Genesise 18:1-33

  • Baengele ba bararo ba etela Aborahame (1-8)

  • Sara o solofediwa go nna le morwa; o a tshega (9-15)

  • Aborahame o rapelela Sodoma (16-33)

18  Morago ga moo, Jehofa+ o ne a iponatsa kwa go Aborahame mo gare ga ditlhare tse dikgolo tsa Mamere,+ fa a ne a ntse fa kgorong ya tente ka nako ya fa letsatsi le fisa thata.  O ne a tsholetsa matlho mme a bona banna ba le bararo ba eme kgakalanyana le ene.+ Fa a ba bona, o ne a taboga a tswa fa kgorong ya tente a ya go ba kgatlhantsha mme a inamela fa fatshe a ikoba.  Foo o ne a re: “Jehofa, fa e le gore o nkamogetse, tsweetswee o se ka wa feta motlhanka wa gago.  Tsweetswee, mma go tlisiwe metsinyana mme lo tlhapisiwe dinao;+ go tswa foo lo ikhutse ka fa tlase ga setlhare.  E re ka lo tlile mo motlhankeng wa lona, mma ke lo tlisetse thathana ya senkgwe gore lo itapolose.* Morago ga moo, lo ka tswelela ka loeto lwa lona.” Foo ba ne ba mo raya ba re: “Go siame. O ka nna wa dira jaaka o buile.”  Ka jalo, Aborahame o ne a itlhaganelela kwa tenteng kwa go Sara mme a mo raya a re: “Itlhaganele! Tsaya bupi jo bo boleta jwa dimmanki di le tharo,* o dube tlhama o bo o dira dinkgwe.”  Morago ga moo, Aborahame o ne a sianela kwa motlhapeng mme a tlhopha powana e e boruma e e siameng a bo a e naya motlhokomedi mme le ene a itlhaganela a ya go e tlhaba a bo a e apaya.  Go tswa foo, o ne a tsaya botoro le mashi le powana e a neng a e apeile mme a baya dijo fa pele ga bone. Foo o ne a tswelela a eme fa go bone ka fa tlase ga setlhare fa ba ntse ba ja.+  Ba ne ba mo raya ba re: “Sara+ mosadi wa gago o kae?” O ne a ba araba a re: “O mo tenteng!” 10  Ka jalo, mongwe wa bone o ne a mo raya a re: “Ruri ke tla boela mo go wena ngwaga o o tlang ka yone nako eno, mme Sara mosadi wa gago o tla nna le ngwana wa mosimane.”+ Jaanong Sara o ne a reeditse a le fa kgorong ya tente, e e neng e le ka fa morago ga monna yono. 11  Aborahame le Sara ba ne ba tsofetse, ba na le dingwaga di le dintsi.+ Sara o ne a setse a fetile dingwaga tsa go tshola bana.*+ 12  Ka jalo, Sara o ne a tshega a le nosi, a re: “Ke setse ke tsofetse jaana e bile morena wa me le ene a setse a tsofetse, a ruri ke tla itumelela seno?”+ 13  Foo Jehofa o ne a raya Aborahame a re: “Ke ka ntlha yang fa Sara a ne a tshega a bo a re: ‘A tota ke tla kgona go tshola ngwana ke setse ke tsofetse jaana?’ 14  A go na le sengwe se se ka palelang Jehofa?+ Ke tla boela mo go wena ngwaga o o tlang ka yone nako eno e e tlhomilweng, mme Sara o tla nna le ngwana wa mosimane.” 15  Mme Sara o ne a ganela a re: “Ga ke a tshega!” ka gonne o ne a tshogile. Foo o ne a mo raya a re: “Nnyaa! o tshegile.” 16  Fa banna bano ba ne ba emelela ba tsamaya mme ba ya ntlheng ya Sodoma,+ Aborahame o ne a tsamaya le bone a ba buledisa.* 17  Jehofa o ne a re: “A ke fitlhela Aborahame se ke tlileng go se dira?+ 18  Aitsane, ruri Aborahame o tlile go nna setšhaba se segolo le se se maatla, mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofadiwa* ka ntlha ya gagwe.+ 19  Ka gonne ke mo tlhophile* gore a tle a laele bomorwawe le ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe gore ba boloke tsela ya ga Jehofa, ka go dira se se siameng le ka go diragatsa tshiamiso,+ gore Jehofa a tle a diragatse se a se solofeditseng Aborahame.” 20  Foo Jehofa o ne a re: “Go na le selelo se segolo ka ga Sodoma le Gomora,+ e bile boleo jwa bone bo a boitshega.+ 21  Ke tla ya teng gore ke bone gore a ba dira go ya ka fa selelong se ke se utlwileng. Mme fa go sa nna jalo, ke tla kgona go itse.”+ 22  Go tswa foo, banna bano ba ne ba tswa koo ba ya Sodoma, mme Jehofa+ ene a sala le Aborahame. 23  Foo Aborahame o ne a mo atamela a bo a re: “A ruri o tla nyeletsa basiami le batho ba ba bosula?+ 24  A re tseye gore go na le batho ba ba siameng ba le 50 mo motseng. A o tla nyeletsa batho botlhe mo motseng oo? A ga o kitla o ba itshwarela ka ntlha ya ba ba siameng ba ba 50, ba ba mo go one? 25  Go ka se direge gore o dire jalo, o bolaye motho yo o siameng le yo o bosula gore motho yo o siameng le yo o bosula ba diragalelwe ke se se tshwanang!+ O ka se dire jalo.+ A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe a ka se dire se se siameng?”+ 26  Foo Jehofa o ne a re: “Fa nka fitlhela batho ba ba siameng ba le 50 mo Sodoma, ke tla itshwarela motse otlhe ka ntlha ya bone.” 27  Mme gone Aborahame o ne a araba gape a re: “Tsweetswee Jehofa, ntetle gore ke tswelele ke bue, le fa gone ke le lorole le molora fela. 28  A re tseye gore mo go ba le 50 ba ba siameng go tlhaela ba le batlhano. A o tla senya motse otlhe ka ntlha ya batho bao ba batlhano?” O ne a mo raya a re: “Fa nka fitlhela ba le 45 mo go one ga nkitla ke o senya.”+ 29  Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a bua le ene gape a re: “A re tseye gore go fitlhelwa ba le 40.” Modimo o ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke dira jalo ka ntlha ya ba ba 40.” 30  Mme o ne a tswelela a re: “Tsweetswee Jehofa, o se ka wa nkgalefela,+ ntetle gore ke tswelele ke bue: A re tseye gore go fitlhelwa ba le 30.” O ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke dira jalo fa ke fitlhela ba le 30.” 31  Mme o ne a tswelela a re: “Tsweetswee Jehofa, ntetle gore ke tswelele ke bua: A re tseye gore go fitlhelwa ba le 20.” Mme ene o ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba 20.” 32  La bofelo o ne a re: “Tsweetswee Jehofa, o se ka wa nkgalefela, mma ke bue la bofelo: A re tseye gore go fitlhelwa ba le lesome.” Mme ene o ne a mo araba a re: “Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba lesome.” 33  Fa Jehofa a sena go bua le Aborahame o ne a tsamaya,+ mme Aborahame ene o ne a boela kwa legaeng la gagwe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “lo nonotshe dipelo tsa lona.”
Seheb., “dilekanyo tsa sea.” Sea e lekana le 7,33 L. Bona Dintlha B14.
Seheb., “Sara o ne a sa tlhole a diragalelwa ke mokgwa wa basadi.”
Kgotsa “felegetsa.”
Kgotsa “itshegofatsa.”
Seheb., “ke a mo itse.”