Fetela kwa tshedimosetsong

Tlolaganyo ke Eng?

Tlolaganyo ke Eng?

Karabo ya Baebele

 Tlolaganyo ke moletlo o Bajuda ba neng ba o keteka go gopola nako ya fa Modimo a ne a ba golola mo bokgobeng kwa Egepeto ka 1513 B.C.E. Modimo o ne a ba laela gore ba tswelele ba keteka letsatsi leo ngwaga le ngwaga ka di 14 tsa kgwedi ya Sejuda e e bidiwang Abibe e morago e neng ya bidiwa Nisane.—Ekesodo 12:42; Lefitiko 23:5.

Goreng e bidiwa Tlolaganyo?

 Lefoko “Tlolaganyo” le kaya nako ya fa Modimo a ne a bolaya maitibolo a Baegepeto a bo a tlola matlo a Baiseraele a sa bolaye maitibolo a bone. (Ekesodo 12:27; 13:15) Pele Modimo a dira seo, o ne a laela Baiseraele gore ba tlhabe konyana kgotsa podi ba bo ba gasa madi a teng mo dikgorong tsa bone. (Ekesodo 12:21, 22) Modimo o ne a tla bona letshwao leo a bo a “tlola” matlo a bone.—Ekesodo 12:7, 13.

Tlolaganyo e ne e dirwa jang mo metlheng ya Baebele?

 Modimo o ile a naya Baiseraele ditaelo tsa gore ba keteke moletlo wa Tlolaganyo jang. a Baebele e tlhalosa dilo dingwe tse di neng di dirwa fa go ketekwa moletlo wa tlolaganyo.

  •   Setlhabelo: Mo letsatsing la bolesome la kgwedi ya Abibe (kgotsa Nisane), malapa a ne a tlhopha konyana (kgotsa podi) e e nang le ngwaga, ba bo ba e tlhaba ka letsatsi la bo14. Fa Bajuda ba ne ba keteka Tlolaganyo ya bone ya ntlha, ba ile ba gasa madi a phologolo eo mo dikgorong tsa bone, go tswa foo ba bo ba e besa e feletse le go e ja.—Ekesodo 12:3-9.

  •   Dijo: Gape Baiseraele ba ne ba ja dikuku tse di se nang sebediso le merogo e e galakang.—Ekesodo 12:8.

  •   Moletlo: Morago ga Tlolaganyo, Baiseraele ba ne ba fetsa malatsi a le supa ba keteka Moletlo wa Dikuku Tse di sa Bedisiwang mme mo nakong eo yotlhe, ba ne ba ja dikuku tse di se nang sebediso.​—Ekesodo 12:17-20; 2 Ditiragalo 30:21.

  •   Thuto: Batsadi ba ne ba dirisa nako ya moletlo oo go ruta bana ba bone ka Jehofa Modimo.​—Ekesodo 12:25-27.

  •   Maeto: Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba ne ba ya kwa Jerusalema go ya go keteka moletlo wa Tlolaganyo.—Duteronome 16:5-7; Luke 2:41.

  •   Meetlo e mengwe: Mo motlheng wa ga Jesu, go ne go nowa beine e bile go opelwa ka nako ya moletlo wa Tlolaganyo.—Mathaio 26:19, 30; Luke 22:15-18.

Dikgopolo tse di phoso ka Tlolaganyo

 Kgopolo e e phoso: Baiseraele ba ne ba ja dijo tsa Tlolaganyo ka Nisane 15.

 Boammaaruri: Modimo o ile a laela Baiseraele gore ba tlhabe konyana fa letsatsi le sena go tikela ka Nisane 14 ba bo ba e ja mo go jone bosigo joo. (Ekesodo 12:6, 8) Baiseraele ba ne ba bala letsatsi go tloga ka nako ya fa le tikela maitseboa go fitlha mo maitseboeng wa letsatsi le le latelang. (Lefitiko 23:32) Ka jalo, Baiseraele ba ne ba tlhaba konyana le go ja dijo tsa Tlolaganyo fa letsatsi la Nisane 14 le simolola.

 Kgopolo e e phoso: Bakeresete ba tshwanetse go keteka Tlolaganyo.

 Boammaaruri: Fa Jesu a sena go keteka moletlo wa tlolaganyo ka Nisane 14 ka 33 C.E., o ne a tlhoma moletlo o mosha o o bidiwang Sejo sa Morena sa Maitseboa. (Luke 22:19, 20; 1 Bakorintha 11:20) Sejo seno se ile sa emisetsa Tlolaganyo ka gonne ka letsatsi leo re gopola setlhabelo sa ga “Keresete tlolaganyo ya rona.” (1 Bakorintha 5:7) Setlhabelo sa ga Jesu se botlhokwa thata go feta setlhabelo se se neng se ntshiwa ka moletlo wa Tlolaganyo ka gonne se golola batho botlhe mo boleong le mo losong.—Mathaio 20:28; Bahebera 9:15.

a Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse tsamaya, dilo dingwe di ile tsa tlhoka go fetolwa. Ka sekai, Baiseraele ba ile ba keteka Tlolaganyo ya ntlha ba ‘potlakile’ ka gonne ba ne ba tshwanetse go tswa mo Egepeto. (Ekesodo 12:11) Mme fa ba sena go tsena mo lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone, ba ne ba sa tlhole ba tlhoka go e keteka ba potlakile.