatsa tsela e o gakologelwang dilo ka yone.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke kgone go fenya go gatelelwa mo maikutlong, ke ikaeletse gore fa go kgonega Ke tla ya go robala ka ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng fa go nna le maikutlo a gore ga o a tshwanela go dira diphoso go ka dira gore o gatelelwe mo maikutlong le go feta?

● O tla bua le mang fa o ikutlwa o gateletswe thata mo maikutlong?

[Mafoko a a mo go tsebe 132]

“Letsatsi le letsatsi rre o ne a tle a rapele le nna pele ga a ntlogela kwa sekolong. Ka metlha seno se ne se dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile.’’—Liz

[Setshwantsho mo go tsebe 131]

Fela jaaka go tsholetsa ditshipi ka tsela e e tshwanetseng go ka go nonotsha mo mmeleng, go lebana le kgatelelo ya maikutlo ka tsela e e tshwanetseng go ka go nonotsha mo maikutlong